Majana A A Tlhokegang go Tswa mo Lekwalong la Efangele la ga Johane
MOYA wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa moaposetoloi yo o godileng ebong Johane gore a kwale pego e e tshikinyang maikutlo eno e e kaga botshelo jwa ga Jesu Keresete le bodihedi jwa gagwe. Lekwalo leno la Efangele le ne la kwalwa mo Efeso kana gaufi le yone mo e ka nnang ka 98 C.E. Mme tota pego eno e ntse jang? Mme mangwe a majana a a tlhokegang ao e nang le one ke afe?
Bontsi jwa Lone Le Na Le Dintlha Tse Di Tlatseletsang
Johane o ne a tlhopha dintlha, a boeletsa go le gonnye fela ga seo Mathaio, Mareko le Luke ba neng ba kwadile ka sone. Eleruri, pego ya gagwe ya dilo tseo a di boneng ka matlho bontsi jwa yone e na le dintlha tseo di tlatseletsang ka gonne go feta 90 lekgolong ya yone e akareletsa dintlha tseo di sa umakiwang mo Makwalong a mangwe a Efangele. Ka sekai, ke ene fela yo o re bolelelang kaga go nna gone ga ga Jesu pele ga a nna motho le gore “Lehoko a tla a nna nama.” (1:1-14) Lemororo bakwadi ba bangwe ba Makwalo a Efangele ba bolela gore Jesu o ne a phepafatsa tempele fa a ne a wetsa bodihedi jwa gagwe, Johane o bolela gore Keresete gape o ne a dira jalo fa a ne a bo simolola. (2:13-17) Moaposetoloi yono yo o tsofetseng ke ene fela yo o re bolelelang kaga dikgakgamatso dingwe tseo di neng tsa dirwa ke Jesu, tse di jaaka go fetola metsi gore e nne bojalwa, go tsosiwa ga Lasaro yo o neng a sule, le go tshwara ditlhapi ka tsela ya kgakgamatso morago ga go tsoga ga Gagwe.—2:1-11; 11:38-44; 21:4-14.
Bakwadi ba bangwe botlhe ba Makwalo a Efangele ba bolela ka moo Jesu a neng a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe ka gone, mme ke Johane fela yo o bontshang gore Keresete o ne a neela baaposetoloi thuto malebana le boikokobetso ka go ba tlhapisa dinao mo bosigong jone joo. Mo godimo ga moo, ke Johane fela yo o begang ka dilo tse Jesu a neng a di bua ka tlhamalalo le thapelo eo a neng a ba rapelela yone ka nako eo.—13:1–17:26.
Mo Lekwalong leno la Efangele, leina Johane le lebisitse go Mokolobetsi, mme mokwadi o ipitsa ‘morutwa yo Jesu a neng a mo rata.’ (13:23) Moaposetoloi yono eleruri o ne a rata Jesu, mme lorato lwa rona mo go Keresete le a gola fa Johane a mmitsa Lefoko, senkgwe sa botshelo, lesedi la lefatshe, Modisa yo o Molemo, tsela, boammaaruri, le botshelo. (1:1-3, 14; 6:35; 8:12; 10:11; 14:6) Seno se tlatseletsa boikaelelo jono jwa ga Johane jo a neng a bo tlhalosa jaana: “[Dilo] tse, di kwadilwe gore lo dumèlè ha Yesu e le Keresete, Morwa Modimo; le gore lo bōnè botshelō mo ineñ ya gagwè ka go dumèla.”—20:31.
Boikokobetso le Boipelo
Lekwalo la Efangele la ga Johane le itsise Jesu jaaka Lefoko le Kwana e e letlanyang maleo mme le tsopola dikgakgamatso tseo di Mo supang gore ke “Moitshèpi oa Modimo.” (1:1–9:41) Gareng ga dilo tse dingwe, pego eno e tlotlomatsa boikokobetso le boipelo tsa ga Johane Mokolobetsi. O ne a tlile pele ga Jesu mme o ne a bolela jaana: “Eo kgōlè ea setlhako sa gagwè ke sa chwanèlañ go e hunolola.” (1:27) Ditlhako di ne di hunelwa ka dikgole tsa letlalo. Motlhanka a ka nna a hunolola dikgole tsa ditlhako tsa motho yo mongwe mme a bo a mo tshwarela tsone, ereka seno e ne e le tiro e e tshwanelang batlhanka. Ka jalo Johane Mokolobetsi o ne a bontsha boikokobetso le go bontsha go itse ka moo eseng wa sepe ka gone fa a bapisiwa le Mong wa gagwe. Seno ke thuto e e molemo, ka gonne ke batho ba ba leng boikokobetso fela bao ba tshwanelang tirelo ya ga Jehofa le ya Kgosi ya gagwe ya Bomesia!—Pesalema 138:6; Diane 21:4.
Mo boemong jwa gore a tlhoye Jesu ka boikgogomoso, Johane Mokolobetsi o ne a bolela jaana: “Tsala ea monyadi, eo o emeñ a mo utlwa, o itumèlèla lencwe ya monyadi thata: me ke gōna boitumèlō yo yoa me bo dihetse.” (3:29) Jaaka moemedi wa monyadi, tsala ya monyadi e ne e dira dithulaganyo tsa lenyalo, ka dinako tse dingwe e rulaganyetsa lenyalo le go isa dimpho kwa monyadiweng le go rulaganyetsa bogadi jo bo yang go rra-monyadiwa. Mothusi yono o ne a na le lebaka la go itumela fa tiro ya gagwe e ne e weditswe. Ka mo go tshwanang, Johane o ne a ipelela go kopanya Jesu mmogo le maloko a ntlha a monyadiwa wa Gagwe. (Tshenolō 21:2, 9) Ereka ditiro tsa tsala ya monyadi di ne di tsaya lobaka lo lokhutshwane fela, jalo tiro ya ga Johane e ne ya fela ka bonako. O ne a nna a ngotlega, fa Jesu ene a ne a ntse a gola.—Yohane 3:30.
Lorato lwa ga Jesu mo Bathong
Kwa sedibeng se se neng se le gaufi le motse wa Sikara, Jesu o ne a bolelela mosadi mongwe wa Mosamaria kaga metsi a tshwantshetso ao a nayang botshelo jo bosakhutleng. Fa barutwa ba gagwe ba ne ba goroga, “ba gakgamala ka a bua le mosadi.” (4:27) Ke ka ntlhayang fa ba ile ba arabela jalo? Mme kana Bajuda ba ne ba nyatsa Basamaria mme ba ne ba sa dirisane ka gope le bone. (4:9; 8:48) Gape e ne e le selo se se sa tlwaelegang gore morutisi wa Mojuda a bue le mosadi mo pepeneneng. Mme lorato lwa ga Jesu lwa boutlwelo botlhoko mo bathong lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a neele bosupi jono, mme ka ntlha ya seo, baagi ba motse oo “ba ne ba ea kwa go èna.”—4:28-30.
Go rata batho go ne ga tlhotlheletsa Jesu gore a bolele jaana: “Ha moñwe a nyōrilwe, a a tlè mo go nna, a nwè.” (7:37) Ka mo go bonalang ka gone, o ne a bua jalo a lebisitse go moetlo oo go neng go okeditswe ka one mo Moletlong wa Diobo wa malatsi a le robedi. Moso mongwe le mongwe ka sebaka sa malatsi a le supa, moperesiti o ne a ga metsi go tswa mo sedibeng sa Siloame mme a a tshololela kwa ntle kwa motlaaganeng wa tempele. Gareng ga dilo tse dingwe, seno go ne go bolelwa fa se ne se emela go tshololwa ga moya. Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E., moya wa Modimo o ne wa tlhotlheletsa balatedi ba ga Jesu gore ba tseye metse a a nayang botshelo ano ba a ise kwa bathong lefatshe ka bophara. Mongwe le mongwe a ka bona botshelo jo bosakhutleng fela go tswa kwa go Jehofa, ebong “mocwedi oa metse a a tshedileñ” ka Keresete.—Yeremia 2:13; Isaia 12:3; Yohane 17:3.
Modisa Yo O Molemo Oa Re Kgathalela!
Go rata batho ga ga Jesu go bonala mo seabeng sa gagwe jaaka Modisa yo o Molemo yo o kgathalelang balatedi ba gagwe ba seka-dinku. Tota le eleng ka nako ya fa loso lwa gagwe lo ne lo atamela, Jesu o ne a neela barutwa ba gagwe kgakololo e e lorato mme a ba rapelela. (10:1–17:26) Go farologana le legodu kana senokwane, o tsena mo lesakeng ka mojako. (10:1-5) Lesaka e ne e le lefelo leo dinku di neng di tlhatlhelwa mo go lone bosigo gore di sirelediwe kgatlhanong le magodu le dibatana. Le ne le ageletswe ka lorako, gongwe le na le dikala tse di nang le dimmitlwa fa godimo, le mojako o o neng o disiwa ke modisa.
Matsomane a badisa ba le mmalwa a ne a ka tsenngwa mo lesakeng le le lengwe, mme dinku di ne di arabela fela fa di utlwa lentswe la modisa yo eleng wa tsone. Mo bukeng ya gagwe ya Manners and Customs of Bible Lands, Fred H. Wight o bolela jaana: “Fa go tlhokafala gore go kgaoganngwe matsomane a le mmalwa a dinku, badisa ka go latelana ga bone ba ne ba ema mme ba goeletsa jaana: ‘Tahhoo! Tahhoo!’ kana a dire modumo mongwe o o tshwanang le ono o a o ratang. Dinku di tsholetsa ditlhogo tsa tsone, mme morago ga gore di itlhaole jalo, di simolola go latela nngwe le nngwe e latela modisa yo eleng wa yone. Di tlwaelane thatathata le lentswe la modisa wa tsone. Batho bao di sa ba itseng gantsi ba ile ba leka go di bitsa ka tsela e e tshwanang, mme maiteko a bone a go dira gore dinku di ba sale morago ka metlha a itaya se fololetse.” Ka mo go kgatlhisang, Jesu o ne a bolela jaana: “Dinku tsa me di utlwa lencwe ya me, me kea di itse, me di ntshale moragō: Me ke di naea botshelō yo bo sa khutleñ.” (10:27, 28) “Lecomanyane” gammogo le “dinku di sele” di utlwa lentswe la ga Jesu, di mo sala morago, mme di ipelela tlhokomelo ya gagwe e e lorato.—Luke 12:32; Yohane 10:16.
Morwa Yo O Ikanyegang ka Metlha wa Modimo
Keresete o ne a ikanyega ka metlha mo Modimong ebile a tlhoma sekao jaaka modisa yo o lorato mo botshelong jwa gagwe jotlhe jwa mo lefatsheng. Kutlwelobotlhoko ya gagwe gape e ne ya bonala ka dinako tsa fa a ne a iponatsa morago ga tsogo ya gagwe. E ne e le lorato lwa kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe loo lo neng lwa tlhotlheletsa Jesu gore a kgothaletse Petere gore a tlhokomele dinku tsa Gagwe.—18:1–21:25.
Jaaka e le ene yo o neng a bapolwa, Jesu o re beela sekao se segolo thata sa go ikanyega go ya losong. Go tlontlololwa go gongwe go a neng a nna le gone fa go ne go diragadiwa polelopele e ne e le fa batlhabani ‘ba ne ba kgaoganya kobo ya gagwe.’ (Pesalema 22:18) Ba ne ba tshela bola gore ba bone gore ke mang yo o neng a ka bona seaparo sa gagwe se se tsenang kafa teng (Segerika, khi·tonʹ), seo se neng se logilwe se sena moroko. (19:23, 24) Seaparo seno se ka logiwa ka ulu kana ka letsela la leloba e le selo se le sengwe fela mme se ne se ka nna sesweu kana sa nna le mebala e e farologaneng. Gantsi se se na matsogo, se ne se aparwa kwa teng ga diaparo mme se ne se fitlha kwa mangoleng kana gongwe le mo mangenaneng. Legale, Jesu o ne a sa rate dilo tse di bonalang, mme o ne a apara seaparo se se ntseng jalo sa boleng jo bo kwa godimo, eleng hempe ya gagwe e e senang moroko.
Mo go nngwe ya dinako tseo Jesu a neng a iponatsha ka tsone morago ga go tsoga ga gagwe, o ne a dumedisa barutwa ba gagwe ka mafoko ano: “Kagishō e nnè le lona.” (20:19) Mo gare ga Bajuda, eno e ne e le tsela e e tlwaelegileng ya go dumedisa. (Mathaio 10:12, 13) Mo go ba le bantsi, go dirisa mafoko ano go ka nna ga bo go ne go sa bolele sepe se se kalo. Mme go ne go sa nna jalo ka Jesu, gonne pelenyana o ne a ile a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Kagishō ke e tlogèla le lona; kagishō ea me kea e lo naea.” (Yohane 14:27) Kagiso eo Jesu a neng a e neela barutwa ba gagwe e ne e theilwe mo goreng ba dumele fa e le Morwa Modimo mme e ne e thusa go ritibatsa dipelo tsa bone le megopolo ya bone.
Ka mo go tshwanang, le rona re ka nna le “kagishō ea Modimo.” Ekete re ka anaanela thethebalo eno e e ka sekang ya bapisiwa le epe e e nnang gone ka ntlha ya kamano e e atamalaneng le Jehofa ka Morwaawe yo o rategang.—Bafilipi 4:6, 7.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.