Fa Batho ba Seyo mo Gae
1. Ke bothata bofe jo bo tlwaelegileng fa re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo?
1 Mo mafelong a le mantsi go nna thata le go feta go fitlhela batho mo gae. Mo ‘dinakong tseno tsa mathata,’ ba le bantsi ba patelesega go bereka diura tse di telele gore ba kgone go itshedisa. (2 Tim. 3:1) Bangwe ba ka ne ba seyo mo gae ba ile kwa mabenkeleng kgotsa ba ile go itlosa bodutu. Re ka fitlhelela jang batho bano ka dikgang tse di molemo?
2. Re ka tlhomamisa jang gore go tla boelwa gape kwa matlong a a se nang batho?
2 Boloka Direkoto Tse di Siameng: Kgato ya ntlha ke go kwalwa matlo a a se nang batho. Seno se botlhokwa thata fa o bereka tshimo ya gago gangwe le gape. A o kwala leina la seterata, nomoro ya karata ya tshimo, leina la gago le letlha? O ka nna wa tlogela mo o tla kwalang dintlha tse di oketsegileng gone fa wena kgotsa mmoledi yo mongwe a boa go tla go bereka matlo a a se nang batho. Fa o fetsa go neela bosupi, gakologelwa go neela motho yo o nang le karata ya tshimo rekoto kgotsa dintlha ka tshimo eo, ntle le fa a dumela gore wena o bereke matlo a a se nang batho. Dirisa pampiri e nngwe go kwala batho bape ba ba kgatlhegang ba o tla boelang kwa go bone.
3. Ke dikakantsho dife tse re ka di dirisang go fitlhelela batho ba ba seyong mo gae?
3 Leka Nako e Sele: Gongwe bangwe ba ba neng ba seyo mo gae motshegare ba ka ne ba le gone mo gae maitseboa kgotsa ka mafelobeke. A o ka kgona go itirela thulaganyo ya gore o boele kwa go bone ka nako e e tshwanetseng? (1 Bakor. 10:24) Fa o sa kgone, o ka nna wa neela mmoledi mongwe yo a ka kgonang go boela ka nako e sele dinomoro tsa matlo a a se nang batho. Go seng jalo, o ka nna wa kwalela ba ba neng ba seyo mo gae kgotsa wa leka go buisana le bone ka founo. Baboledi ba ba sa kgoneng go dira go le kalo mo tirong ya ntlo le ntlo ka ntlha ya mathata a botsogo ba ka itumelela go go thusa ka seno.
4. Ke eng se se bontshang botlhokwa jwa go boela gape kwa matlong a a se nang batho?
4 Kgang nngwe e bontsha botlhokwa jwa go leka go kopana le batho ba ba seyong mo gae. Fa baboledi ba sena go etela kwa legaeng lengwe gantsi ka dingwaga di le tharo, kgabagare ba ne ba kgona go kopana le mong wa ntlo. Go ne ga fitlhelwa gore o ne a ntse a letile ka nako eo yotlhe gore Mosupi mongwe a mo etele gore a simolole gape thuto ya Baebele e a neng a na le yone pele ga a fudugela mo lefelong leo.
5. Ke leng tshimo e tsewang e feditswe?
5 Fetsa Tshimo: Ke leng tshimo e tsewang e feditswe? Gantsi, ke fa go dirilwe maiteko a go kopana le mongwe mo legaeng lengwe le lengwe. Go ka tshwanela go tlogela pampitshana kgotsa makasine wa bogologolo mo o ka se bonweng ke batho ba ba fetang ka tsela mo matlong a a se nang batho, segolobogolo mo ditshimong tse di sa berekiweng gangwe le gape. Tshimo e tshwanetse go fediwa mo dikgweding di le nnè. Morago ga moo karata ya tshimo e tshwanetse go busiwa gore motlhanka wa tshimo a kgone go siamisa direkoto tsa gagwe.
6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go fitlhelela mongwe le mongwe mo tshimong ya rona ka dikgang tse di molemo?
6 Re batla batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone gore ba nne le sebaka sa go ithuta go bitsa leina la ga Jehofa mme ba bolokwe. (Bar. 10:13, 14) Seno se akaretsa batho ba go diregang gore ba bo ba seyo mo magaeng a bone fa re eta ka ntlo le ntlo. Jaaka moaposetoloi Paulo, dira gore e nne keletso ya gago go ‘naya bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.’—Dit. 20:24.