LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 3/1 ts. 18-23
  • Latela Sekao sa ga Jesu sa Poifomodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Latela Sekao sa ga Jesu sa Poifomodimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Morwa o Goditse Rraagwe
  • Go Dirisa Poifomodimo mo Malokong a Lelapa
  • “Gonne ke Shōna se ke Cwetseñ go se Diha”
  • Mo Boitshokong jwa Lona Lo Tsenye Poifomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Mo Boitshokong Jwa Lona, Tsenyang Boineelo Jwa Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Latelelang Poifomodimo Jaaka Bakeresete ba ba Kolobeditsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Lo A Amogelwa mo Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Poihō Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 3/1 ts. 18-23

Latela Sekao sa ga Jesu sa Poifomodimo

“Boteñ yoa bosaitsiweñ yoa poihō Modimo bo bogolo: ke go re, Èna [Jesu] eo o bōnadicweñ mo nameñ.”—1 TIMOTHEO 3:16.

1. (a) Ke potso efe e e neng ya nna e sa arabiwa ka dingwaga tse di fetang 4 000? (b) E ne ya arabiwa leng le gone jang?

ENO e ne e le potso e e neng ya nna e sa arabiwa ka dingwaga tse di fetang 4 000. Fa esale monna wa ntlha Adame, a palelwa go boloka bothokgami, potso e ne ya nna: Batho ba ka bontsha poifomodimo jang? Kgabagare, seno se ne sa arabiwa fa Morwa Modimo a ne a tla mo lefatsheng, mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Jesu Keresete o ne a bontsha kamano ya gagwe ya botho le Jehofa ka dikgopolo tsa gagwe tsotlhe, mafoko le ditiro. Ka gone o ne a senola “bosaitsiweñ yoa poihō Modimo,” a bontsha ka moo batho ba bantsi ba ka tshegetsang boineelo jo bo ntseng jalo ka gone.—1 Timotheo 3:16.

2. Fa re latelela poifomodimo, ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go tlhokomela sekao sa ga Jesu ka kelotlhoko?

2 Fa re latelela poifomodimo jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, le ba ba kolobeditsweng, re tla bo re dira sentle fa re ka ‘tlhokomela thata’ sekao sa ga Jesu. (Bahebera 12:3) Ka ntlhayang? Ka ntlha ya mabaka a le mabedi. La ntlha, sekao sa ga Jesu se ka re thusa go tlhagolela poifomodimo. Jesu o ne a itse rraagwe bogolo go gaisa ope fela. (Yohane 1:18) Mme Jesu o ne a etsa ditsela tsa ga Jehofa le dinonofo tsa gagwe mo a neng a ka kgona go bua a re: “Eo o mponyeñ, o bonye Rara.” (Yohane 14:9) Ka gone he, re ka kgona go nonotsha go anaanela ga rona dinonofo tsa ga Jehofa, mme ka gone ra nonotsha kamano ya rona ya botho le Mmopi wa rona yo o lorato, ka go ithuta kaga botshelo le bodihedi jwa ga Jesu. Sa bobedi, sekao sa ga Jesu se ka re thusa go bontsha poifomodimo. O ile a tlhoma sekao se se itekanetseng sa boitsholo a bontsha poifomodimo. Ka gone re tla bo re dira sentle fa re ka tlhokomela ka moo re ka ‘aparang Keresete’ ka gone, ke gore, re mo tsaya jaaka sekao, re etsa sekao sa gagwe.—Baroma 13:14.

3. Thulaganyo ya rona ya thuto ya botho ya Bibela e tshwanetse go akareletsa eng, mme ka ntlhayang?

3 Ga go a kwalwa sengwe le sengwe seo Jesu a neng a se bua. (Yohane 21:25) Ka jalo, re tshwanetse go kgatlhegela fela thata dilo tse di kwadilweng ka tlhotlheletso ya bomodimo. Ka gone, thulaganyo ya thuto ya botho e tshwanetse go akareletsa go bala dipego tsa Diefangele tsa botshelo jwa ga Jesu ka metlha. Mme gore go bala ga go nna jalo go re thuse mo go lateleleng poifomodimo ga rona, re tshwanetse go tsaya nako re akanyetsa ka kanaanelo seo re se balang. Gape re tshwanetse go nna podimatseba go leba ka kwa ga se re se itseng.

Morwa o Goditse Rraagwe

4. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu e ne e le motho yo o nang le boikutlo jwa lorato le jo bo boteng? (b) Ke kgato efe e Jesu a neng a e tsaya fa a dirisana le ba bangwe?

4 Tlhokomela sekai seno. Jesu e ne e le monna yo a neng a na le maikutlo a a bothito le a a boteng. Elatlhoko gore mo go Mareko 10:1, 10, 13, 17, le 35 o ne a kgona go atamelwa ke batho ba dingwaga tsotlhe le ba mefuta e e farologaneng. Mo mabakeng a a fetang le le lengwe, o ne a tshola bana ka mabogo a gagwe. (Mareko 9:36; 10:16) Ke ka ntlhayang fa batho, le eleng bana, ba ne ba ikutlwa ba gololesegile fa ba na le Jesu? Ke ka ntlha ya go bo a ne a ba kgatlhegela ka tlhoafalo ebile e le ga mmatota. (Mareko 1:40, 41) Seno se ne se bontshiwa ke go bo gantsi e ne e le ene a neng a atamela batho ba ba neng ba tlhoka thuso. Ka gone, re bala gore o ne a ‘bona’ motlholagadi wa kwa Naina yoo morwawe a neng a ya go fitlhwa. Go tswa foo a “atamèla” a ba a tsosa mosimane yoo mo baswing, mme ga go gope fa go umakiwang gore o ne a kopilwe ke mongwe go dira seo. (Luke 7:13-15) Gape, o ne a fodisa mosadi yo o neng a golafetse le monna yo o neng a na le bolwetsi jwa pudulogo ya metsi, a sa kopiwa ke ope.—Luke 13:11-13; 14:1-4.

5. Dipolelo tseno tsa bodihedi jwa ga Jesu di re ruta eng ka dinonofo le ditsela tsa ga Jehofa?

5 Fa o bala dikgang tse di ntseng jalo, ema o bo o ipotse jaana: ‘Ereka Jesu a ne a etsa Rraagwe ka botlalo, dipego tseno di re bolelela eng ka dinonofo tsa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe?’ Di tshwanetse go re tlhomamisetsa gore Jehofa ke Modimo o o nang le maikutlo a a lorato le a a boteng. Lorato lwa gagwe lo logolo lo lo sa feleng mo lelapeng la motho le ile la mo tlhotlheletsa gore e nne ene yo o tsayang kgato ya go dirisana le bone. Ga a ka a patelediwa gore a neele Morwawe jaaka “thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28; Yohane 3:16) O senka ditshono tsa go ‘golagana’ le bao ba mo direlang ka lorato. (Duteronome 10:15) Fela jaaka Bibela e bolela: “Matlhō a ga Yehofa a sianèla kwa le kwa mo lehatshiñ yeotlhe, go ipōnatsa ha a le thata ntlheñ ea batho ba dipelo tsa bōnè di leñ boitekanèlō mo go èna.”—2 Ditihalō 16:9.

6. Re ka bona matswela afe fa re akanya ka boikutlo jwa ga Jehofa jwa lorato le jo bo boteng jaaka bo supiwa ke Morwawe?

6 Go akanya ka boikutlo jwa ga Jehofa jwa lorato le jo bo boteng ka tsela eno, jaaka bo ne jwa bontshiwa ke Morwawe, go tla ama pelo ya gago, go e dira gore e anaanele dinonofo tsa Gagwe tsa bopelonolo le tse di kgatlhang. Seno ka bosone se tla go atamalanya le ene. O tla tlhotlheletsega go mo atamela o gololesegile ka thapelo ka dinako tsotlhe le mo maemong otlhe. (Pesalema 65:2) Go tla nonotsha kamano ya gago ya botho le ene.

7. Morago ga go akanya ka boikutlo jwa ga Jehofa jwa lorato le jo bo boteng, ke eng seo o tshwanetseng go se ipotsa, mme ka ntlhayang?

7 Lefa go le jalo, gakologelwa gore poifomodimo e kopanyeletsa se se fetang boikutlo jwa go obamela fela. Jaaka mokanoki wa Bibela R. Lenski a tlhokomedisa, go “akareletsa tlotlo ya rona e e feletseng, go ikutlwa re batla go mo obamela le ditiro tseo di bakwang ke gone.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo morago ga go akanya ka boikutlo jwa ga Jehofa jwa lorato le jo bo boteng le joo bo bontshitsweng ke Jesu, ipotse jaana: ‘Nka nna jaaka Jehofa jang mo ntlheng eno? A ba bangwe ba kgona go nkatamela?’ Fa e le gore o motsadi, bana ba gago ba tshwanetse ba bo ba kgona go bua nao motlhofo. Mme fa o le mogolwane wa phuthego, o tshwanetse eleruri wa bo o bonega motlhofo. He ke eng seo se ka dirang gore o atamelesege ka mo go oketsegileng? Boikutlo jwa lorato le jo bo boteng. O tshwanetse go tlhagolela go kgatlhegela batho ba bangwe ka mmatota. Fa eleruri o amega ka ba bangwe mme o iketleeleditse go ba ineela, ba tla utlwa seno mme ba ikutlwe ba gogegela mo go wena.

8. (a) Ke eng se o tshwanetseng go se gakologelwa fa o bala dipolelo tsa Bibela kaga Jesu? (b) Re ithuta eng kaga Jehofa mo dipolelong tseo di umakilweng mo mokwalong o o kwa tlase?

8 Ka jalo fa o bala dipolelo tsa Bibela kaga Jesu, gakologelwa gore o ka ithuta go le gontsi kaga Jehofa jaaka motho ka dilo tse Jesu a neng a di bua le tseo a neng a di dira.a Mme fa go anaanela dinonofo tsa Modimo ga gago, jaaka di bontshitswe ke Jesu, go go tlhotlheletsa go leka go nna jaaka Ene, o tla bo o supa gore o na le poifomodimo.

Go Dirisa Poifomodimo mo Malokong a Lelapa

9, 10. (a) Jesu o ne a bontsha gore o rata le go amega ka mmaagwe, Marie, jang mo nakong e khutshwane fela pele ga a tlhokafala? (b) Ka phepafalo ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a baya Marie mo tlhokomelong ya ga moaposetoloi Johane mme eseng mo go mongwe wa bomorwarraagwe tota?

9 Botshelo le bodihedi tsa ga Jesu Keresete di senola go le gontsi ka moo poifomodimo e tshwanetseng go bontshiwa ka gone. Sekao se se amang thata se begilwe mo go Yohane 19:25-27, koo re balang jaana: “Me ha mokgoroñ oa ga Yesu ga bo go eme mmagwè, le monna mmagwè, eboñ Marie mogatsa Kelopase, le Marie Magadalene. Me ea re Yesu a bōna mmagwè, le morutwa eo o mo ratañ [Johane] a eme gōna, a raea mmagwè, a re, Mosadi, bōna morwao! Me hoñ a raea morutwa eouō, a re, Bōna mmago! Me e sale ka lobaka louō morutwa eouō a mo chola, a ea go nna kwa ga gagwè.”

10 Akanya fela ka seo! Nakonyana fela pele ga a ntsha botshelo jwa gagwe jwa selefatshe, lorato lwa ga Jesu le go amega ga gagwe di ne tsa mo tlhotlheletsa gore a beye mmaagwe, Marie (yo go lebegang e ne e le motlholagadi jaanong) mo tlhokomelong ya ga moaposetoloi yo a neng a mo rata thata Johane. Mme ke ka ntlhayang fa a ne a tlhopha Johane go na le mongwe wa bomorwarraagwe tota? Ka gonne Jesu o ne a sa amega ka ditlhokafalo tsa ga mmaagwe tsa senama, kana tse di bonalang fela mme segolo ka boitekanelo jwa gagwe jwa semoya. Mme moaposetoloi Johane (yo go lebegang e ne e le ntsalaa Jesu) o ne a itshupile a na le tumelo, mme go ne go sena bosupi bope jwa gore bomorwarraagwe Jesu tota e ne e setse e le badumedi ka nako eo.—Mathaio 12:46-50; Yohane 7:5.

11. (a) Go ya ka Paulo, Mokeresete o ka bontsha poifomodimo mo lelapeng la gagwe jang? (b) Ke ka ntlhayang fa Mokeresete wa mmatota a tlhokomela batsadi ba ba godileng?

11 Jaanong, seno se ne se bontsha poifomodimo jang? Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Tlotla basadi ba ba batlhōlagadi ba e leñ batlhōlagadi rure. Me ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo.” (1 Timotheo 5:3, 4) Go tlotla batsadi ba e leng ba gago ka go ba tshegetsa ka dilo tse di bonalang fa go tlhokega, jaaka Paulo a bolela, go supa poifomodimo. Jang? Jehofa, Mosimolodi wa thulaganyo ya lelapa, o laela bana go tlotla batsadi ba bone. (Baefesia 3:14, 15; 6:1-3) Ka gone, Mokeresete wa mmatota o lemoga gore go tlhokomela maikarabelo a a ntseng jalo a lelapa ga go supe fela gore motho o rata batsadi ba gagwe mme gape go bontsha go tlotla Modimo le go obamela ditaolo tsa ona.—Bapisa Bakolosa 3:20.

12. O ka supa poifomodimo jang mo batsading ba ba godileng, mme o tshwanetse go tlhotlhelediwa ke eng?

12 Ka jalo he, o ka supa poifomodimo mo malokong a lelapa jang? Seno eleruri se tla kopanyeletsa go rulaganyetsa go tlhokomela dilo tsa semoya le tsa senama tse batsadi ba rona ba ba godileng ba di tlhokang, fela jaaka Jesu a ne a dira. Fa motho a palelwa ke go dira seo go tla bo go senola gore ga a na poifomodimo. (Bapisa 2 Timotheo 3:2, 3, 5.) Mokeresete yo o ineetseng o tlhokomela batsadi ba gagwe ba ba tlhokang eseng fela ka ntlha ya bopelonomi kana ka go bo a tshwanetse go dira jalo, mme e le ka gonne a rata balelapa la gagwe, mme a lemoga gore Jehofa o tseela go tlhokomela boikarabelo jo bo ntseng jalo kwa godimo. Ka gone, go tlhokomela batsadi ba ba godileng ga gagwe ke sesupo sa gore o na le poifomodimo.b

13. Rre wa Mokeresete a ka supa poifomodimo jang mo go balelapa la gagwe?

13 Poifomodimo e ka dirisiwa mo legaeng gape ka ditsela tse dingwe. Ka sekai, rre wa Mokeresete o na le boikarabelo jwa go tlhokomela balelapa la gagwe ka dilo tse di bonalang, tsa boikutlo le tsa semoya. Ka gone, mo godimo ga go le tshegetsa ka dilo tse di bonalang, o rulaganyetsa thuto ya Bibela ya legae ka lorato ka metlha. O rulaganyetsa nako ya go kopanela mo bodiheding jwa tshimo le balelapa la gagwe ka metlha. O lekalekanya dilo, a lemoga fa ba tlhoka go ikhutsa le go itlosabodutu. Mme o kgona go rulaganya dilo tsa botlhokwa ka botlhale, a sa letle gore ditiro tsa phuthego di mo dire gore a tlhokomologe lelapa la gagwe. (1 Timotheo 3:5, 12) Ke ka ntlhayang fa a dira dilo tseno tsotlhe? Eseng fela ka go bo a tshwanetse go dira jalo, mme e le ka go bo a rata balelapa la gagwe. O lemoga gore Jehofa o leba go tlhokomela lelapa e le selo sa botlhokwa fela thata. Ka go dira boikarabelo jwa gagwe jalo jaaka monna yo o nyetseng le rre wa lelapa, o supa gore o na le poifomodimo.

14. Mosadi yo o nyetsweng wa Mokeresete o ka supa poifomodimo jang mo lelapeng?

14 Basadi ba Bakeresete le bone ba na le boikarabelo jwa go supa poifomodimo mo legaeng. Jang? Bibela e bontsha gore mosadi o tshwanetse go ‘ineela’ mo monneng wa gagwe le gore o tshwanetse go nna le ‘tlotlo e e boteng’ mo go ene. (Baefesia 5:22, 23) Le eleng lefa monna a sa dumele, o tshwanetse go ‘ineela’ mo go ene. (1 Petere 3:1) Mosadi wa Mokeresete o bontsha boineelo jwa gagwe jaaka mosadi yo o nyetseng ka go tshegetsa monna wa gagwe mo ditshwetsong tseo a di dirang fa fela di sa thulane le melao ya Modimo. (Ditihō 5:29) Mme ke ka ntlhayang fa a amogela karolo eno? Eseng fela ka gonne a rata monna wa gagwe mme segolo bogolo ka go bo a lemoga gore seo se “chwanetse mo Moreneñ”—ke gore, gore ke thulaganyo ya Modimo ya lelapa. (Bakolosa 3:18) Go ineela ga gagwe ka go rata mo monneng wa gagwe ka gone go supa gore o na le poifomodimo.

“Gonne ke Shōna se ke Cwetseñ go se Diha”

15. Jesu o ne a supa poifomodimo ka tsela efe e e kgethegileng?

15 Nngwe ya ditsela tse di tlhomologileng thata tseo Jesu a neng a supa poifomodimo ka tsone e ne e le ka go ‘bolela mafoko a a molemo a bogosi jwa Modimo.’ (Luke 4:43) Morago ga go kolobediwa ga gagwe kwa Joredane, ka 29 C.E., Jesu o ne a fetsa dingwaga tse di latelang tse tharo le sephatlo a tshwaregile thata mo tirong eno ya botlhokwatlhokwa. “Gonne ke shōna se ke cwetseñ go se diha,” o ne a tlhalosa. (Mareko 1:38; Yohane 18:37) Mme seno se ne se supa jang gore o na le poifomodimo?

16, 17. (a) Ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa Jesu go tshwarega thata mo go rereng le mo go ruteng? (b) Ke ka ntlhayang fa bodihedi jwa ga Jesu jwa go rera le go ruta e le sesupo sa poifomodimo?

16 Gakologelwa gore poifomodimo e kopanyeletsa go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo ka gonne o a mo rata ebile o anaanela dinonofo tsa gagwe tse di mo dirang gore a ratege. Ke eng seo se neng se tlhotlheletsa Jesu go senya dingwaga tsa gagwe tsa bofelo mo lefatsheng a tshwaregile thata ka go rera le go ruta? A e ne e le fela ka go bo e ne e le tiro kana a ne a tshwanetse go dira jalo? Ga go belaetse gore o ne a amegile thata ka batho. (Mathaio 9:35, 36) Mme o ne a lemoga ka botlalo gore fa a ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo o ne a tlhomiwa a bile a laolelwa go diragatsa bodihedi jwa gagwe. (Luke 4:16-21) Lefa go le jalo, o ne a na le maikaelelo a magolo.

17 “Ke rata Rara,” Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ka phepafalo fela jalo mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. (Yohane 14:31) Lorato loo lo thailwe mo kitsong e e boteng thata, le e kgolo thata ya dinonofo tsa ga Jehofa. (Luke 10:22) A kgothadiwa ke pelo e e tlhotlhelediwang ke kanaanelo e e boteng, Jesu o ne a itumelela go dira go rata ga Modimo. (Pesalema 40:8) E ne e le “seyō” sa gagwe—e le selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe, se se monate. (Yohane 4:34) O ne a baya sekao se se itekanetseng sa go ‘batla bogosi pele’ go na le go ipaya kwa pele. (Mathaio 6:33) Ka jalo e ne e se fela seo a neng a se dira, kana le eleng gore o ne a dira go le kana kang mme seo se neng se dira gore bodihedi jwa gagwe jwa go rera le go ruta bo supe gore o na le poifomodimo e ne e le lebaka la go bo a ne a dira jalo.

18. Ke ka ntlhayang fa go nna le seabe mo bodiheding e se sone sesupo tota sa poifomodimo?

18 Re ka latela sekai kana “sekaō” sa ga Jesu mo go seno jang? (1 Petere 2:21) Botlhe bao ba arabelang taletso ya ga Jesu ya gore ‘ba tle, ba mo sale morago’ ba na le thomo ya bomodimo ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi le go dira barutwa. (Luke 18:22; Mathaio 24:14; 28:19, 20) A seno se raya gore fa re nna le seabe mo go rereng mafoko a a molemo, re tla bo re latelela poifomodimo? Eseng jalo tota. Fa e le gore re ne re ka nna le seabe mo bodiheding fela ka go dira seomodiro fela kana go ikgolola, kana ka tlwaelo kana go itumedisa maloko a lelapa kana ba bangwe, seo se ne se se kitla se lejwa jaaka ‘tiro ya poifomodimo.’—2 Petere 3:11.

19. (a) Lebaka le legolo la go bo re dira sepe fela mo bodiheding e tshwanetse go nna lefe? (b) Go felela ka eng fa re tlhotlhelediwa ke lorato lo lo boteng loo re nang nalo mo Modimong?

19 Fela jaaka Jesu, maikaelelo a rona a tshwanetse go feta foo. Jesu o ne a re: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago [maikutlo, dikeletso, le boikutlo jwa gago jo bo kwa teng], le ka mōea otlhe oa gago [botshelo jwa gago le bogotlhe jwa gago], le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago [bokgoni jotlhe jwa go akanya ga gago], le ka thata eotlhe ea gago.” Mo godimo ga seno, mokwadi mongwe yo o lemogang dilo o ne a oketsa jaana: “Ke mo go gaisañ dichupèlō tse di hisiwañ di le boleka, le ditlhabèlō cotlhe.” (Mareko 12:30, 33, 34) Mme se segolo ga se gore re dira eng mme ke lebaka la go bo re se dira. Lorato lo lo boteng mo Modimong loo lo kopanyeletsang nonofo yotlhe ya rona le tshwanetse go nna lone lebaka le legolo la seo re se dirang mo bodiheding. Fa go ntse jalo, ga re kitla re kgotsofalela go tsaya karolo ka go ikgolola fela, mme re tla tlhotlheletsega go supa bogolo jwa poifomodimo ya rona ka go dira sotlhe se re ka se kgonang. (2 Timotheo 2:15) Ka nako e e tshwanang, fa re tlhotlhelediwa ke lorato lwa Modimo, ga re kitla re tshwaya tshwaya diphoso, kana re bapisa bodihedi jwa rona le jwa ba bangwe.—Bagalatia 6:4.

20. Re ka solegelwa molemo ka botlalo jang ke sekao sa ga Jesu mo go lateleleng poifomodimo?

20 Abo re tshwanetse go leboga jang ne go bo Jehofa a re senoletse bosaitsiweng jwa poifomodimo! Fa ka tlhoafalo re ithuta dilo tse Jesu a di buileng le go di dira le go leka go mo etsa, re tla thusega go tlhagolela le go supa poifomodimo ka mo gogolwane. Jehofa o tla re segofatsa tota jaaka re latela sekao sa ga Jesu mo go lateleleng poifomodimo jaaka Bakeresete ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng.—1 Timotheo 4:7, 8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona dikai tse di oketsegileng, tlhokomela seo re se ithutang kaga Jehofa go tswa mo dipolelong tse di latelang: Mathaio 8:2, 3; Mareko 14:3-9; Luke 21:1-4; le Yohane 11:33-36.

b Go bona tlhaloso e e tletseng ka seo se kopanyelediwang ke go supa poifomodimo mo batsading ba ba godileng, bona Tora ya Tebelo, June 1, 1987, ditsebe 13-18.

A O A Gakologelwa?

◻ Fa re letelela poifomodimo, ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go akanyetsa sekao sa ga Jesu?

◻ Re ithuta eng kaga Jehofa mo boikutlong jwa lorato le jo bo boteng jo bo neng jwa supiwa ke Jesu?

◻ Re ka bontsha poifomodimo jang mo malokong a lelapa la rona?

◻ Re tshwanetse go nna le boikaelelo bofe gore bodihedi jwa rona bo tle bo supe fa re na le poifomodimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Rre wa Mokeresete o na le boikarabelo jwa go tlhokomela balelapa la gagwe ka dilo tse di bonalang, tsa boikutlo, le tsa semoya

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Me ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go . . . leboga batsadi ba bōnè.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela