Go Tla Abiwa Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi e e Tshwanelang Sentlentle mo Lefatsheng Lotlhe
1 Ka Sontaga, ka April 23, go tla bo go neelwa puo ya phatlalatsa e e kgethegileng ka setlhogo se se gapang maikutlo se se reng “Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse.” Kwa bowelong jwa pokano ya letsatsi leo, go tla gololwa pampitshana ya ditsebe tse nne ya Dikgang Tsa Bogosi e e tla dirang gore motho a akanye. Molaetsa wa yone o o tshwanelang sentlentle o tla anamisiwa mo lefatsheng lotlhe mo dibekeng tse tharo tse di simololang ka April 24 go tla go fitlha ka May 14.
2 Batho ba tlhakane ditlhogo mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Go sa kgathalesege gore ba nna kae, ba na le mathata. Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi e tla kgatlha batho ba ba tshwenyegileng tota gore go diragalang, ka gore e tla ba lebisa mo Lefokong la Modimo jaaka thuso e e boikanngo e e ka kaelang batho. (Pes. 119:105) Rotlhe re solofetse go itseela pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi fa e gololwa ka April 23. Fa re santse re letile, go na le tiro e ntsi e re tshwanetseng go e dira ya go baakanyetsa letsholo le legolo leno la dibeke tse tharo.
3 Kgothaletsa Botlhe go Nna Matlhagatlhaga mo Tirong Eno: Ke bomang ba ba ka dirang tiro eno? Kwantle ga pelaelo, mongwe le mongwe yo e setseng e le mmoledi o tla nna le keletso e e nonofileng ya go dira jalo! Go tweng ka baithuti ba Baebele ba ba nnang teng ka metlha mo dipokanong tsa phuthego? Bangwe ba setse ba na le nako e teletsana ba kopanela le rona e bile ba ntse ba gatela pele ba sa kgaotse. Fa e le gore matshelo a bone a dumalana le melaometheo ya Dikwalo, a ba ka tshwanelegela go nna baboledi ba Bogosi? Mmoledi yo o tshwarang thuto ya Baebele a ka nna a tlotla kgang eno le moithuti, mme fa e le gore moithuti o rata go nna le seabe mo tirelong ya tshimo, bagolwane ba babedi ba ka sekaseka le ene tshedimosetso e e mo ditsebeng 98 le 99 mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona. Ba tshwanetse go dira seno ka bonako ka mo ba ka kgonang ka teng gore batho ba ba tshwanelegang go nna baboledi ba ba sa kolobediwang ba tle ba kgone go nna le seabe ka botlalo mo letsholong leno. Baithuti ba Baebele ba ba iseng ba tshwanelege go nna baboledi ba ba sa kolobediwang le bone ba ka kgothalediwa gore ba anamise pampitshana eno ya Dikgang Tsa Bogosi e e tshwanelang sentle mo ditsaleng kana mo go ba malapa a bone.—Bona Tora ya Tebelo ya November 15, 1988, tsebe 17, serapa 8.
4 Tiro eno ga e boima; mongwe le mongwe a ka kgona go e dira. Batsadi ba ka ipha nako ya go ithapisa ka go akaretsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi gore e nne karolo ya thuto ya bone ya Baebele ya lelapa ya beke le beke gore mongwe le mongwe mo lelapeng a bo a ipaakanyeditse sentle gore a kgone go ka e tsamaisa ka ntlo le ntlo. Gantsi go botoka go e tsamaisa ka puisano e e motlhofo. Morago ga go rola kgang ka bokhutshwane, tsamaisetsa mongantlo pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi, mme o mo kgothaletse gore a e bale. Fa beng ba matlo ba kgatlhega, kwala seo gore o tle o kgone go boa gore o oketse kgatlhego ya bone. (1 Bakor. 3:6, 7) Gore o tle o atlege, ke gore o nne le puisano e e motlhofo, e e baakanyeditsweng sentle.
5 Go tla bo go na le ‘mo gontsi mo go ka dirwang’ ka April le May. Mo tokololong ya kgwedi e e tlang ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, go tla bo go na le tshedimosetso e e oketsegileng mo tsenyeletsong ya setlhogo se se reng “Go dira mo gontsi mo tirong ya Morena.”—1 Bakor. 15:58, NW.