LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/15 ts. 30-31
  • Dikhuduego ga di Kake tsa Thibela Mafoko a a Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikhuduego ga di Kake tsa Thibela Mafoko a a Molemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/15 ts. 30-31

Dikhuduego ga di Kake tsa Thibela Mafoko a a Molemo

LETSATSI lengwe ka February o o fetileng, Venezuela e ne ya itsise ka ditsamaiso tse disha tse di sa bolong go lebelelwa tsa ikonomi. Ditlhwatlhwa di ne di tlile go isiwa kwa godimo go feta diperesente di le lekgolo mo dijong tsa botlhokwa tse di jaaka mashi, boupe jwa senkgwe, le senkgwe. Ditlhwatlhwa tsa peterole di ne di tla oketsega ka diperesente tse 90. Ditlhwatlhwa tsa dipalangwa di ne di letlilwe go ya kwa godimo ka diperesente tse 30. Naga yotlhe e ne e gakgametse. Ka bonako fela, ka Mantaga, ka February 27, batho ba morafe otlhe ba ne ba tsosa dikhuduego.

Mo mosong o o latelang, dilo di ne tsa fitlha kwa setlhoeng ka go senngwa le go gapiwa ka dikgoka. Go ne go utlwala medumo ya ditlhobolo mo mafelong a le mmalwa. Ba babotlana le ba bagolo ba ne ba tsamaya mo mebileng, kwa morago ga bone ba ne ba tlogela motlhala wa tshenyo o o neng o tshwana fela le wa lefelo le le sentsweng ke ntwa.

Mo thapameng eo, tautona wa naga eo o ne a bolela gore go tla nna le melao ya tshoganyetso mme o ne a kgaosetsa tiriso ya molaotheo wa naga ka malatsi a le lesome. Go ne ga tlhomiwa molao wa tshipi wa gore go seka ga tsamaiwa fa gare ga dioura tsa 6:00 p.m. le 6:00 a.m. Mo letsatsing le le latelang, tona ya tsa itshireletso e ne ya bolela gore molao oo wa tshipi o tla tswelela o ntse o dira go fitlha go dirwa kitsiso e nngwe. Masole a ne a dirisa maatla a one go laola mebila, go tsena mo matlong ba sa letlelelwa, le go emisa batho le go ba phuruphutsa. “Mo malatsing a mararo a dikhuduego tseo go ne ga swa batho ba le makgolo a mabedi mme ga gobala ba le sekete,” go ne ga bega jalo pampiri nngwe ya dikgang.

Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di tswelela jang mo nakong e e masisi eo? Bakaulengwe ba ne ba gakololwa jaana: Nnang botlhale mme lo tile mafelo a a nang le dikhuduego. Fetolang dinako tsa lona tsa dipokano go dumalana le melao ya tshipi, tilang go rera ka ditlhopha tse dikgolo. Lefa go le jalo, go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi go ne ga tswelela.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

Monna yo o sa dumeleng wa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a tshwenyegile thata ka pabalesego ya gagwe fa a ne a ka tswela kwantle go ya go rera, ka gone o ne a mo thibela gore a seka a ya gope. “Ga o tlhaloganye gore ke na le boikarabelo jo ke tshwanetseng go bo diragatsa,” kgaitsadi o ne a mmolelela jalo. “Fa go ntse jalo jaanong tla kwano! Ke tlile go ithuta Bibela le wena!”

E ne e le lantlha monna yono a dumela go nna le go ithuta Bibela mo dingwageng tse 22 tsa fa mosadi yono e ntse e le Mosupi. Lefa go le jalo monna yono o ne a mo raya a re: “Go siame, fela fa o ka ntsholofetsa gore ga o kitla o tswela kwa ntle. Mme o seka wa mpotsa dipotso, mpalela fela.” Lefa go ntse jalo, kgaitsadi o ne a ithuta le ene ka nako ya oura le sephatlo. “E ne e le thuto e e gaisang tota, e e gaisang tsotlhe tse ke kileng ka nna le tsone mo dingwageng tse 22 ke ntse ke le mo boammaaruring,” o ne a bua jalo, dikeledi di ntse di tshologa mo matlhong a gagwe.

Mo lekgetlong le lengwe, mmulatsela wa ka metlha o ne a ntse a feela ka kwantle ga legae la gagwe fa a ne a atamelwa ke mosadi mongwe yo a neng a seka a reetsa Basupi fa ba etetse kwa ntlong ya gagwe. “Ga ke tlhole ke bona Basupi ba rera moragonyana jaana,” mosadi a bua jalo. “Lo seka lwa nthaya lwa re ga lo tlhole lo tla rera gape!”

Kgaitsadi o ne a tlhalosa gore ba ne ba emisitse go rera ka ntlo le ntlo fela ka ntlha ya dikhuduego. “Mme letsatsi le tla tla leo re tla sekang re tlhola re rerela batho gape, mme seo se tla raya gore bokhutlo jwa lefatshe bo gorogile,” kgaitsadi a bua jalo. “O tshwanetse go dirisa tshono eno jaanong mme o amogele thuto ya Bibela ya legae.”

“Re ka dira dithulaganyo leng?” ga botsa jalo mosadi yoo ka bonako. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go simolola thuto ya Bibela ya legae gone fela foo.

Ka mo go itumedisang, dikhuduego di ne tsa khutla, mme seo se ne sa letla gore dilo mo nageng eno di boele gape kwa tlwaelong. Lefa go le jalo, mo maemong ao go neng go na le dikhuduego ka one, re ne re gomodiwa ke go itse gore go ise go e kae go tla tloga go nna le lefatshe je lesha je le nang le thetebalo le polokesego. Lefoko la Modimo le solofetsa jaana: “Re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” (2 Petere 3:13) Mme Basupi ba ga Jehofa ba tla tswelela ba ntse ba rera mafoko a a molemo a Bogosi fela fa Modimo o santse o ba letlile.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Dikhuduego ga di a ka tsa thibela baboledi ba Bogosi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph by Publicaciones Capriles, Caracas, Venezuela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela