LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 4/15 ts. 3
  • Go Lora ka Kagiso ya Lefatshe—Ke Toro E E Phoso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lora ka Kagiso ya Lefatshe—Ke Toro E E Phoso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Mang Yo o Ka Lereng Kagiso ya Goyagoile?
    Tsogang!—1996
  • Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?
    Tsogang!—2004
  • Matshosetsi a Nuklea—A Tloseditswe Ruri!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Matshosetsi a Nuklea—A Kgakala le go Fela
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 4/15 ts. 3

Go Lora ka Kagiso ya Lefatshe—Ke Toro E E Phoso

GO LEBELELA kagiso mo lefatsheng go ile magoletsa. Mo karolwaneng ya gagwe mo pampiring ya dikgang The Toronto Star, Carol Goar o ne a kwala jaana: “Ditumalano tsa kagiso di ntsifala go tswa Afghanistan go ya kwa Angola. Dintwa tsa dikgaolo tseo di neng di lebega di ka seka tsa khutla dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng jaanong di bonala fa di fokotsega. Mme Lekgotla la Merafe E E Kopaneng jaanong le lebega le tsalwa sesha ka mo go kgothatsang.” Seno, go bolela Goar, se ile sa dira gore go nne le “kgogodi ya tsholofelo mo kgolokweng yotlhe.” Karolwana ya dikgang mo USA Today e ne ya bua jaana ka mo go tshwanang: “Kagiso e simolola go bonala gongwe le gongwe mo lefatsheng.”

Seo re se tlhokomelang segolo bogolo bosheng jaana e ne ya nna seo UN Chronicle e neng ya se tlhalosa jaaka “dikamano tsa botsalano tse di tswelelang pele gareng ga Soviet Union le United States.” Go gogelwa morago ga masole, ditiragalo tse di gakgamatsang tsa kwa Yuropa Botlhaba, go bua ka go fokotsa masole le dibetsa—ditiragalo tseno di ile tsa dira gore go solofelwe gore mebuso e megolo kwa bokhutlong e ka emisa dibetsa. Mo lefatsheng leo go begwang fa madi a a senngwang mo bosoleng e le diranta tsa dibilione tse 2,2 ka ngwaga, eno ke tebelelo eo botlhe ba e itumelelang.

Lefa go ntse jalo, a go lebega toro ya motho ya go nna le kagiso e tla diragala? Le eleng batho bao ka gale ba lebeletseng dilo tse di molemo ba dumela gore ke kgato e kgolo thata go tswa mo go fokotseng dibetsa go ya mo go di senyeng gotlhelele. Go senya dibetsa tsa nuklea go batla go ikanyega ka selekanyo se se rileng. Lefa go le jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore mebuso e megolo mo hisitoring ya yone e ile ya seka ya ikanyega. Ke fela jaaka Bibela e ne ya perofesa gore mo motlheng ono wa rona batho ba ile ba itshupa e le ba ba sa “batleng go dira ditumalano dipe [“ba ba senyang ditumalano tsa go latlha dibetsa,” King James Version].”—2 Timotheo 3:3.

Kwantle ga moo, ga se mongwe le mongwe yo o tlhatswegileng pelo gore go tlosiwa ga dibetsa tsa nuklea go tla tlisa kagiso. Le eleng fa merafe e ka patelediwa go nyeletsa dibetsa tsa bone tseo ba di kokoantseng tsa nuklea, dibetsa tse di tlwaelegileng di ka nna tsa bolaya fela ka mo go tshwanang. Dintwa tsa Lefatshe I le II di supela ntlha eno e e utlwisang botlhoko. Mo godimo ga moo, boranyane joo bo tlhokegang go dira dibetsa tseno tsa nuklea gape bo tla bo bo santse bo le gone—bo eme bo iketleeditse fa go nna le sesupo sepe fela sa ntlha sa go gagogogana mo bopolotiking. Ba bangwe, jaaka rasaense wa dipolotiki Richard Ned Lebow, ba tatalala ka go re: “Go lebega e le gore go boloka dibetsa di sekae fela tsa nuklea di le gone go dira gore batho ba nne ba ntse ba itlhokometse.”

Mme fa fela dibetsa tsa nuklea di santse di le gone, poifo ya go nyelediwa ke nuklea e e sa jeseng diwelang e tla dira gore boiphako bope fela jwa gore go bonwe kagiso e nne selo se se tshegisang fela; mme go tla nna fela jalo ka jaana mathata a e seng a ntwa ao a dirang gore dimilione tsa batho ba le bantsi di bo di sena kagiso mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi a ntse a tswelela. Mokwaledikakaretso wa UN Javier Pérez de Cuéllar o ne a bua ka “boemo jo bo utlwisang botlhoko jwa dimilione tsa baagi bao ba senang magae kana bao ba tshelang ba sena magae a a siameng. Bothata jono bo ntse bo oketsega ka bonya ka bonya.” UN Chronicle e bega gape gore itsholelo e e kwa tlase e ama “bobediborarong jwa batho, mme mo mabakeng a le mantsi e le ka khumanego le mathata ao a tshwanang fela le pogiso e e tlisiwang ke ntwa.” Mme go tweng ka boemo jwa batshabi ba lefatshe ba ba fopholediwang go nna dimilione di le 12? A go fokodiwa ga dibetsa kana le eleng go di tlosa gotlhelele go tla tlisa kagiso mo matshelong a bone?

Ka phepafalo, go lora ga motho ka kagiso ya lefatshe ke toro e e phoso—e e senang temogo, e e sa boneleng kgakala, le e e ka se direng sepe se segolo. A go na le tebelelo e e botoka ya kagiso? Eleruri e gone. Mo ditokololong tse di fetileng tsa makasine ono, re bone gore Bibela e re naya tsholofelo e e tlhomameng ya kagiso.a Go ise go e kae Jesu Keresete, jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o tla tlisa kagiso e e fetang ditebelelo dipe fela tsa motho. Mme kagiso eno eleruri e tla kaya eng mo bathong? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka seno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona “Ke Mang Yo o Tla Isang Batho kwa Kagisong?” mo tokololong ya rona ya April 1, 1990.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela