Pego ya Baboledi ba Bogosi
◻ MOAPOSETOLOI Yohane o ne a bua jaana: “A re se rateñ ka molomo hèla, leha e le ka loleme hèla; ha e se ka tihō le boamarure.” (1 Yohane 3:18) Jesu o ne a bolela gore ‘re tshwanetse go rata ba bangwe jaaka re ithata.’ (Mathaio 22:39) Go supa lorato ka ditiro go buelela boammaaruri, jaaka boitemogelo jo bo latelang jo bo tswang kwa Boritane bo bontsha.
Fa Pauline a ne a etela mmaagwe, yo a neng a sule ditokololo tsa mmele, o ne le ka motlha a seka a fitlhela ope koo. Mme ka nako eno, fa a tsena mo ntlong, o ne a utlwa motšhini o o tlhatswang diaparo o dirisiwa ke mongwe mme kwa kamoreng e e kwa godimo mongwe o ne a dirisa motšhini o o phepafatsang khapete. “Go diragala eng, go na le mang fano?” o ne a botsa mmaagwe. Mmaagwe o ne a mo tlhalosetsa gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etetse, ba bona kafa a tshwenyegang ka gone, mme ba ema go mo thusa. Morago ga go dira tiro ya mo legaeng le go mo apeela, ba ne ba nna fa fatshe mme ba re: “A o setse o siame?” “Ba raya mo go eng?” ga botsa Pauline. Mmaagwe o ne a mo tlhalosetsa gore o ne a dumetse go ithuta Bibela. Pauline o ne a etsaetsega gore a o ka nna, mme ereka a ne a tswa kgakala, o ne a botsa gore a go ne go siame gore a ka kopanela mo thutong. O ne a e itumelela mo eleng gore o ne a baakanyetsa gore o tla tla ka lone letsatsi leo beke le beke gore a kgone go kopanela mo go yone ka metlha. Kgabagare, tsala nngwe ya gagwe e ne ya tla le ene, mme jaanong ba kolobeditswe boobabedi. Maloko a le lesome a lone lelapa leo jaanong ke Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya thuto eo ya ntlhantlha! Ee, thuso “ka tihō”!
Moruti O Amogela Boammaaruri kwa New Guinea
◻ Mo motlheng wa ga Jesu baperesiti bangwe ba ne ba amogela thuto ya ga Jesu. Baruti bangwe ba ba dipelo di ikanyegang gompieno le bone ba dira jalo, jaaka go bontshiwa ke boitemogelo go tswa kwa dinageng tse di kwa godimo tsa New Guinea, jaaka go bega molebedi wa potologo. O anela jaana: “Monna mongwe yo o rutegileng thata wa moruti wa Pentekosete, o ne a aga kerekenyana e nnye gaufi le Holo ya Bogosi. Mokaulengwe mongwe go tswa mo phuthegong eno o ne a mo neela bosupi, mme o ne a lebega a le botsalano. Go ise go e kae morago ga seno, ke ne ka etela phuthego eno mme ka nna le mokaulengwe yono yo a neng a sa nne kgakala le ntlo ya moruti. Mo maitseboeng a ntlha fa ke sena go goroga, monna yono o ne a tla kwa go rona a tshotse Bibela ya gagwe, a na le setlhopha se segolo sa batho ba ba tswang kwa phuthegong ya gagwe. Botlhe ba ne ba batla go utlwa molaetsa wa Bogosi. O ne a botsa dipotso tse dintsi, mme re ne ra tlotla jalo go fitlha bosigo. Maitseboa mangwe le mangwe a loeto lwa me, ene le batho bangwe ba ba kgatlhegang ba ne ba tla ba na le dipotso tse di oketsegileng gore di arabiwe. Ke ne ka mo laletsa gore a tle kwa kopanong ya potologo mo bekeng e e latelang, mme o ne a tla le mokaulengwe yoo a neng a mo neela bosupi lantlha. Monna yono o ne a tswelela ka thuto ya gagwe ya Bibela, o tlogetse kereke ya Pentekosete, mme jaanong ke mmoledi wa ka metlha wa mafoko a a molemo.”
Eleruri, go rata ga Modimo ke “gore batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.”—1 Timotheo 2:4.