LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 8/1 ts. 6-7
  • Matshosetsi a Nuklea—A Tloseditswe Ruri!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Matshosetsi a Nuklea—A Tloseditswe Ruri!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Kagiso le Polokesego’—Tse E Eseng tsa Mmatota
  • Kagiso le Polokesego—Tsa Mmatota
  • Baebele e a Reng ka Ntwa ya Nuklea?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Isagwe e e Sireletsegileng Kgabagare!
    Tsogang!—1999
  • Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?
    Tsogang!—2004
  • A go Fedile ka Matshosetsi a Nuklea?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 8/1 ts. 6-7

Matshosetsi a Nuklea—A Tloseditswe Ruri!

MODIMO ga o batle batho ba tshelela mo poifong. Jaaka “Modimo o o itumetseng,” o batla gore ba ipelele kagiso ba bo ba tshele ka polokesego—re ka re fela ka bokhutshwane, ba tshela ba itumetse. (1 Timotheo 1:11, NW) Kwantle ga pelaelo seno se ka se kgonege mo lefatsheng le le tletseng ka matshosetsi a nuklea.

‘Kagiso le Polokesego’—Tse E Eseng tsa Mmatota

Go tshwanetse ga bo go phepafetse gore matshosetsi a nuklea tota ga a fela. Go sa kgathalesege dikhuduego tsa bopolotiki, tsa ikonomi, le tsa loago, go bonala ditšhaba ka kakaretso di santse di na le tsholofelo. Go ile ga nna le maiteko a a tlhomameng a go okobatsa bodiphatsa jono fa e sa le ka Ngwaga wa Kagiso wa Boditšhabatšhaba wa Lekgotla la Ditšhaba Tse Di Kopaneng ka 1986.

The Bulletin of the Atomic Scientists e ne ya busetsa dinaka tsa tshupanako ya yone ya letsatsi la tshenyego kwa morago mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng—e le tsela ya yone ya go bontsha gore go ka kgonega go le kana kang gore go nne le ntwa ya nuklea—go tloga go metsotso e le 3 pele ga bosigogare go ya kwa morago ga metsotso e le 17 pele ga bosigogare. Ka 1989 Stockholm International Peace Research Institute e ne ya bolela gore “tsholofelo ya gore dikgotlhang di ka rarabololwa ka kagiso e na le mabaka a a utlwalang go feta mo ngwageng ope fela fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe II e fela.”

Mo dingwageng tsa bosheng jaana Lekgotla la Ditšhaba Tse Di Kopaneng le ile la neelwa maatla a gore le tseye kgato kgatlhanong le dikgaolo tsa boditšhabatšhaba kwa go nang le dintwa thata teng. Go atlega ga lone, lefa le sa atlega ka dinako tsotlhe, go ne go lekane go dira gore batho ba nne le tsholofelo. Go bonala fa isagwe e tla lere ditlhabologo tse disha le tse di atlegang. Gongwe go goelediwa ga ‘kagiso le polokesego’ go tla ya magoletsa le ka nonofo e kgolo. Batho ba ka nna ba simolola go go dumela.

Mme lo itise! Bibela e tlhagisa jaana: “E tle e re ba nntse ba re, [Kagiso le polokesego, NW] hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle, yaka pèlèga e tle e tlèle mosadi eo o moimana; me ga ba ketla ba halola gopè.” Ka gone, go goelediwa ga ‘kagiso le polokesego’ go tla supa nako ya Modimo ya “go senya ba [ka kgotlelo, nuklea le tse dingwe, ba] senyañ lehatshe.”—1 Bathesalonia 5:3, 4; Tshenolō 11:18.

Ela tlhoko gore Bibela ga e bolele gore ditšhaba di tla fitlhelela ‘kagiso le polokesego.’ Go bonala di tla bua ka yone fela ka tsela e e kgethegileng, ba na le tsholofelo e ba neng ba sena yone pele e bile ba tlhatswegile pelo go feta pele. Dilo tse di tla dirang gore go kgonege go fitlhelela kagiso le polokesego di tla bonala di le gaufi thata go feta le e leng pele. Go sa kgathalesege matshosetsi a nuklea a a ntseng a golela kwa pele, ditšhaba di tla nna di ritibetse di le mo polokesegong e e seng yone.

Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba ne ba tsiediwa. Ba kgatlhegela go leba ka kwa ga kagiso le polokesego tsa batho mme ba lebeletse sengwe se se botoka!

Kagiso le Polokesego—Tsa Mmatota

Go ya ka Pesalema 4:8, kagiso ya boammaaruri le polokesego e ka bonwa fela mo thulaganyong ya ga Jehofa Modimo: “Ke tla rapama, ke ba ke rōbala mo kagishoñ: gonne, Yehofa, ke wèna wesi eo u nkagisañ mo polokegoñ.” Go goelediwa gope fela ga ‘kagiso le polokesego’ mo go sa diriweng kafa tlase ga thulaganyo ya Bogosi jwa ga Jehofa ke kgoeletso ya maaka fela. E ka se fitlhelele sepe se se tlhwatlhwakgolo se se tla nnelang ruri.

Bogosi jwa Modimo tlase ga Keresete ga bo kitla bo tsaya dikgato tsa nakwana fela. Puso ya Modimo ga e tle go fokotsa fela palo ya dibetsa tsa nuklea; e tlile go di nyeletsa tsotlhe fela le dibetsa tse dingwe tsotlhe tsa ntwa. Pesalema 46:9 e solofetsa jaana: “O khutlisa ditlhabanō le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.”

Ka mo go tshwanang, matshosetsi a nuklea a a tlisiwang ke go bo didirisiwa tse di laolang maatla a nuklea di sa bereke sentle le matlakala a marang a a bolayang e tla nna dilo tse di fetileng. Fa go sa nne jalo mafoko ano a tla bo a se boammaaruri: “Moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa: gonne molomo oa ga Yehofa oa mashomōshomō o se buile.” Modimo ga o ka ke wa aka. Ga re na lebaka la go belaela mafoko a gagwe.—Mika 4:4; Tito 1:2.

A o ka itumelela go nna le tebelelo ya go tshela mo lefatsheng le mo go lone matshosetsi a nuklea a tla bong a tloseditswe ruri? O ka kgona, ka gonne Lefoko la Modimo le re tlhalosetsa sentle ka dilo tse di tlhokegang. Ka go di ithuta le go tshela tumalanong le tsone, ka letsatsi lengwe o tla ipelela go bolela jaana ka tshosologo: “Matshosetsi a nuklea—jaanong a tloseditswe ruri!”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go tla rena kagiso mo lefatsheng le lesha la Modimo go sena matshosetsi ape a nuklea

[Motswedi wa Setshwantsho]

M. Thonig/H. Armstrong Roberts

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]

U.S. National Archives photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela