Go wa ga Babelona go ile ga Anamisiwa kwa Japane
“BABELONA o mogolo o ole, o ole, o o dihileñ gore merahe eotlhe e nosiwè boyalwa yoa bogale yo bo cosicweñ ke kgokahalō ea gagwè.” Kitsiso e e anamisiwang eo ya moengele e ne ya utlwiwa lantlha ke moaposetoloi Johane bogologolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona o o Tlwaelesegileng. Lefa go ntse jalo, mo motlheng wa rona, mo ‘letsatsing la Morena,’ Basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ke bone ba ileng ba e goeletsa gape gore e utlwiwe ke batho botlhe.—Tshenolō 1:10; 14:8.
Babelona o Mogolo ke tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya bodumedi jwa maaka, eo La-Bodumedi eleng yone karolo ya gagwe e e nang le mokgobo go feta tsotlhe. Go ralala ‘motlha wa bokhutlo,’ dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le ene di ile tsa anamisiwa ka bopelokgale ke Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe. (Daniele 12:4) Ka sekai, ditokololo tsa Tora ya Tebelo tsa April le May tsa ngwaga o o fetileng di ne di na le ditlhogo tse di nonofileng tseo di neng tsa senola molato wa bodumedi jwa maaka le tshenyego ya gagwe e e tlang. Go ne ga gasiwa dikaelo tse di fetang dimilione di le 50 tsa ditokololo tseo mo lefatsheng ka bophara—kitsiso e e nonofileng ya go atlholwa ga Babelona o Mogolo eleruri!
Japane o a Ipaakanya
Sekao sa matlhagatlhaga a Basupi ba ga Jehofa mo go gaseng ditokololo tseo tse di kgethegileng se ne sa bonwa kwa Japane, eleng boremelelo jo bogolo jwa karolo ya Babelona o Mogolo ya Boshinto le Bobuda. Kwa Japane tokololo ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 1988 e ne ya itsise diphuthego gore go ne go rulaganyeditswe tlhabano e e kgethegileng ya tirelo ya tshimo ka dikgwedi tsa April le May 1989. Go ne ga kgothalediwa gore go tshegediwe tiro e e kgethegileng eno ya dimakasine mo ditokololong tse di latelang tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, gammogo le mo makwalong a a yang kwa diphuthegong le kwa ditlhopheng tsa bagolwane.
Karabelo e ne ya nna e e tlhomologileng. Ka thuso ya ga Jehofa, mo dikgweding tse pedi tseo mo ngwageng o o fetileng, Japane e ne ya amogela bosupi jo bogolo go feta lefa e le leng pele.
Tirelo ya Bobulatsela jo bo Thusang
Kitsiso ya December 1988 e ne e na le mafoko ano: “Re lo kgothaletsa botlhe go dira mokgele wa go ipelela bobulatsela jo bo thusang ka April le May, segolo bogolo ka April.” Kgopolo eno e ne ya boelediwa mo ditokololong tsa February 1989 tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, eo e neng e kgothaletsa bakaulengwe go ‘baakanya dithulaganyo tsa bone tsa letsatsi le letsatsi gore go nne le badihedi ba ba ineetseng ba le bantsi bao ba neng ba ka tsenelela bobulatsela jo bo thusang ka April.’
Basupi ba ne ba tsenya dikgakololo tseno mo pelong. Ga felela jang? Go ne ga bonwa tlhora e e kwa godimo thata ya babulatsela ba ba thusang. Ka March 1989 palo ya babulatsela ba ba thusang e ne e setse e fitlhile go tlhora e ntšha ya ba ba 24 115. Mme ka April palo eo e ne ya batla e menagana sebedi e nna 41 055. Ruri seo e ne e le boiteko jo bogolo tota!
Mo diphuthegong tse dintsi, baboledi botlhe kana bontsi jwa bone ba ne ba nna le seabe mo karolong nngwe ya tirelo ya nako e e tletseng mo dikgweding tse pedi tseo tsa tiro e e kgethegileng. Seno gantsi se ne se tlhoka thulaganyo e kgolo. Mosadi mongwe wa lelapa o ne a belaela gore a o tla kgona go tsaya karolo, ereka a ne a nna dimetara tse di ka nnang 900 kwa godimo mo dithabeng koo dipalangwa tsa gone di leng dinnye thata. Lefa go ntse jalo, eleruri o ne a batla go nna mmulatsela yo o thusang. Ka jalo bagolwane ba ne ba rulaganya go mo thusa ka dipalamo, mme ene, gammogo le baboledi botlhe ba bangwe mo phuthegong ya bone, ba ne ba ipelela go bulatsela mo kgweding eo.
Ketelelopele e e molemo ya bagolwane e ne ya bontshiwa kwa Osaka Prefecture, Takatsuki City, Phuthego ya Otsuka ya baboledi ba ba 77, koo bagolwane botlhe le batlhanka ba bodihedi ba neng ba le gareng ga ba le 73 bao ba neng ba tsaya karolo mo dikarolong dingwe tsa tirelo ya bobulatsela. Babulatsela bao ba ne ba kopanyeletsa baboledi botlhe ba babotlana ba ba kolobeditsweng bao ba santseng ba tsena sekolo. Moya wa bobulatsela o o neng o bontshiwa ke Basupi ba babotlana bano o ne o bonwa gape le mo diphuthegong di le dintsi. Ka sekai, mo basheng ba ba 23 bao ba neng ba kolobediwa kwa Phuthegong ya Heiwadai kwa Tokyo Prefecture, ba le 11 ke babulatsela ba ka metlha, mme ba le 11 ba ne ba tsaya bobulatsela jo bo thusang ka April. Mo phuthegong eo, baboledi botlhe ba ba 93 ba ne ba tsaya bobulatsela mo go yone kgwedi eo.
Letsatsi le le Kgethegileng la Tiro
Tokololo ya March ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya Sejapane e ne ya kgothatsa bakaulengwe ka mafoko ano: “Tiro ya dimakasine e ile ya tshegediwa e seng fela ka Matlhatso a bobedi le a bonè mme ka Matlhatso mongwe le mongwe mo kgweding. Bakaulengwe ba tshwanetse go akgolelwa botlhaga jo ba bo bontshang. Ka April tiro ya dimakasine e rulaganyeditswe gape go dirwa ka Matlhatso mongwe le mongwe, mme tsweetswee dirang maiteko a magolo a go beela April 8 kwa thoko gore e nne letsatsi la dimakasine gore mongwe le mongwe a nne le karolo ya go aba dimakasine mo letsatsing leo. Gore mongwe le mongwe yo o tla reetsang a utlwe tlhagiso eno, go botlhokwa gore re gase ditokololo tseno tse di mo nakong.”—Isaia 61:2; Tshenolō 18:4, 5.
Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February ya Sejapane e ne ya gatelela tiro eno e e molemo. E ne ya re: “Mo Matlhatsong wa bobedi, April 8, a mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo Japane—bao jaanong palo ya bone e fetang 130 000—ba nne le seabe mo tirong ya dimakasine.” Bagolwane ba ne ba kgothalediwa go rulaganya mefuta e e farologaneng ya tiro ya dimakasine mo letsatsing leo lotlhe gore ba le bantsi ka mo go kgonegang ba tle ba nne le seabe. Re leboga karabelo e e siameng ya bagolwane le tshegetso e e neng ya dirwa ka pelo yotlhe ya baboledi botlhe, letsatsi leo le ne la atlega tota. Re ka bolela gore mo letsatsing leo go bolelwa ga dikatlholo tsa ga Jehofa mo go Babelona o Mogolo kwa Japane go ne ga fitlha kwa setlhoeng sa gone.
Ka sekai, kwa Yokohama City, mo Phuthegong ya Ushioda, bagolwane ba ne ba rulaganyetsa tirelo eo e neng e tla tswelela ka dioura di le 13, go tloga ka 7:00 a.m. go ya go 8:00 p.m. Gape go ne go na le dinako di le pedi tseo go neng go dirwa bosupi jwa mo mmileng mo go tsone, gammogo le dinako tsa go etela batho bao pele ba neng ba seyo kwa gae le tiro ya ka metlha ya bosupi jwa ka ntlo le ntlo. Bontsi jwa baboledi ba ne ba kgona go nna le seabe mo go bobotlana e le nngwe ya dikarolo tseo di rulagantsweng tsa tirelo, mme ba le mmalwa ba ne ba nna le seabe mo dikarolong tsotlhe tseo di neng di rulagantswe.
Tirelo e e tswelelang e ne ya rulaganyediwa gape kwa Phuthegong ya Jonan, kwa Fukuoka City. Koo, go ne ga dirwa thulaganyo ya gore go berekiwe mo dioureng tse di simololang ka 8:00 a.m. go ya go 9:00 p.m., go ikhudiwa go le gonnye fela motshegare. Go ne ga nna le nako ya bosupi jwa ntlo le ntlo, go etela tshimo ya kgwebo le mafelo ao go rekwang kwa go one, le go etela koo go senang ope yo o kileng a bonwa gone mo maetong a a fetileng. Basupi ba bangwe mo phuthegong eo ba ne ba bega go fitlha go dioura tse di robedi tsa tiro ya go rera mo letsatsing leo!
Karabelo ya peloyotlhe ya bakaulengwe e ne ya bonwa kwa Wakayama Prefecture, koo baboledi botlhe ba ba 55 mo Phuthegong ya Kainan ba neng ba nna le seabe mo tirong ya letsatsi leo le le kgethegileng. Koo kgaitsadi mongwe wa mmulatsela wa ka metlha, o ne a tshola ngwana ka April 7. A seo se ne sa mo thibela go neela bosupi ka April 8? Nnyaa. O ne a aba dimakasine fela gone koo kwa kokelong! A supa moya o o tshwanang, mokaulengwe mongwe go tswa kwa Osaka Prefecture o ne a patelesega go ya go dira kwa lefelong leo a direlang kwa go lone ka April 8. O ne a ka nna le seabe jang mo tirong e e kgethegileng eo? O ne a dira lefelo la kwa a direlang teng tshimo ya gagwe mme a bona dipeeletso di le tlhano.
Kgaitsadi mongwe kwa Saitama Prefecture o ne a eleditse go nna le karolo mo tirong eo ya letsatsi le le kgethegileng, mme o ile a tshwanelwa ke go tsamaya mo e ka nnang dikilometara di le 1 300 go ya kwa Asahikawa City le monna wa gagwe yo o sa dumeleng. Ga a ka a ineela lefa go le jalo. Kwa Asahikawa, o ne a tsamaya le bana ba gagwe ba babedi ba bannye kwa boemelong jwa terena, mme koo, fa a le ka kwantle ga boemelo terena, o ne a fitlhela seo a neng a se solofetse: bontsintsi jwa baboledi go tswa phuthegong ya lefelo leo ba ne ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo. O ne a kgona go arola le bone mo ditirong tsa letsatsi leo.
Bosupi jwa Mmila
Tirelo ya Rona ya Bogosi ya Sejapane segolo bogolo e ne ya kgothaletsa bagolwane go rulaganya bosupi jwa mmila ka April 8, mme seno e ne ya nna karolo e kgolo ya letsatsi leo le le kgethegileng. Jaaka go ne ga diragala, pula e ne ya na thata go ralala naga yotlhe, mme seo ga se a ka sa kgoba bakaulengwe marapo. Ba le bantsi ba ne ba bontsha moya o o tshwanang le o o neng wa bonwa mo bokgaitsading ba le bararo bao ba sa itekanelang mo mmeleng kwa Phuthegong ya Minamata, Kumamoto Prefecture. Go sa kgathalesege dingwaga tsa bone—65, 80 le 85—ba ne ba seka ba tshaba maemo ao a bosa a a neng a le maswe mme ba ne ba kgothatsa phuthego yotlhe; gape ba ne ba kgatlha batho ba le bantsi bao ba neng ba feta.
Fa a dira bosupi jwa mmila, kgaitsadi mongwe wa mo Phuthegong ya Kashiwa City West o ne a botsa monna yo mongwe jaana: “A o kile wa utlwa ka Babelona o Mogolo?” Fa a mo abela dikaelo tsa dimakasine tsa April, monna yoo o ne a re, “Ga ke na kgatlhego mo go tsone” mme a tsamaya. Lefa go ntse jalo, fa a fitlha kwa makgabaganyong a seporo mme a ema, o ne a ntse a ipotsa a re, “Babelona o Mogolo ke eng?” Mokaulengwe yo o neng a neela bosupi jwa mmila gaufinyana o ne a mo utlwa mme a tsamaya a bapile nae mo tseleng, a mo tlhalosetsa seo Babelona o Mogolo e leng sone. Monna yoo o ne a amogela dimakasine tseo.
Diphuthego tse dingwe di ne di ise di ko di dire bosupi jwa mmila pele. Mme fa e sale ka April 8, ba ile ba go dira karolo ya ka metlha ya tiro ya bone. Mme ga go gakgamatse! Bosupi jwa mmila ke tsela e e atlegang ya go bona batho bao ba ka sekang ba bonwa ka tsela e sele. Kgaitsadi mongwe kwa Naha City, kwa Okinawa, o ne a nna le seabe mo tirong ya bosupi jwa mmila kwantle ga kago ya ofisi e Basupi ba ga Jehofa ba sa letlelelweng go tsena mo go yone go neela bosupi. O ne a tsamaisa dimakasine di le 12 ka oura e le nngwe mo go bao ba neng ba tsena le ba ba neng ba tswa mo kagong eo.
Kgaitsadi mongwe kwa Muroran City, kwa Hokkaido, o ne a nna le seabe mo go neeleng bosupi mo mmileng kafa ntle ga mabentlele a magolo mo gareng ga motsemogolo oo. O ne a raya monna yo o neng a amogela dimakasine a re: “Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng, re ka go etela kwa legaeng la gago.” O ne a mo naya aterese, nomoro ya gagwe ya mogala, le mmapa wa go ya kwa ntlong ya gagwe, le dinako tseo a neng a tla bo a le teng ka tsone mo gae! Mo bekeng e e latelang, ene le mokaulengwe mongwe ba ne ba mo etela mme ba fitlhela a ne a nna kwa lefelong leo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba sa letlelelwa go dira bodihedi jwa bone jwa ka metlha gone. Lekawana leo le ne le tlhatswegile pelo go tswa mo go ipaleleng ga gagwe Bibela ka boene gore La-Bodumedi e ne e sa amogelwe ke Modimo. O ne a batla Bokeresete jwa boammaaruri mme o ne a itumelela go simolola thuto ya ka metlha ya legae ya Bibela.
Mmoledi mongwe kwa Kawasaki City o ne a nna le seabe mo go neeleng bosupi mo mmileng mo thapameng ya April 8. Kwa bokhutlong jwa nako eo a neng a e rulaganyeditse, o ne a bua le motho wa bofelo, lekgarebe lengwe leo le neng la bolela gore pele o kile a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Mme o ne a ganediwa ke batsadi ba gagwe mme morago o ne a ya unibesithing mme a nna mo marobalong a bana ba sekolo. Ka jalo o ne a tlogela go ithuta. Lefa go ntse jalo, re leboga bosupi jwa mmila, ka go bo o ne ka boitumelo a simolola thuto ya gagwe ya Bibela sesha mme o setse a ya dipokanong.
Go Gasa Dimakasine
Ka ntlha ya go bo ba le bantsi ba ne ba tshegetsa tiro eno e e kgethegileng, dimakasine tse di neng tsa tsamaisiwa—segolo bogolo tseo di neng di na le molaetsa wa katlholo kgatlhanong le Babelona o Mogolo—di ne di le dintsi thata. Mmoledi mongwe wa kwa Phuthegong ya kwa Osaka Prefecture o ne a tsamaisa dimakasine di le 205 ka April. Kwa Kagoshima City, Phuthego ya East, baboledi ba le 14 ba ne ba tsamaisa dimakasine tse di fetang lekgolo mongwe le mongwe, fa setlhopha sengwe se se kwa thoko sa baboledi ba le 12 mo Ogawa Town, kwa Ibaraki Prefecture, sone se ne sa tsamaisa palogotlhe ya dimakasine tse 1 388 ka April.
Eleruri, mo Japane yotlhe, go ne ga tsamaisiwa dimakasine di le 3 293 266 mo April ngogola—92 lekgolong go feta ka April 1988! Abo molaetsa o o nonofileng wa dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le Babelona o Mogolo o ne wa bolelwa ka mo go nonofileng jang ne!
Nonofo e e Fetang e e Tlwaelegileng
Eleruri, fela jaaka mo dikarolong tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa mo Japane ba ne ba tlhomame ba bile ba le tlhaga ka dikgakologo tsa 1989. Maitemogelo a bone a ne a naya bosupi jo bo phepafetseng jwa gore Jehofa o ne a segofatsa botlhaga jwa bone mme ebile o ne a tshegetsa maiteko a go anamisa dikatlholo tsa gagwe kgatlhanong le bodumedi jwa maaka. Mo go ba bangwe, go ne go se motlhofo go tsaya karolo; lefa go ntse jalo, ba ne ba ikemiseditse, mme Jehofa o ne a segofatsa botlhaga jwa bone. Ba le bantsi ba nna mo mafelong ao go rerwang mo go one kgapetsakgapetsa, mme ba ne ba bontsha moya o o tshwanang wa go potlaka le matlhagatlhaga fela jaaka bakaulengwe ba bone mo dikarolong tse dingwe. Mo mabakeng otlhe, mafoko ano a ga Isaia a ne a itshupa a le boammaaruri: “O naea baidibadi thata; le èna eo o senañ thata o mo totisetse nonohō.”—Isaia 40:29.
Ga go belaetse gore maitemogelo a bone a re gakolola mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Khumō e, re e chotse ka diyana tsa lecopa, gore bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō e nnè yo bo cwañ mo Modimoñ, e señ mo go rona.” (2 Bakorintha 4:7) Ee, fa motho a baya bodihedi jwa Bokeresete, “khumō e,” kwa pele mo botshelong jwa gagwe, o nna le “bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō” eo Modimo o e nayang. Ekete Jehofa o ka tswelela a dirisa batlhanka ba gagwe ba Japane le mo dinageng tse dingwe tsotlhe go naya bosupi ka botlalo pele ga bokhutlo bo tla.—Mathaio 24:14.
Mo ngwageng ono, ditokololo tsa April le May tsa Tora ya Tebelo di tla akaretsa metseletsele ya dipolelo tse di reng “Ke Mang yo o tla Gogelang Batho kwa Kagisong?” “Kagiso ya Lefatshe—E tla Kaya Eng Tota?” “Dimilione tse Jaanong di Suleng di tla Tshela Gape,” le “Hara-Magedona—Leng?” Ke ka ntlhayang fa o sa rulaganyetse go abalana tshedimosetso eno le baagelani ba gago? Tlhomamisega gore ba bantsi ba ba ka kgonegang ba tlhokomedisiwa ka mafoko a a molemo a a gakgamatsang ao Modimo a re a boloketseng mo Bibeleng mo motlheng wa rona.