LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/15 ts. 26-29
  • Nako ya Thobo mo Nageng ya Dikgapetla le Kapoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako ya Thobo mo Nageng ya Dikgapetla le Kapoko
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Go Simolola
  • Ba ba Oketsegileng ba a Goroga
  • Kgabagare Thobo ya Bonwa!
  • Go Etela Tshimo ya Greenland
  • Thobo e a Tswelela
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/15 ts. 26-29

Nako ya Thobo mo Nageng ya Dikgapetla le Kapoko

GREENLAND, setlhaketlhake se se di fetang tsotlhe mo lefatsheng, eleruri ke naga ya dikgapetla le kapoko. Karolo e kgolo ya setlhaketlhake seno se se ka nnang bogolo jwa dikilometara di le 2 700 e kwa bokone jwa Arctic Circle mme ka metlha se apesiwa ke dikgapetla tse di ka nnang boteng jwa dikilometara di le 1,5. Dikarolo tse dingwe tsa Greenland di khurumediwa ke kapoko ka dikgwedi di le robedi le go feta mo ngwageng. Go bolelwa gore baribolodi ba pele ba Viking ba ne ba se bitsa Greenland go oka baagi. Lefa go ntse jalo, mo nakong ya selemo se sekhutshwane, dikarolo tse dingwe tse di fa lotshitshing di tshwanela leina leno.

Fa e le dikgakologo, lewatle le le gatsetseng kafa bokone-botlhaba jwa Greenland le a phatloga, mme go tswa dikgapetla tse dikgolo. Dikgapetla tseno di fologela kwa lotshitshing lo lo kafa botlhaba, go dikologa Cape Farewell, le mo karolong ya tsela e e yang kwa lotshitshing lo lo kafa bophirima, mme di dira go tsamaya mo lewatleng go nna bokete ka dikgwedi di le dintsi. Mo nakong ya mariga, lewatle le le dikologileng bogolo jwa setlhaketlhake seno le a gatsela, mme le kgaoganya batho le dikarolo tse dingwe tse di nang le baagi. Tota-tota, dikgapetla ke tsone di okameng lewatle, le tsela ya batho ya botshelo. Ga go dumelesege gore a tota go na le sengwe se se ka robiwang mo nageng eno.

Go Simolola

Baesekimo ba ngwao ya Se-Inuit ba ile ba nna mo Greenland jaaka batsomi ka makgolokgolo a dingwaga. Moruti mongwe wa Molutere Hans Egede o ne a tla mo Greenland jaaka morongwa ka 1721. Moragonyana, Moravian Mission o ne o setse o le gone mo mathibelelong a a farologaneng. Bangwe ba barongwa ba bone ba ne ba ranolela dibuka tse dingwe tsa Bibela mo puong ya Se-Greenland, mme ba boloka leina la Modimo ka sebele, eleng Jehofa, mo dithanolelong tsa bone. Mme fa esale ka 1900, ke Kereke ya Lutere fela ya Se-Denmark e e ileng ya nna ya dira mo Greenland.

Ka 1953, fa Greenland e santse e le kolone ya Denmark, go ne ga diragala ditiragalo tse di botlhokwa. Go ya ka Molaotheo o Mosha wa Denmark o o neng wa tlhongwa mo ngwageng oo, ditlhopha dingwe kwantle ga Kereke ya Lutere di ne tsa letlelelwa gape mo Greenland. Ka gone, ka January 1955, Basupi ba babedi ba ga Jehofa ba ne ba goroga go tswa kwa Denmark jaaka barongwa. Kabelo ya bone e ne e le lotshitshi lo lo kafa borwa-bophirima lo lo bogolo jwa sekgala sa dikilometara di le 2 000, koo go nnang mo e ka nnang Ba-Greenland botlhe—ebong baagi ba ba ka nnang 27-000, bao bontsi jwa bone e leng batsomi le batshwari ba ditlhapi.

Kristen Lauritsen, mongwe wa Basupi ba babedi bano, o gakologelwa jaana: “Re ne re sa itse Se-Greenland mo go kalo, mme re ne re na le keletso e e nonofileng ya go ruta Ba-Greenland boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Re ne re na le dipampitshana di sekae ka Se-Greenland, mme buka ‘Mahoko a a Molemō a, a Bogosi’ e ne ya goroga moragonyana mo ngwageng oo wa ntlha.” Ba ne ba dira tiro ya bone ya go rera jang?

“Kwa tshimologong re ne re dirisa dikarata tse di kwadilweng go tlhalosa boikaelelo jwa loeto lwa rona. Moragonyana re ne ra ithuta mela e sekae ka tlhogo. Go tsamaya fa gare ga ditoropo tseno gantsi go ne go dirwa fela ka mekorwana mme ebile go sa tlhomama, ka go tlhomiwa ga dinako go ne go sa itsiwe. Re ne re tlhola re tshwarwa ke bolwetsi jwa go tsamaya mo lewatleng. Re ne re na le bothata gape jwa go bona mafelo a re ka nnang kwa go one. Gantsi re ne re tshwanela go nna mo tenteng eo ka metlha re neng re e tshola le morwalo wa rona.”

Mme go ne go duela. Ba-Greenland ke batho ba ba botsalano ba ba amogelang baeng. Ke ga tlholego fela mo go bone go dumela mo Modimong le go tlotla Bibela. Mo e ka nnang ntlo nngwe le nngwe e na le Bibela e e feletseng ka puo ya koo. Kristen o gakologelwa gore ka nako nngwe mosetsanyana yo monnye o ne a tla kwa go bone ka lokwalonyana lo lo neng lo re: “Fa lo ise lo bone lefelo kwa lo ka nnang gone, lo ka tla go nna le rona.” Lelapa leno le ne la ba thusa gape go bona lefelo leo mo go lone ba neng ba baakanyetsa go supa nngwe ya dibaesekopo tsa Mokgatlho gone.

Ba ba Oketsegileng ba a Goroga

Malapa mangwe go tswa kwa Denmark a ne a simolola go ya kwa Greenland ka 1961 go ya go direla koo go nang le tlhokego e kgolwane ya Basupi gone. Ba ne ba dira maiteko a a gakgamatsang go ithuta puo e e neng e le thata tota ya Se-Greenland le go itshokela go kgaogana le badumedi-ka-bone. Ba ne ba tshwara dipokano ka metlha mme ba nna ba ntse ba nonofile mo tumelong le mo tirong ya bone ya Bokeresete. Maiteko a bone e ne e se a lefela. Mo go one ngwaga oo go ne ga tlhongwa diphuthego tse pedi tsa ntlha mo Greenland, nngwe kwa moshateng Nûk (Godthåb) mme e nngwe kwa Qaqortoq (Julianehåb), kwa borwa. Basupi ba ne ba ipela tota fa bangwe ba Ba-Greenland ba ba neng ba fudugetse kwa Scandinavia ba kolobediwa.

Go ne ga goroga banyalani ba ba tlhaga ba babulatsela ba ba kgethegileng ba le mmalwa, ka bo-1970, go tla go etelela tiro ya bosupi pele. Ka 1973, Tora ya Tebelo le buka Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng di ne di setse di le teng ka Se-Greenland. Ka ba ne ba tlhomeletswe jalo, babulatsela ba ne ba tsamaya mo lotshitshing, ba etela ditoropo le metse, ba jala peo ya boammaaruri ka bontsi. Tiro ya go rera e ne ya fitlha e le lantlha kwa lotshitshing lo lo kwa thoko lo lo kwa botlhaba go dikologa Ammassalik (Angmagssalik). Abo go ne go ipedisa jang ne fa kgabagare Mo-Greenland mongwe a amogela boammaaruri mo go one ngwaga oo!

Kgabagare Thobo ya Bonwa!

Jaaka dithuso tse dingwe tsa go ithuta Bibela di ne di gatisiwa ka puo ya mo lefelong leo, go ne ga tsamaisiwa dibuka di le dintsi. Ka sekai, go ne go tlwaelegile gore Basupi ba sekae ba ba neng ba dira mo tshimong e e sa abiwang ka dibeke di sekae ba tsamaise dibuka tse di ka nnang 300 go ya go 400, le dibukana tse dintsi fela jalo, le dimakasine tse 1 000, ba bo ba bone dipeeletso di le 60 kana 70.

Ka ntlha ya go jala le go nosetsa, ‘Modimo o ne wa ntsha maungo’ fa gare ga Ba-Greenland ba ba tsholetsweng koo le Ba-Denmark ba ba nnang kwa Greenland. (1 Bakorintha 3:5-7) Gompieno go na le baboledi ba Bogosi ba le 117 ba ba direlang mo diphuthegong tse supa le setlhopha se le sengwe se se kwa thoko, tseo di gasameng mo nageng eno ya dikgapetla le kapoko. A re kopaneng le bangwe ba ba ba dirang ka natla koo.

Go Etela Tshimo ya Greenland

Lefelo le le siameng go simolola kwa go lone ke phuthego nngwe e e kwa borwa, kwa Qaqortoq (Julianehåb). Go ne ga tla malapa a le matlhano go tswa kwa Denmark go tla go direla fano. Bangwe ba bone ba ne ba dira ka natla go ithuta puo ya Se-Greenland gore ba kgone go supela Ba-Greenland ba ba sa tlhaloganyeng Se-Denmark. Flemming, monna yo o nang le lelapa ebile e le mmulatsela (mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi) mo phuthegong eno, o bua jaana: “Tshimo ya rona e kgolo. E akaretsa metsana e mentsi ya batshwari ba ditlhapi le merakana ya barui ba dinku mo meeding e e tsenelelang mo lefatsheng go bapa le lotshitshi lo lo kwa borwa.” Ba dirisa mekorwana ya bone, Basupi ba dira maeto a bokgakala jwa dikilometara di le 640 go etela batho ba ba nnang kwa mafelong a a kwa thoko ano.

Morago ga go tsamaya dioura di le tharo ka mokorwana go ralala meedi ya lewatle e e kgatlhisang e e tsenelelang mo lefatsheng re fitlha fa phuthegong e e latelang, kwa Narsaq. Fano go nna lelapa le le losi la baboledi ba le banè ba Bogosi. Lefa ba le kwa thoko, ba kgona go thusana le go agelelana mo semoyeng ka mekgwa e e molemo ya go ithuta le go arola ka metlha mo dipokanong le mo bodiheding jwa tshimo.

Jaanong re pagama sekepe se se rwalang bapagami fela sa mo lotshitshing se se tlang fano beke le beke fa e le dikgwedi tsa selemo. Loeto lono lwa dioura di le 24 lo re isa kwa Paamiut (Frederikshåb), koo go nang le Basupi ba le lesome. Mme fa re le sekgala sa halofo go ya koo, re feta motsana oo go nang le baboledi ba babedi ba Bogosi gone. Mongwe wa bone, Ane Marie, o na le morwa kwa Nûk yo a neng a ithuta boammaaruri dingwaga di le mmalwa tse di fetileng mme a simolola go mo supela ka mogala le ka go mo kwalela. O ne a anaanela se a neng a se mmolelela. Ka go bala sengwe le sengwe se se neng se le gone ka Se-Greenland le go reetsa ditheipi tse di nang le Basupi ba ba bolelang boitemogelo jwa bone ba mo Greenland, Ane Marie o ne a amogela boammaaruri. A le dingwaga tse di fetang 60 ebile a sa tshegediwa ke phuthego epe mo lefelong leo, o ne a atlega go tlogela tlwaelo ya gagwe ya dingwaga tse di ka nnang 50 ya go goga motsoko, a bo a emisa go keteka Keresemose le malatsi a matsalo, mme a simolola go supa mo motseng oo otlhe. Ka ntlha ya maiteko a gagwe ka bopelotelele le sekao sa gagwe se se molemo go na le batho ba ba ka nnang lesome ba ba phuthegang ka metlha go tla go ithuta Bibela le go reetsa dipokano tse di theipilweng.

Fa re tloga mo Paamiut, loeto lwa dioura tse 14 ka mokorwana mo lewatleng le le sa iketlang re fitlha kwa Nûk. Mo moshateng ono wa baagi ba ba 13 000, go na le phuthego ya baboledi ba le 43, mme ba ba fetang nngwe-tharong ya bone ke Ba-Greenland. Dipokano tsa beke le beke di kopantse Se-Denmark le Se-Greenland, seo eleruri eleng kgwetlho mo ditlhopheng tsa dipuo tsoopedi.

Fa re boela kwa sekepeng se se rwalang bapagami fela sa mo lotshitshing, re tsaya loeto lwa dioura di le robedi leo le re isang kwa Maniitsoq (Sukkertoppen). Fano malapa a le manè a Ba-Denmark a dira mmogo le baboledi ba sekae ba kwa lefelong leo. Ba akareditse tshimo ya mo toropong ba bile ba tsamaisitse dibuka tse dintsi tsa Bibela mo eleng gore ntlo nngwe le nngwe ya bobedi e na le sekaelo sa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela ka Se-Greenland. Mme ba baakanyetsa gape le maeto a go supa ka metlha kwa metsaneng e e kwa thoko ka dikoloi tsa bone tsa mekorwana.

Fa re tswelela go leba kwa bokone, re ya kwa Sisimiut (Holsteinsborg) eo e leng sekgala sa dioura di le lesome go tloga foo. Fano go na le phuthego e e bopilweng ka malapa a matlhano a Ba-Denmark le baboledi ba sekae ba mo lefelong leo. Banyalani bangwe ba babulatsela ba ba kgethegileng go tswa fano ba etela lotshitshi lo lo kafa botlhaba nako le nako. Loeto lono lo kopanyeletsa go tsamaya ka helikopotara ka sephatlo sa oura go ya kwa boemelafofaneng, loeto lwa dioura di le pedi go ralala dikgapetla tse di fa gare, le loeto lo longwe gape lo lokhutshwane ka helikopotara go ralala boemelakepe jwa Ammassalik kafa lotshitshing lo lo kafa botlhaba. Lefelo leo le kgatlhisa eleruri—dithaba tse di leng kwa godimodimo le dikgapetla tse dikgolo tseo di tladitseng mesima e e kwa tlase. Batho ba fano ba reetsa molaetsa wa Bogosi, mme ke ba sekae fela ba ba setseng ba amogetse boammaaruri.

Morago ga go fofela kwa morago go ralala kgapetla nngwe, re ema lwa bofelo kwa Ilulissat (Jakobshavn), phuthego e e kwa kgakala kwa bokone. Ilulissat ke Se-Greenland se se rayang “thabakgapetla,” mme leina leo le a tshwanela. Gaufi le yone go na le kgapetla e e elelang e e gaisang tsotlhe mo Hemisefereng e e kwa Bokone, mme dithabakgapetla di elela gotlhe mo boemelakepeng le mo meeding e e tsenelelang mo lefatsheng, seo se dirang lefelo leo go nna le le kgatlhisang tota. Phuthego eno e dirwa ke malapa a le marataro a a tswang Denmark le Ba-Greenland ba sekae. Kwantle ga toropo ya Ilulissat le kgaolo yotlhe ya Disko Bay, tshimo ya bone ke e e kwa bokone jo bo kgakala thata jwa lefatshe eo go rerwang mo go yone, eo e fitlhang kwa motseng wa Kullorsuaq (Devil’s Thumb) gaufi le latitšhute ya dikirii tse 75 kwa bokone.

Babulatsela ba ba kgethegileng ba Ilulissat ba etela lefelo leno le le kwa kgakala ka metlha, ba supela batho ba ba leng kwa Upernavik le Uummannaq. Bo le Helen ba bega jaana: “Dikgaolo tseno tse dikgolo tse di kwa bokone e santse e le paradaise e e sa kgongwang ya Arctic. Karolo eno e na le baagi foo le foo, mme batho ba tshela thata ka go tsoma go na le ka go tshwara ditlhapi. Botshelo jwa bone bo motlhofo, mme ga ba tshwenyege thata ka isagwe. Bontsi jwa bone bo kgatlhegela dilo tsa semoya. Ba rata go reetsa molaetsa o re tlang ka one.” Ke gone go tla bonwang fa nako e ntse e tsamaya gore a batho ba ba ntseng jalo ba sekadinku ba tla phuthiwa go tla mo ‘letsomaneng’ la boammaaruri kafa tlase ga “modisa a le moñwe,” Jesu Keresete.—Yohane 10:16.

Ke babulatsela ba Ba-Denmark fela ba ba kileng ba dira mo lefelong leno, mme Ba-Greenland ba ka nna robedi kwa Nûk ba ne ba dira theipi ya video e e supang ditumelo tsa rona le tsela ya rona ya botshelo ka kakaretso. Fa babulatsela ba ne ba dirisa theipi eno mo bodiheding jwa bone jwa ntlo le ntlo, seno se ne sa dira gore batho ba bue ka gone mme ba botse dipotso tse dintsi, segolo bogolo kaga go sa ketekeng ga rona Keresemose le go sa kolobetseng ga rona masea. Re ka oketsa ka go bolela gore go ne ga tsamaisiwa dibuka tse di ka nnang 200 mo loetong lotlhe lwa dibeke di le nnè le le sa tswang go tlhalosiwa.

Thobo e a Tswelela

Go sa kgathalesege maemo a a seng monate le go tlhoka go itse puo sentle, thobo ya Bogosi e ntse e tswelela. Ba-Greenland ba bantsi ba ne ba ithuta puo ya Se-Denmark gore ba solegelwe molemo ke dipokano tsa phuthego. Lefa go ntse jalo, dipokano tse dintsi di tshwarwa ka Se-Greenland, seo se dirang gore ba bantsi ba kgone go kopanela mo phepong eno ya semoya.

Ka sekai, lefa dikopano tsa kgaolo tsa “Tshiamo ya Bomodimo” tsa 1988 di ne tsa tshwarwa ka Se-Denmark kwa Nûk, mo e ka nnang nngwe-tharong ya dipuo tsotlhe e ne ya ranolwa ka Se-Greenland. Go ne go na le palogotlhe ya ba ba 163. Baeng go tswa kwa phuthegong e e kwa kgakala go gaisa kwa borwa ya Ilulissat le ba phuthego e e kwa kgakala go gaisa kwa bokone ya Qaqortoq ba ne ba tshwanela go tsamaya malatsi a le mabedi fa ba tla le fa ba boa. Go ne ga kolobediwa ba le banè kwa kopanong eo.

Go na le ditebelelo dife ka thobo mo isagweng? Tse di molemo eleruri! Go ne go ipedisa tota go bona ba ba 205 ba ba neng ba tla kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, ka 1989. Jaanong, go tshwarwa dithuto tsa Bibela tsa magae tse di fetang lekgolo. Ee, Jehofa o segofatsa tiro e kgolo ya batlhanka ba gagwe mo lefatsheng leno la dikgapetla le kapoko.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela