Fitlhelela Balekane ba Lenyalo ba e Seng Basupi
1 Go itumedisa thata fa banyalani ba le mmogo mo kobamelong ya boammaaruri. Le fa go ntse jalo, mo malapeng a le mantsi ke a le mongwe fela wa banyalani yo o amogetseng tsela ya boammaaruri. Re ka fitlhelela jang balekane bano ba e seng Basupi mme re ba kgothaletse go direla Jehofa mmogo le rona?—1 Tim. 2:1-4.
2 Tlhaloganya Tsela e ba Akanyang ka Yone: Le fa balekane bangwe ba lenyalo ba e seng Basupi ba ka nna ba ganetsa, gantsi bothata ke go sa kgatlhege kana go sa tlhaloganye. Motho a ka nna a ikutlwa a tlhokomologilwe kana a ka nna a fufegela tsela e molekane wa gagwe a kgatlhegelang dilo tseno tse disha tsa semoya ka yone. “Ke ne ke ikutlwa ke latlhilwe fa ke tlogetswe ke le nosi mo ntlong,” go gakologelwa jalo monna mongwe yo o nyetseng. Yo mongwe a re: “Ke ne ke ikutlwa e ke te mosadi wa me le bana ba me ba ne ba ntlogela.” Banna bangwe ba ka nna ba akanya gore ba senyegelwa ke malapa a bone ka ntlha ya bodumedi. (Bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1990, ditsebe 20-3.) Ke ka moo go leng botoka gore, fa go kgonega, monna yo o nyetseng a akarediwe mo thulaganyong ya thuto ya Baebele ya legae le mosadi wa gagwe di sa ntse di tloga fela.
3 Dirang lo le Setlhopha: Banyalani bangwe ba Basupi ba ile ba atlega go bereka mmogo ba thusa banyalani bangwe go tsena mo boammaaruring. Fa kgaitsadi a sena go simolola thuto le mosadi, mokaulengwe ene o ne a tle a etele monna wa gagwe. Gantsi o ne a kgona go simolola thuto le monna.
4 Nna Botsalano le go Amogela Baeng: Malapa mo phuthegong a ka thusa ka go kgatlhegela malapa a a iseng a nne mmogo mo kobamelong ya boammaaruri. Go etela molekane yo e seng Mosupi ka dinako dingwe go ka mo thusa go bona gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba ba botsalano, ba ba kgathalang, ba ba amegang thata ka botsogo jo bontle jwa batho ba bangwe.
5 Gangwe le gape, bagolwane ba ka tlotla ka maiteko a a dirilweng go fitlhelela balekane ba e seng Basupi mme ba bone gore ke eng se ba sa ntseng ba ka se dira ba solofetse go ba gapela kwa go Jehofa.—1 Pet. 3:1, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.