Letsholo le le Kgethegileng ka October 16–November 12!
1 “Bokhutlo Jwa Bodumedi Jwa Maaka bo Atametse!” Seo ke setlhogo sa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 37, e e tla anamisiwang mo lefatsheng lotlhe go simolola ka kgwedi e e latelang. Mo dibekeng tsa ntlha tsa October, re tla tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Go simolola ka Mantaga, October 16, go fitlha ka Sontaga, November 12, re tla nna le seabe mo go anamiseng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 37. Ka mafelobeke ka nako ya letsholo leno, re tla tsamaisa pampitshana eno le dimakasine tsa bosheng.
2 Ke Bomang Ba ba Ka Nnang le Seabe: Botlhe ba ba rerang dikgang tse di molemo ka tlhoafalo ba tshwanetse go nna le seabe ka botlalo. Bangwe ba tla kgona go tsaya bobulatsela jo bo thusang. A o na le bana kgotsa baithuti ba Baebele ba ba gatelang pele semoyeng? Ba thuse go buisana le bagolwane go bona gore a ba tshwanelegela go nna baboledi ba ba iseng ba kolobediwe. Bagolwane ba tshwanetse go tsaya matsapa a go buisana le baboledi ba ba tsidifetseng go ba kgothaletsa go nna le seabe, gongwe ba bereke mmogo le baboledi ba ba nang le maitemogelo.
3 Go rometswe dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi No. 37 kwa diphuthegong tsotlhe gore baboledi le babulatsela ba newe dipampitshana di ka nna 50. Batho ba ba kgatlhegang ba ba iseng ba nne baboledi ba ka nna ba newa dipampitshana di le tlhano go di abela ba malapa a bone le ditsala. Botlhe ba tshwanetse go bala palo ya dipampitshana tse ba di tsamaisang mme ba kwale palo eno kafa morago ga dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa October le November. Mokwaledi o tla kwala palo yotlhe ya dipampitshana tse di tsamaisitsweng ke phuthego a bo a itsise ofisi ya lekala kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe. Dipampitshana tse di setseng tsa Dikgang Tsa Bogosi fa letsholo leno le sena go fela di ka nna tsa dirisiwa mo bodireding.
4 Kafa Re ka E Buelelang ka Gone: Dira gore puisano ya gago e nne khutshwane, e re ka seno se tla dira gore re kgone go anamisa molaetsa ono thata. O ka nna wa re: “Ke thusa setšhaba ka go nna le seabe mo go anamiseng molaetsa ono o o botlhokwa o o anamisiwang mo lefatsheng lotlhe. Pampitshana ya gago ya mahala ke eno. O e bale tsweetswee.” Go ka nna molemo gore o se ka wa tshola beke ya tshimo. Tlhomamisa gore o kwala maina a batho ba ba kgatlhegang.
5 Kafa lo ka Berekang Tshimo Yotlhe ya Lona ka Gone: Go na le gore lo anamise dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi mo tirong ya mmila, tlhomang mogopolo mo go rereng ka ntlo le ntlo le mo tshimong ya kgwebo kafa go ka kgonegang ka gone. Diphuthego di kgothalediwa go fetsa go bereka tshimo e e sa abiwang ka October 15 gore di tlhome mogopolo mo go berekeng tshimo ya tsone go simolola ka October 16. Pampitshana eno ga e a tshwanela go tsamaisiwa kwa tshimong e e sa abiwang. Kwala matlo a a se nang batho, mme o leke go boela ka nako e sele kgotsa ka letsatsi le sele mo bekeng. Go simolola ka Mantaga, November 6, re ka nna ra tlogela pampitshana e le nngwe kwa matlong a a senang batho. Le fa go ntse jalo, fa phuthego e na le tshimo e ntsi thata e e ka se kang ya wediwa mo nakong e e beilweng, bagolwane ba ka nna ba swetsa ka gore dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi di tshwanetse go tlogelwa kwa matlong a a senang batho ka nako ya letsholo leno lotlhe.
6 Go senngwa ga “Babelona o Mogolo” go atamela ka bonako. Batho ba tlhoka go tswa mo go ene pele a senngwa gotlhelele. (Tshen. 14:8; 18:8) Dira dithulaganyo gone jaanong go nna le seabe ka botlalo mo letsholong leno la lefatshe lotlhe go itsise botlhe gore bokhutlo jwa bodumedi jwa maaka bo atametse!