Kgoro e Kgolo e e Isang Kwa Tirong e Butswe
1 Jaaka moreri yo o tlhoafetseng wa dikgang tse di molemo, Paulo o ne a senka ka tlhoafalo mafelo a go neng go na le tlhokafalo e kgolwane kwa go one, Efeso e le nngwe ya one. Teng koo o ne a atlega thata mo go rereng mo a ileng a kwalela Bakeresetekaene jaana: “Ke buletswe kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.” (1 Bakor. 16:9) Paulo o ne a tswelela go direla mo tshimong eo mme a thusa Baefeso ba le bantsi go nna badumedi.—Dit. 19:1-20, 26.
2 Gompieno re buletswe kgoro e kgolo e e isang kwa tirong. Go sa ntse go na le diphuthego di le dintsi tse di sa kgoneng go bereka tshimo ya tsone ka botlalo ngwaga le ngwaga. Fa phuthego ya lona e ka rata go thusa, tsweetswee buang le molebedi wa potologo kana lo kwalele Mokgatlho. Ka jalo, maiteko a rona a ka tlosa go tlhaela go go leng teng mo mafelong mangwe.—Bapisa 2 Bakorintha 8:13-15.
3 A o Ka Direla Kwa go Nang le Tlhokafalo e Kgolwane Gone? A o kile wa go akanyetsa ka thapelo go direla kwa lefelong le lengwe? Gongwe o ka thusa phuthego nngwe gone mo motseng wa lona. Ke eng fa o sa buisane le molebedi wa lona wa potologo ka kgang eno mme o utlwe gore a reng? Kana go ka direga gore mo go yone tshimo ya phuthego ya lona, go bo go na le batho ba ba bosusu kana ba ba buang puo e nngwe ya lefelo leo ba ba iseng ba kgone go tlhokomelwa ke ope. Gore bano ba tlhokomelwe, a o ka leka go ithuta puo ya bone? Mme gape, gongwe go setse go na le setlhopha kana phuthego ya puo e nngwe e e gaufi e e ntseng e ‘lopa Mong gore a romele badiri ba bangwe ba Bogosi.’ (Math. 9:37, 38) Fa go ntse jalo, a o ka kgona go thusa?
4 Mo masomeng a dingwaga a a sa tswang go feta, diketekete tsa malapa a Bakeresete di ile tsa fudugela kwa mafelong a mangwe kana le e leng kwa dinageng tse dingwe go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go roba. Banyalani bangwe ba ba ileng ba dira seno ba ile ba re: “Re ne re batla go direla Jehofa koo re neng re ka kgona go thusa thata gone.” Fa o eletsa go dira seno e bile maemo a go letla go fudugela kwa lefelong le lengwe gone mo nageng eno kana fa o tshwanelega go direla kwa nageng e nngwe, tlotla pele le bagolwane ba phuthego ya gago ka maikaelelo a gago.
5 Re rulaganya go ntsha lenaane la mafelo a go nang le tlhokafalo e kgolwane kwa go one. Mme fa o sa ntse o letile, fa o rata go botsa Mokgatlho ka koo go nang le tlhokafalo gone, naya Komiti ya Tirelo ya Phuthego lekwalo o bolela keletso ya gago. Ba tla kwala dikakgelo tsa bone mme ba le romele kwa Mokgatlhong. Mme le fa go ntse jalo, fa kgoro e kgolo ya tiro e sa ntse e bulegile, e kete rotlhe re ka tswelela go tshwarega mo tirelong ya ga Jehofa.—1 Bakor. 15:58.