Tsamaisa Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 Gongwe le Gongwe
1 Rotlhe Re Tla Bo Re Tshwaregile Thata Ka Dikgwedi Tsa October Le November. Ka Malatsi A Ntlha A A 11 A October, Re Tla Tsamaisa Dimakasine Tsa Tora Ya Tebelo Le Tsogang! Morago Ga Moo, Go Simologa Ka Sontaga, October 12, Go fitlha Ka Sontaga, November 16, Re Tla Kopanela Mo Tirong E E Tla Bong E Dirwa Lefatshe Ka Bophara Ya Go Tsamaisa Pampitshana Ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Re Tla Bo Re Na Le Tshiamelo Ya Go Isa Molaetsa O O Botlhokwa Ono Kwa Bathong Botlhe Mo Lefelong La Rona. Molaetsa Ono O Araba Potso E E Reng, “A Batho Botlhe Ba Tla Tsamaya Ba Ratana?” Ka Nako Ya Letsholo Leno Le Le Kgethegileng, Re Tla Tsamaisa Pampitshana Ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 Mo Gare Ga Beke. Ka Mafelobeke, Mo Godimo Ga Go Tsamaisa Pampitshana Ya Dikgang Tsa Bogosi, Re Tla Tsamaisa Le Dimakasine Tsa Bosheng.
2 Ke Bomang Ba ba Ka Nnang le Seabe? Jaaka tlwaelo, bagolwane ba tla bo ba di goga kwa pele mo tirong eno. Mongwe le mongwe o itumelela go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi, mme ga go na pelaelo gore ba le bantsi ba baboledi ba tla ikwadisetsa bobulatsela jo bo thusang ka kgwedi e le nngwe kana tsoopedi tsa letsholo leno. Baboledi ba bangwe ba tla batla go dirisa nako e e fetang e ba e dirisang ka dinako tse dingwe mo bodireding.
3 A o na le motho yo o ithutang le ene Baebele yo o setseng a le kgakala ka thuto ya gagwe mo bukeng ya Kitso e bile a tloga a tshwanelega go nna le seabe mo tirelong ya tshimo? Gongwe a ka nna mmoledi yo o sa kolobediwang go sa le gale gore a tle a nne le seabe mo letsholong la go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Go tlhokega motlotlo o o motlhofo fela go buelela pampitshana eno. Ka sekai, motho a ka nna a re: “Molaetsa ono o botlhokwa thata jaana mo e leng gore mo kgweding eno o anamisiwa mo lefatsheng lotlhe ka dipuo di le 169. Ke tla rata gore o nne le khopi ya gago ka namana.” Le e leng bana ba babotlana ba ka nna le seabe se se molemo mo tirong eno e e kgatlhisang.
4 Batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go kgothaletsa mongwe le mongwe mo setlhopheng sa bone gore ba nne le seabe ka botlalo mo go tsamaiseng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Go ka nna ga bo go na le baboledi bangwe ba ba sa tlholeng ba tswela tshimong ba ba ka nnang le seabe gape mo tshimong fa ba ka fiwa kgothatso e ba e tlhokang. Pele ga letsholo leno, bagolwane ba tshwanetse go etela mongwe le mongwe wa batho bano go bona gore ke eng se ba ka se dirang go ba thusa go bereka le baboledi ba ba nang le maitemogelo mo karolong eno ya bodiredi.
5 Re ka Kopana Leng go ya Tshimong? Tiro eno yotlhe e tla batla gore go nne le dithulaganyo tse di ka kgonang go tshegediwa le tse di molemo tsa go neela bosupi lo le setlhopha. Fa go kgonega, dipokano tsa tirelo di tshwanetse go rulaganyetswa letsatsi lengwe le lengwe la beke, ka mafelobeke le maitseboa. Di tshwanetse go tshwarwa ka dinako tse di tla kgontshang baboledi le babulatsela go nna le seabe ka botlalo mo nakong eo ya go neela bosupi. Go ka dirwa le dithulaganyo tse dingwe mo thapameng gore bana ba ba tsenang sekolo, batho ba ba berekang ka dinako tse di rileng tsa letsatsi le ba bangwe ba solegelwe molemo ke tsone. Molebedi wa tirelo o tshwanetse go tlhomamisa gore go na le lefelo le legolo le go tla berekiwang ka ntlo le ntlo mo go lone le tshimo ya dikgwebo gore botlhe ba kgone go nna le seabe ka botlalo mo tirong eno. Koo go nang le baboledi ba le bantsi mo lefelong leo gone, ba tshwanetse go sekaseka gore ke ba le kae ba ba tla berekang mo karolong e e rileng ya tshimo.
6 Go Tweng ka Koo go sa Fitlhelwang Batho Gone? Re batla go bua le beng ba matlo ba bantsi ka mo re ka kgonang ka gone go ba tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go bala pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35. Ka jalo, fa go se na ope mo ntlong e re e etetseng, kwala aterese mme o boele gape ka nako e nngwe ya letsatsi. Fa o ise o kgone go kopana le beng ba matlo ao mo bekeng ya bofelo ya letsholo leno, o ka nna wa tlogela pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi mo ntlong eo mo lefelong le e se kitlang e bonwa gone ke batho ba ba fetang ka tsela. Kwa go nnang batho gone, nnang podimatseba go naya batho ba ba fetang ka tsela pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Fa lo bereka tshimo e e sa abiwang, metseselegaeng kana mo tshimong e kgolo go feta e lo ka e berekang ka nako ya letsholo leno, lo ka nna lwa tlogela pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi mo loetong lwa ntlha kwa go se nang batho gone.
7 Maikaelelo a Rona ke Eng? Diphuthego di tshwanetse go leka go tsamaisa dipampitshana tsotlhe tsa bone tsa Dikgang Tsa Bogosi mo tshimong yotlhe ya bone pele letsholo leno le fela ka November 16. Fa tshimo e e abetsweng phuthego ya lona e le kgolo thata mme go siame gore motho a bereke a le esi go na le gore a bereke le mongwe, lo ka nna lwa bona go le molemo go dira jalo. Seno se tla dira gore o kgone go fitlhelela ba le bantsi ba ba tshwanelang ka dikgang tse di molemo. (Math. 10:11) Tlhomamisang gore lo kwale sentle botlhe ba ba ileng ba bontsha kgatlhego.
8 A o Setse o Siametse go Simolola? Bagolwane ba tshwanetse go bona gore phuthego e tla tlhoka dimakasine tse kae tse di oketsegileng mme ba di otare. Ga tla romelwa dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi No. 35 kwa phuthegong nngwe le nngwe. Babulatsela ba ba kgethegileng, ba ka metlha le ba ba thusang mongwe le mongwe wa bone o tla fiwa dipampitshana di le 250 gore ba di tsamaise, fa mongwe le mongwe wa baboledi ba phuthego a tla fiwa di le 50 gore a di tsamaise. Re setse re abetswe tiro ya rona. A o tlhoafaletse go nna le seabe mo tirong eno e e itumedisang? O tshwanetse wa bo o sa kgona go leta. A re tsamaiseng molaetsa o o botlhokwa ono o o tswang mo Baebeleng o o mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 gongwe le gongwe fa re ka kgonang teng!