Majana A A Benyang Go Tswa mo Lekwalong la Efangeli la ga Luke
MORWA wa ga Jehofa, ebong Jesu Keresete, o itsege thata jaaka yo o pelotlhomogi. Abo go tshwanela jang ne, he, go bo mokwadi wa Lekwalo leno la Efangeli ebong Luke a tshwanetse a otlelela go nna pelotlhomogi, go nna boutlwelobotlhoko le go akanyetsa ba bangwe! O ne a kwala pego e e omosang pelo eleruri e e malebana le botshelo jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, a e kwalela Bajuda le Baditšhaba ka mo go tshwanang.
Dikarolo dingwe tsa Lekwalo leno la Efangeli di bonala gore di ne di kwalwa ke motho yo o rutegileng. Ka sekai, e na le matseno a maemo a a kwa godimo le tlotlo-foko e e tseneletseng. Dintlha tseno di tshwanela ntlha ya gore Luke e ne e le ngaka e e rutegileng thata. (Bakolosa 4:14) Lemororo a ile a seka a nna modumedi go fitlhelela morago ga loso lwa ga Jesu, o ne a tsamaya le Paulo go ya kwa Jerusalema morago ga loeto lwa boraro lwa ga moaposetoloi yono lwa borongwa. Ka jalo, morago ga gore Paulo a tshwarwe koo le gore a tsenngwe mo kgolegelong kwa Kaesarea, mmatlisisi yo o dirang dilo ka kelotlhoko yono o ne a kgona go kokoanya dintlha ka go botsolotsa bao ba boneng ka matlho le ka go bala dipego tsa botlhe. (1:1-4; 3:1, 2) Lekwalo la gagwe la Efangeli le tshwanetse la bo le ile la kwalwa kwa Kaesarea ka nako nngwe fa moaposetoloi a ne a tshwerwe koo sebaka sa dingwaga di le pedi, mo e ka nnang ka 56-58 C.E.
Dingwe tsa Dikarolo Tse Di Tlhomologileng
Bobotlana dikgakgamatso di le tharo tsa ga Jesu di fitlhelwa fela mo Lekwalong la Efangeli la ga Luke. Tsone ke: go tshwarwa ga ditlhapi ka tsela e e gakgamatsang (5:1-6); go tsosiwa ga morwa motlholagadi kwa Naine (7:11-15); go fodisiwa ga mosadi yo o neng a hutagane (13:11-13); go fodisiwa ga monna yo o neng a tshwerwe ke pudulogo ya metsi (14:1-4); go phepafadiwa ga balepera ba le lesome (17:12-14); le go busediwa ga tsebe ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo.—22:50, 51.
Dilo tse dingwe gape tse di fitlhelwang fela mo pegong ya ga Luke ke dingwe tsa ditshwantsho tsa ga Jesu. Tsone di akareletsa: batho ba babedi ba ba neng ba na le melato ya madi (7:41-47); Mosamaria yo o molemo (10:30-35); setlhare sa mofeige se se sa ungweng (13:6-9); sejo se segolo sa maitseboa (14:16-24); morwa sesenyi (15:11-32); monna wa mohumi le Lasaro (16:19-31); le motlholagadi le moatlhodi yo o bosula.—18:1-8.
Ditiragalo Tse Di Amang Pelo
Ngaka Luke o ne a bontsha go amega ka basadi, bana, le batsofe. Ke ene fela yo o umakang ka go nna moopa ga ga Elisabethe, go ithwala ga gagwe, le go tsalwa ga ga Johane. Ke Lekwalo la gagwe la Efangeli leo le begang gore moengele Gabariele o ne a bonala mo go Maria. Luke o ne a tlhotlheletsega go bolela gore lesea la ga Elisabethe le ne la tlola mo sebopelong sa gagwe fa Maria a ne a bua le ene. Ke ene fela yo o bolelang ka ga go rupisiwa ga ga Jesu le go neelwa ga gagwe kwa tempeleng, koo A neng a bonwa ke Simione yo o tsofetseng le Ana gone. Ebile ke ka ntlha ya Lekwalo la Efangeli la ga Luke go bo re itse kaga bongwana jwa ga Jesu le jwa ga Johane Mokolobetsi.—1:1–2:52.
Fa Luke a ne a kwala kaga motlholagadi yo o neng a utlwile botlhoko wa Naine yo o neng a latlhegetswe ke morwawe yo o esi mo losong, o ne a bolela gore Jesu “a mo tlhomogèla pelo” mme a bo a busetsa lekawana leo botshelong. (7:11-15) Se sengwe se se begiwang fela mo Lekwalong la Efangeli ya ga Luke, ebile e le se se omosang pelo, ke tiragalo e e malebana le Sakaio, ebong mokgethesi yo mogolo. Ereka a ne a le mokhutshwane, o ne a pagama setlhare gore a bone Jesu. Abo go ne ga mo gakgamatsa jang ne fa Jesu a ne a bolela gore o ne a tla ya go nna kwa tlung ya ga Sakaio! Luke o bontsha gore loeto lono e ne e le tshegofatso e kgolo eo monna yono yo o itumetseng a neng a e amogela.—19:1-10.
Go Tswa mo Lekwalong la Ngaka
Lekwalo leno la Efangeli le na le mafoko a le mantsi ao a nang le bokao jwa tsa kalafi. Mafoko ano ga a ka a dirisiwa ka gope kana ga a ka a dirisiwa ka kgopolo ya tsa kalafi a dirisiwa ke Bakwadi ba bangwe ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Mme re ka lebelela puo ya tsa kalafi go tswa mo lekwalong la ngaka.
Ka sekai, ke Luke fela yo o neng a bolela gore mogogwadia Petere wa mosadi o ne a “chwerwe ke pobolō e kgolo ea lechoroma.” (4:38) Gape o ne a kwala jaana: “Bōnañ, monna eo o tletseñ leperō.” (5:12) Mo bakwading ba bangwe ba Makwalo a Efangeli, go ne go lekane go re lepero fela. Mme go ne go sa nna jalo ka ngaka Luke, yo o neng a bontsha gore monna yoo o ne a lwala thata.
Temogo Malebana le Meetlo
Luke o ne a bolela gore morago ga go tsalwa ga ga Jesu, Maria o ne “a mo phuthèla ka matsela.” (2:7) Go ya ka tlwaelo, lesea le le sa tswang go tsalwa le ne le tlhapisiwa mme le bo le tshasiwa letswai, gongwe e le go dira gore letlalo la lone le ome mme le nne thata. Morago ga moo lesea le ne le phuthelwa ka matsela a a phuthelang, mo go batlang go tshwana le jaaka go phuthelwa setopo. Matsela ano a ne a boloka mmele o tlhamaletse ebile o le bothitho, mme go a fetisa kafa tlase ga seledu le mo godimo ga tlhogo go ka nna ga tswa go ne go thapisa ngwana gore a heme ka dinko. Pego nngwe ya lekgolo la bo-19 la dingwaga e e malebana le yone tlwaelo e e tshwanang ya go phuthela bana ka matsela e ne ya tsopola moeti mongwe yo o neng a etetse kwa Betlelehema jaaka fa a ne a bolela jaana: “Ke ne ka tsaya sebopiwanyana seo mo matsogong a me. Mmele wa sone o ne o gagametse o sa tsikinyege, mme o ne o phuthetswe o gagamaditswe ka matsela a masweu le a a bobududu jo bo mokgona. Diatla tsa gagwe le dinao tsa gagwe di ne di gagamatse tota, mme tlhogo ya gagwe e ne e phuthetswe ka sholo e nnye, e e boleta e khibidu, eo e neng e feta kafa tlase ga seledu sa gagwe e bo e ya go feta mo phatleng ya gagwe e mennwe go sekae.”
Lekwalo la Efangeli la ga Luke gape le re lemotsha kaga meetlo ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya diphitlho. Jesu o ne a le gaufi le mojako wa Naine fa a ne a bona “go rwelwe moshwi, a isiwa kwa ntlè; ea bo e le morwa mmagwè [wa motlholagadi] eo o esi,” ebile “le batho ba le bantsi ba motse ba bo ba na le mosadi.” (7:11, 12) Gantsi phitlho e ne e direlwa ka kwantle ga motse, mme ditsala tsa moswi di ne di tsamaya le setopo. Setshegetsi e ne e le seroophate se go bonalang se ne se dirilwe ka legong mme se na le dikota tse di tswelelang mo dikhutlwaneng tsa sone tseo di neng di dira gore banna ba le bane ba kgone go se jara mo magetleng a bone fa mokoloko o ya kwa lefelong le go fitlhelwang kwa go lone.
Mo setshwantshong se sengwe seo se begilweng ke Luke, Jesu o ne a bua ka monna yo o neng a biditswe ke dinokwane. Mosamaria yo o molemo o ne a mo “hapa dinthō tsa gagwè, a di thèla loukwane le boyalwa yoa mofine.” (10:34) Eno e ne e le tsela e e tlwaelegileng ya go tlhokomela batho ba ba gobetseng. Leokwane la motlhware le ne le nolofatsa dintho ebile le di dira gore di seka tsa nna botlhoko. (Isaia 1:6) Mme go tweng ka bojalwa jwa mofine? The Journal of the American Medical Association e ne ya bolela jaana: “Bojalwa jwa mofine e ne e le setlhare se segolo kwa Gerika. . . . Hippocrates wa kwa Cos (460-370 BC) . . . o ne a dirisa bojalwa jwa mofine thata, a bo dirisa jaaka setlolo sa ntho, jaaka se se kokobetsang letshoroma, jaaka setlhare sa go ithoma, jaaka setlhare sa motlhapologo.” Setshwantsho seno sa ga Jesu se ne se lebisa go dilo tse di bolayang ditwatsi le tse di thibelang go tshelanwa ga malwetsi tse bojalwa jwa mofine bo nang natso, gammogo le ka moo lookwane lwa motlhware lo leng molemo ka gone mo go thuseng go fodisa dintho. Legale, seo setshwantsho seo se se rutang ke gore moagelani wa boammaaruri o dira dilo ka boutlwelo botlhoko. Ke ka tsela eo re tshwanetseng ra dirisana le ba bangwe ka yone.—10:36, 37.
Thuto Kaga Boikokobetso
Ke Luke fela yo o neng a bolela ka setshwantsho seo Jesu a neng a se neela fa a ne a bona baeti ba tlhopha mafelo a a kwa pelepele fa go jewa. Ka nako ya meletlo, baeng ba ne ba dula mo mesamong e e neng e beilwe mo matlhakoreng a mararo a tafole. Badiredi ba ne ba tsena mo go yone kafa letlhakoreng la bone. Ka tlwaelo, go ne go dula batho ba le bararo mo mosamong, mongwe le mongwe wa bone a lebile kwa tafoleng a ikaegile ka sekgono sa molema mme a ja ka letsogo la moja. Dikarolo tse tharo tseno di ne di bontsha gore motho o ne a le mo bodulong jo bo kwa godimo, jo bo magareng, kana jo bo kwa tlase jwa mosamo ono. Yo o neng a dula mo karolong e e kwa tlase mo mosamong wa boraro o ne a na le bodulo jo bo kwa tlasetlase go ba feta botlhe fa go jewa. Jesu o ne a re: ‘Fa o laleditswe kwa moletlong, batla bodulo jo bo kwa tlasetlase go a feta otlhe mme yo o amogelang baeng o tla go raya a re, “Dulèla kwa pele.” Mme ka go dira jalo o tla nna le tlotlo mo pele ga baeng mmogo le wena.’ (14:7-10) Ee, a re beyeng ba bangwe kwa pele ga rona ka boingotlo. Tota ebile, fa Jesu a ne a bontsha kafa setshwantsho seno se ka dirisiwang ka gone o ne a bolela jaana: “Gonne moñwe le moñwe eo o ikgodisañ o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñōtlahatsañ o tla godisiwa.”—14:11.
Se sengwe gape se se neng se otlelela ka moo go ingotla go tlhokafalang ka gone, ebile e le se se fitlhelwang fela mo Lekwalong la Efangeli la ga Luke, e ne e le setshwantsho sa ga Jesu se se malebana le mokgethisi le Mofarasai fa ba ne ba rapela kwa tempeleng. Gareng ga tse dingwe, Mofarasai o ne a re, “Ke tle ke ikitse go ya gabedi ka weke moñwe le moñwe.” (18:9-14) Molao o ne o batla gore go ikidiwe go ja gangwe fela ka ngwaga. (Lefitiko 16:29) Mme Bafarasai ba ne ba tsaya go ikitsa dijo ka tsela e e feteletseng. Yo o mo setshwantshong seno o ne a ikitsa dijo ka letsatsi la bobedi la beke ka gonne go ne go akanngwa gore eo e ne e le yone nako eo Moshe a neng a tlhatlogela kwa Thabeng ya Siona ka yone, koo a neng a amogela matlapa a mabedi a Bosupi gone. Go bolelwa gore o ne a fologa mo thabeng ka letsatsi la botlhano la beke. (Ekesodo 31:18; 32:15-20) Mofarasai yono o ne a tsopola go ikitsa dijo ga gagwe gabedi ka beke jaaka bosupi jwa gore ke modumedi. Mme setshwantsho seno se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re nne boingotlo, re seka ra nna basiami mo matlhong a rona.
Majana ano a a benyang a a tswang mo Lekwalong la Efangeli la ga Luke a bontsha gore ke la mofuta o eleng wa lone fela ebile le a ruta. Ditiragalo tse di bolelwang mo pegong eno di re thusa gore re lemoge ditiragalo tse di amang pelo tse di malebana le botshelo jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng. Ebile gape re solegelwa molemo ke tshedimosetso e e oketsegileng e e malebana le meetlo mengwe e e rileng. Mme re tla segofadiwa segolo-bogolo fa re dirisa dithuto tse di jaaka tse di malebana le go nna kutlwelobotlhoko le go nna boingotlo tseo di rutiwang sentle thata jaana mo Lekwalong leno la Efangeli di rutiwa ke Luke, ebong ngaka e e rategang.