LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/93 ts. 8
  • Mosola wa Bibela mo Lefatsheng la Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mosola wa Bibela mo Lefatsheng la Gompieno
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bontsha Mosola wa Lefoko la Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Baebele—buka E Modimo A E Dirisang Go Kaela Batho Botlhe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Thaya Motheo mo Loetong Lwa Gago Lwa Ntlha
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Buka e e Neelang Kaelo ya Boammaaruri
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 11/93 ts. 8

Mosola wa Bibela mo Lefatsheng la Gompieno

1 Batho ba le bantsi gompieno ba leba Bibela jaaka buka e e siilweng ke nako le e e seng boammaaruri. Lefa gone e le buka e e anamisitsweng ka bontsi jo bogolo e bile e le yone e e ranotsweng go feta epe mo hisitoring yotlhe, ke basekaenyana fela ba ba sa ntseng ba e bala, e bile ke ba le mmalwa fela ba ba dirisang kgakololo ya yone.

2 Ga go a nna jalo ka rona, re tsaya Bibela jaaka Lefoko la Modimo. Mabaka a bontsha gore e boammaaruri mo go tsa hisitori. Mo godimo ga moo, tsela e e dumelanang ka yone, dipolelelopele tsa yone, botlhale jwa yone, le go bo e na le maatla a go thusa batho mo matshelong a bone, gotlhe go bontsha gore Bibela e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo.’ (2 Tim. 3:16) Kitso e re nang le yone ka namana le go itumelela mpho eno e e gakgamatsang go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re kgothatse ba bangwe gore ba tlhatlhobe mosola wa yone wa mmatota.

3 Mokgwa o mongwe e ka nna ono:

◼ “Ka ntlha ya mathata a a masisi a batho ba lebaneng le one, batho ba le bantsi ba bona go le thata go dumela mo Modimong, kana ba belaela gore a Modimo o tla kgona go rarabolola mathata a re lebaneng le one. O ikutlwa jang ka seo? [Mo neye sebaka sa go araba.] Ela tlhoko setlhogo sa pampitshana eno, e e reng Lebaka La Go Bo O Ka Ikanya Bibela.” Mmontshe setshwantsho se se kafa ntle, go tswa foo o bo o bala serapa sa ntlha le sa bobedi mo tsebeng 2. Fa mong wa ntlo a bontsha kgatlhego, o ka nna wa bala le go tlotla ka dikwalo tse di nopotsweng mo serapeng sa bobedi. Dira dithulaganyo tsa go mmoela go ya go sekaseka pampitshana eno go ya pele—gongwe o dirisa sengwe sa ditlhogwana, ka tsela ya dipotso, gore o tsose kgatlhego.

4 Mokgwa o mongwe e ka nna sengwe se se tshwanang le seno:

◼ “A ga o dumelane le lebaka la gore batho ba tlhoka go kaelwa gore ba ka rarabolola mathata a botshelo jang? [Mo neye sebaka sa go araba.] Mo nakong e e fetileng, gantsi batho ba ne ba ya kwa Bibeleng gore e ba kaele, mme lefa go ntse jalo metlha e fetogile. A o akanya gore Bibela e mosola thata gompieno? [Mo neye sebaka sa go araba.] Ela tlhoko se se boletsweng mo go 2 Timotheo 3:16. [E bale.] Ga se gore Lefoko la Modimo le le kwadilweng le re thusa mo go direng ditshwetso ka botlhale fela mme gape le re neela tsholofelo e e ka ikanngwang kaga isagwe.” Bala Yohane 17:3. Tlhalosa ntlha e le nngwe e e kgethegileng kana di le pedi tse o di tlhophileng mo bukeng ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? go bontsha kafa Bibela e leng mosola ka gone.

5 O ka nna wa bona go thusa tota go dirisa dingwe tsa diketapele tse di bontshitsweng mo tsebeng 10 ya buka ya Go Fetolana tlase ga setlhogwana se se reng “Bibela/Modimo.” Go na le tshedimosetso e e oketsegileng e e neetsweng mo ditsebeng 62-72 e e ka nnang ya go thusa go araba dipotso tse di bodiwang ke beng ba matlo kana go fenya dikganetso tsa bone.

6 Go Tsamaisa New World Translation: Batho ba le bantsi ba kgatlhegela go nna le thanolo ya segompieno ya Bibela ya Seesemane. Ke ka ntlha yang o sa ba tsamaisetse kopi ya New World Translation? Fa o tshwere kopi ya gago ka namana, o ka ba bontsha dikarolo dingwe tse di thusang tsa New World Translation. O ka gatelela ntlha e le nngwe kana di le pedi mo tsebeng 308-12 mo bukeng ya Go Fetolana. Itsise mong wa ntlo gore o ka itumelela go mo tlogelela New World Translation mmogo le buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R15,00. Gape go ka nna ga bo go na le baithuti bangwe ba sekolo se segolwane ba ba ka ratang go nna le kopi eno ya New World Translation.

7 Nna o butse matlho gore o bone sebaka sa go kgothatsa batho go bala Bibela. Thusa batho ba ba kgatlhegang gore ba tlotle Lefoko la Modimo le le kwadilweng le go le rata. Fa re dirisa melaometheo ya lone mo matshelong a rona ka namana le go itse boammaaruri, ba tla bona melemo e le mentsi gone jaanong le mo isagweng.—Pes. 119:105.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela