A Phuthego ya Lona E na Le Tshimo e Kgolo?
1 Go tswa kwa metseng ya Judea go ya kwa metseselegaeng ya Galalea, Jesu o ne a neela bosupi ka botlalo mo tshimong e kgolo ya Iseraele wa bogologolo. (Mar. 1:38, 39; Luke 23:5) Le rona re tshwanetse go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka gone ka dikgang tse di molemo. (Mar. 13:10) Le fa go ntse jalo, seno e ka nna kgwetlho. Ka ntlha yang?
2 Diphuthego tse dintsi di na le tshimo ya disekwere kilometara di le makgolokgolo e karolo e kgolo ya yone e leng metseselegae. Diphuthego tse di buang dipuo di sele di ka bereka mafelo a setoropo a a nang le batho ba le bantsi go batla ba ba buang puo ya bone. Ke eng se re ka se dirang go thusa batho ba ba nnang mo mafelong a magolo jalo gore ba ithute boammaaruri ka Jehofa, Jesu le Bogosi?
3 Rulaganya ka Kelotlhoko: Molebedi wa tirelo le motlhanka wa tshimo ba tshwanetse go okamela se phuthego e se dirang gore go nne le matswela a a molemo. Gongwe go ka rulaganngwa gore go nne le bo-Matlhatso ba ba rileng ba ka bone bontsi bo ka kgonang go bereka letsatsi lotlhe. Fa lo bereka masimo a a kgakala, rulaganyetsang go bereka letsatsi lotlhe mo tirelong ya tshimo fa go kgonega, lo bo lo tseye dijo tsa motshegare. Lo ka nna lwa kopana go sa le gale fa lo ya tirelong go dira gore lo nne le nako ya go tsaya loeto kgotsa ya go tshwarela pokano ya tirelo ya tshimo gaufi le fa lo tlileng go bereka gone. Koloi nngwe le nngwe e nne le batho ba ba lekaneng gore ba kgone go nna le matlo a mantsi go a bereka. Rulaganyang go bereka tshimo ya metseselegae ka dipaka tse maemo a loapi le boemo jwa ditsela di siameng ka tsone.
4 Ba ba berekang tshimo ya dipuo di sele ba ka boloka nako e e botlhokwa ka go nna le lenaane la maina a batho, diaterese le mmapa wa bosheng. Rulaganyang masimo gore setlhopha se se yang tshimong se kgone go fitlhelela batho mo lefelong leo lotlhe.
5 Tlhomamisang gore lo tsamaya lo tshotse dikgatiso tse di lekaneng. Fa tshimo eo e berekwa sewelo, lo ka tlogela dipampitshana kgotsa dimakasine tsa bogologolo mo matlong a go se nang ope mo go one. Fa e le gore pampitshana ya A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele? e teng ka puo ya lona, lo e neye mongwe le mongwe yo lo kopanang le ene mme lo tlogele e le nngwe mo ntlong nngwe le nngwe e go se nang batho kwa go one.
6 Dirisanang Sentle Mmogo: Go bereka tshimo e kgolo go tlhoka gore mongwe le mongwe mo phuthegong a nne le tirisanommogo. Fa lo ya kgakala, ba ba tsamayang mmogo ba ka thusana ka ditshenyegelo tsa go tshela lookwane. Lo tshwanetse go nna le temogo fa lo fitlhela beng ba matlo ba ba ratang go bua. Lo nne lo akantse ka go fitlhelela botlhe mo tshimong, mme lo akanyetse ba lo tsamayang le bone ka koloi ba ba lo letetseng. Fa lo rata go tsweledisa motlotlo ka boleele le motho yo o kgatlhegang, a lo ka se dire dithulaganyo tsa gore ba bangwe ba tswelele mo tirelong ya tshimo?
7 Dirang dithulaganyo tsa gore lo boele kwa go ba ba kgatlhegang. Le fa o na le aterese ya motho yo o kgatlhegang, leka go tsaya nomoro ya gagwe ya founo gore o tle o ikgolaganye le ene mme o mo neele bosupi jo bo oketsegileng ka founo. Fa mebila ya metseselegae e se na maina kgotsa matlo a se na dinomoro, tshwantsha mmapa ka kelotlhoko kgotsa o kwale kafa o ka kgonang go gakologelwa ka teng kwa motho yo o kgatlhegang a nnang teng fa o dira loeto lwa go boela.
8 Re na le tshiamelo e kgolo ya go diragatsa ditaelo tsa ga Jesu: “Mo motseng le fa e le ofe o lo tsenang mo go one kgotsa motsana, batlisisang gore ke mang mo go one yo o tshwanetseng”! (Math. 10:11) Ruri Jehofa o tla segofatsa maiteko a lona fa lo ntse lo intsha setlhabelo mo tirong eno e e nang le matswela!