LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 5/15 ts. 24-26
  • Basupi Ba Ba Tlhaga ba ga Jehofa ba gatela pele!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi Ba Ba Tlhaga ba ga Jehofa ba gatela pele!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MELEMO LE DILO TSE DINGWE
  • GO TLHOMAMA GA HISITORI YA YONE
  • PETERE—MOSUPI YO O IKANYEGANG
  • MAETO A MARARO A BORONGWA A GA PAULO
  • POGISO E A PALELWA
  • BA GATELA PELE KA METLHA
  • Buka ya Bibela ya bo 44—Ditihō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Rera Bogosi Jwa ga Jehofa ka Bopelokgale!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Lefoko la ga Jehofa le A Anama!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Ditiro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 5/15 ts. 24-26

Basupi Ba Ba Tlhaga ba ga Jehofa ba gatela pele!

BASUPI ba ga Jehofa ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le batho ba ba dirang ka bopelokgale le ka botlhaga. Ba ne ba diragatsa thomo eno ya ga Jesu ka botlhaga: “Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa.”—Mathaio 28:19, 20.

Mme re itse jang gore balatedi ba bogologolo ba ga Jesu ba ne ba diragatsa thomo eo ka tlhoafalo? Ebile tota buka ya Bibela ya Ditihō tsa Baaposetoloi e re naya bosupi tota jwa gore e ne e le Basupi ba ba tlhaga ba ga Jehofa, bao ruri ba neng ba gatela pele!

MELEMO LE DILO TSE DINGWE

Go tshwana ga puo le mokgwa wa go kwala go go leng gone fa gare ga Efangele ya boraro le buka ya Ditihō go supa fa di kwadilwe ke mokwadi a le mongwe—Luke, “ñaka e e ratègañ.” (Bakolosa 4:14) Dingwe tsa dilo tsa yone tse di tlhomologileng ke dipuisano le dithapelo tse di kwadilweng mo bukeng ya Ditihō. Mo e ka nnang 20 lekgolong ya buka eno ke dipolelo, jaaka e e neng ya newa ke Petere le Paulo ba tshegetsa tumelo ya boammaaruri.

Buka ya Ditihō e ne ya kwalelwa kwa Roma mo e ka nnang ka 61 C.E. Gongwe ke ka gone e sa umakeng go tlhaga ga ga Paulo fa pele ga ga Kaesare kana pogiso eo Nero a neng a e dira kgatlhanong le Bakeresete mo e ka nnang ka 64 C.E.—2 Timotheo 4:11.

Jaaka Efangele ya ga Luke, Ditihō e ne e lebisitswe go Theofila. E ne e kwaletswe go godisa tumelo le go bega ka go anama ga Bokeresete. (Luke 1:1-4; Ditihō 1:1, 2) Buka eno e neela bosupi jwa gore Jehofa o ne a thusa le go kaela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. E ne e lemosa maatla a gagwe mme e nonotsha tsholofelo ya rona mo boperofeting jo bo tlhotlheleditsweng ke Modimo. Ditihō e re thusa gape go itshokela pogiso, e e re tlhotlheletsang gore re nne Basupi ba ga Jehofa ba ba intshang setlhabelo, le go agelela tumelo ya rona mo tsholofelong ya Bogosi.

GO TLHOMAMA GA HISITORI YA YONE

Luke o ne a kwala maeto a gagwe le Paulo ka e ne e le mopati wa gagwe. O ne a bua gape le bao ba ileng ba bona ka matlho. Dikarolo tseno le patlisiso e e tlhoafetseng di dira pego ya gagwe go nna ya maemo a a kwa godimo fa go buiwa ka go tlhomama ga hisitori.

Ka gone mokanoki William Ramsay o ne a ka re: “Luke ke mokwadi wa hisitori wa maemo a ntlha: dipolelo tsa gagwe di boammaaruri mme ebile di ka ikanngwa, o tlhaloganya hisitori sentle . . . Mokwadi yono o tshwanetse go balelwa le bakwadi ba bagolo ba hisitori.”

PETERE—MOSUPI YO O IKANYEGANG

Tiro e ba e neetsweng ke Modimo ya go rera mafoko a a molemo e ka dirwa fela ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Ka gone fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba amogela moya o o boitshepo, ba ne ba tla nna basupi ba gagwe mo Jerusalema, Judea, le Samaria le “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Ba tladiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete 33 C.E. Ereka e le 9:00 a.m., eleruri ga ba a tagwa, jaaka bangwe ba akanya. Petere o naya bosupi jo bo kgatlhisang, mme go kolobediwa ba le 3 000. Baganetsi ba bodumedi ba leka go didimatsa baboledi ba Bogosi, mme Modimo fa o araba thapelo ya bone o ba kgonisa go bua lefoko la gagwe ka bopelokgale. Fa ba tshosediwa gape, ba araba jaana: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” Tiro e a tswelela jaaka ba tswelela go rera ka ntlo le ntlo.—1:1–5:42.

Go ikaega ga basupi ba gagwe ka moya wa ga Jehofa go ba kgonisa go itshokela pogiso. Ka gone, morago ga gore mosupi yo o ikanyegang Setefane a kgobotlediwe ka maje, balatedi ba ga Jesu ba a falola, mme seno se thusa fela go anamisa lefoko. Filipi wa moefangele o bula tsela mo Samaria. Se se gakgamatsang, mmogisi yo o setlhogo Saulo wa Tareso o a sokologa. Jaaka moaposetoloi Paulo, o utlwa botlhoko jwa pogiso kwa Damaseko mme o falola maano a Bajuda a go mmolaya. Ka bokhutshwane fela, Paulo o kopana le baaposetoloi kwa Jerusalema mme o tswelela pele ka bodihedi jwa gagwe.—6:1–9:31.

Jehofa o thusa le go kaela Basupi ba gagwe, jaaka Ditihō e tswelela pele go bontsha. Petere o tsosa Dorekase (Tabitha) mo baswing. Fa a sena go utlwa boikuelo, o ya go rerela Korenelio, balelapa la gagwe, le ditsala tsa gagwe kwa Kaesarea. Ba kolobediwa jaaka Baditšhaba ba ntlha go nna barutwa ba ga Jesu. Ka gone “diweke di le mashomè a shupa” di a khutla, mme di re fitlhisa mo go 36 C.E. (Daniele 9:24) Go ise go e kae morago ga foo, Herode Ageripa I o bolaya moaposetoloi Jakobe mme o tsenya Petere mo kgolegelong. Mme moaposetoloi yono o gololwa ke baengele mo kgolegelong, mme “lehoko ya Modimo ya tota ya ata.”—9:32–12:25.

MAETO A MARARO A BORONGWA A GA PAULO

Bao ba dirang ka natla mo tirelong ya Modimo jaaka Paulo, ba bona masego. Loeto lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa lo simolola kwa Antioka, kwa Siria. Mookamedi wa masole wa kwa setlhaketlhakeng sa Kupero, Seregio Paulo le ba bangwe ba bantsi ba fetoga badumedi. Johane Mareko o boela kwa Jerusalema fa a le kwa Perega kwa Pamefilia, mme Paulo le Barenabase ba tswelela go ya kwa Antioka wa Pisidia. Bajuda ba simolola pogiso kwa Lusetera. Lefa a ne a kgobotlediwa ka maje mme a tlogetswe go akanngwa gore o sule, Paulo o a fola mme o tswelela pele ka bodihedi. Kgabagare, ene le Barenabase ba boela kwa Antioka kwa Siria, ba wetsa loeto lwa ntlha.—13:1–14:28.

Jaaka setshwani sa sone sa lekgolo la ntlha la dingwaga, Setlhopha sa gompieno se se Laolang se araba dipotso ka thuso ya moya o o boitshepo. Go rupisiwa go ne go se gareng ga “dilō tse di chwanetseñ,” tseo di akaretsang go ‘ithiba mo dilong tse di isediwang medimo ea disetwa ditlhabelo, le mo mading a dilo tse di tlhabilweng, le mo dilong tse di betilweng, le mo boakeng.’ (15:28, 29) Jaaka Paulo a simolola loeto lwa gagwe lwa bobedi la borongwa Silase o tsamaya le ene, mme moragonyana, Timotheo o a ba pata. Ba arabela pitso ya go tshelela kwa Makedonia ka bonako. Bosupi bo felela ka dikhuduego le go tsenngwa mo kgolegelong kwa Filipi. Mme Paulo le Silase ba gololwa ke thoromo ya lefatshe ba bo ba rerela modisakgolegelo le balelapa la gagwe, mme bano ba fetoga badumedi ba ba kolobeditsweng.—15:1–16:40.

Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna baithuti ba ba tlhaga ba Lefoko la gagwe, jaaka Paulo le Baberea ba ba neng ba batlisisa mo Dikwalong. O naya bosupi mo Areopago mo Athena malebana le gore Jehofa ke mmopi, mme bangwe ba fetoga badumedi. Ka jalo bontsi bo supa fa bo kgatlhega kwa Korintha mo a nnang mo motseng oo ka dikgwedi di le 18. Fa a le koo, o kwala Bathesalonia ba Ntlha le ba Bobedi. Fa a kgaogana le Silase le Timotheo, moaposetoloi o ya ka sekepe kwa Efeso, a bo a fetela kwa Kaesarea, a bo a ya kwa Jerusalema. Loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa lo fela fa a boela kwa Siria wa Antioka.—17:1–18:22.

Jaaka Paulo a bontshitse, go neela bosupi ka ntlo le ntlo ke karolo ya botlhokwa ya bodihedi jwa Bokeresete. Mo loetong lwa gagwe lwa boraro (52-56 C.E.) moaposetoloi o tsamaya fa a tsamaileng gone mo loetong lwa bobedi. Bodihedi jwa ga Paulo bo tsosa kganetso kwa Efeso, koo a kwalelang Bakorintha wa Ntlha gone. Bakorintha wa Bobedi o kwalelwa kwa Makedonia, mme o kwalela Baroma fa a le kwa Korintha. Paulo o kopana le bagolwane ba Efeso kwa Mileto, mme o bua kafa a neng a ba ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo ka gone. Loeto lwa gagwe lwa boraro lo felela fa a fitlha kwa Jerusalema.—18:23–21:14.

POGISO E A PALELWA

Pogiso ga e tswale basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa melomo. Ka jalo fa go tlhaselwa ke segopa go simolola kgatlhanong le Paulo kwa tempeleng ya kwa Jerusalema, o neela batho ba ba mo tsogologelang bao bosupi ka bopelokgale. Maano a go mmolaya a kgaupediwa fa a romelwa kwa go Mmusi Felise kwa Kaesarea a na le modisa wa lesole. Paulo o golegwa ka dingwaga di le pedi ka go bo Felise a emetse gore o tla mo naya pipamolomo mme a sa e mo fe. Motlhatlhami wa gagwe, Feseto, o dumalana le boikuelo jwa ga Paulo mo go Kaesare. Lefa go ntse jalo, pele a ya kwa Roma, moaposetoloi o iphemela ka tsela e e tsosang maikutlo mo go Kgosi Ageripa.—21:15–26:32.

Batlhanka ba ga Jehofa ba tswelela pele ba rera ka ba sa tshosiwe ke diteko. Eleruri Paulo le ene o ne a ntse jalo. Moaposetoloi yono o ya kwa Roma le Luke mo e ka nnang ka 58 C.E. ka gonne a ikuetse kwa go Kaesare. Ba pagama sekepe se sengwe gape kwa Mira kwa Lukia. Lemororo ba thubegelwa ke sekepe ba bo ba ema kwa setlhaketlhakeng sa Mileto, moragonyana ba isiwa ke sekepe se sengwe kwa Itale. Lefa a disitswe ke masole kwa Roma, Paulo o bitsa batho mme o ba rerela mafoko a a molemo. Fa a ntse a tshwerwe, o kwalela Baefesia, Bafilipi, Bakolosa, Filemone, le Bahebera.—27:1–28:31.

BA GATELA PELE KA METLHA

Buka ya Ditihō e supa gore tiro e e simolotsweng ke Morwa Modimo e ne ya tsweledisiwa ka bopelokgale ke basupi ba ga Jehofa ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ee, ba ne ba neela bosupi ka bopelokgale ba nonotshiwa ke maatla a moya o o boitshepo wa Modimo.

Ka gonne balatedi ba pele ba ga Jesu ba ne ba ikaega ka Modimo ka thapelo, O ne a ba thusa a bo a ba kaela. Ke ka gone moo diketekete di neng tsa fetoga badumedi, mme ‘mafoko a a molemo a ne a rerelwa lobopo lotlhe tlase ga legodimo.’ (Bakolosa 1:23) Eleruri, ka nako eo le jaanong, Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba itshupa e le basupi ba ba tlhaga ba ga Jehofa ba ba tswelelang pele!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

KORENELIO MOLAODI WA MOPHATO: Korenelio e ne e le molaodi wa masole kana molaodi wa mophato. (10:1) Tuelo ya ngwaga ya molaodi wa mophato e ne e feta ya lesole le le tlwaelegileng go menagane gatlhano, kana didinari di le 1 200, mme e ne e ka feta foo thata. Fa a tlogela tiro o ne a fiwa madi kana setsha sa lefatshe. Diaparo tsa gagwe tsa sesole e ne e le tse di mebala e mentle, go simolola ka kuane ya selefera go fitlha ka seaparo sa sekasekete, kojwana ya boboya jo bontle, le meitshomelo ya metlhafu e e kgabisitsweng. Setlhopha sa molaodi wa mophato gantsi e ne le banna ba le 100, mme ka dinako tse dingwe e ne e nna ba le 80 kana jalo. Bao ba neng ba bidiwa “mophatō o go tweñ oa Itale” go lebega ba ne ba tsewa mo baaging ba Roma le banna ba ba golotsweng ba Itale.

Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

THAPELO KWA GODIMO GA NTLO: Petere o ne a sa feteletse dilo fa a ne a rapela a le esi kwa godimo ga ntlo. (10:9) Lobota leo le neng le dikologile borulelo jo bo sephaphathi joo go lebega le ne la mo sireletsa gore a se bonwe. (Duteronome 22:8) Borulelo joo gape e ne e le lefelo le o ka ikhutsang mo go lone le leo o ka tshabelang modumo wa mo mmileng kwa go lone mo maitsiboeng.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

GO TSEWA GA BONE JAAKA MEDIMO E E MO SEBOPEGONG SA BATHO: Go fodisa ga ga Paulo monna wa segole go ne ga dira gore baagi ba Lusetera ba tseye gore medimo e ne e le mo sebopegong sa batho. (14:8-18) Jupitere (“Zeus,” NW) modimo o mogolo wa Bagerika o ne o na le tempele mo motseng oo, mme morwawe Merekurio (“Hermes,” NW) yoo e neng e le morongwana wa medimo eno, o ne a itsege a le seleta mo puong. Ereka batho ba ne ba akanya gore Paulo e ne e le Merekurio ka gonne a ne a bua thata, ba ne ba leba Barenabase jaaka Jupitere. Go ne go tlwaelegile go rwesa ditshwantsho tsa medimo ya disetwa dithunya kana matlhare a phaene, mme Paulo le Barenabase ba ne ba gana go tshwarwa jalo jaaka medimo ya disetwa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

MODISAKGOLEGELO O A DUMELA: Fa thoromo ya lefatshe e ne e bula dikgoro tsa kgolegelo e bo e golola batshwarwa, modisakgolegelo wa Mofilipi o ne a re o leka go ipolaya. (16:25-27) Ka ntlhayang? Ka gonne molao wa Roma o ne o laola gore modisakgolegelo a otlhaiwe ka kotlhao ya legolegwa fa le ka falola. Ka gone modisakgolegelo o ne a bona go le botoka go swa go na le go bolawa ka go bogisiwa, goo go neng go lebane bangwe ba magolegwa. Lefa go ntse jalo, o ne a amogela mafoko a a molemo, mme “a akoha a kolobediwa, èna le ba gagwè botlhe hèla.”—16:28-34.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

GO IKUELA MO GO KAESARE: Jaaka e ne e le Moroma ka tlhago, Paulo o ne a na le tshwanelo ya go ikuela mo go Kaesare mme a ye go sekisiwa kwa Roma. (25:10-12) Moroma o ne a sa tshwanela go golegiwa, go sotlwa, kana go otlhaiwa fela a sa sekisiwa.—16:35-40; 22:22-29; 26:32.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musei Capitolini, Roma

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

MOTLHOKOMELATEMPELE YA GA DIANA (“ARETEMISE,” NW): A galefisitswe ke go rera ga ga Paulo, Demeterio yo o thulang tshipi o ne a tsosa khuduego. Mme molaodi wa motse wa Efeso o ne a phatlalatsa segopa seo. (19:23-41) Bathudi ba tshipi ba ne ba dira ditempelana tse dinnye tsa karolo e e boitshepo thata ya tempele eo setshwantsho se se tlhomilweng sa modimo wa sesadi wa tsalo o o mabelebele Diana se neng se nna mo go yone. Metse e ne e gaisana gore e bone tlotlo ya go nna ne·o·koʹros, kana “motlhokomela tempele.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

MATHATA KWA LEWATLENG: Fa sekepe se Paulo a neng a le mo go sone se ne se phepheulwa ke phefo e e maatla e e bidiwang Euroaquilo, ‘ba ne ba bo ba retelelwa ke go phamola seketswana.’ (27:15, 16) Seketswana seno e ne e le mokorwana oo o neng o gogiwa ke sekepe se segolo. Sekepe se ne se na le megala eo e neng e ka tlolediwa kafa tlase le mo matlhakoreng gore se bofiwe gore se se ka sa koafadiwa ke pinagare fa go nna le phefo e e maatla. (27:17) Batsamaisasekepe bano ba ne ba ntsha diemisasekepe di le nnè mme ba bofolola ditsamaisasekepe, kana dikota tse di fuduwang sekepe, tseo di dirisediwang go kgweetsa sekepe. (27:29, 40) Sekepe sa Alekesanderia se ne se na le tlhogo ya sone “Mahatlha a Basimane [“Bomorwa Zeuse,” NW]”—Castor le Pollux, bao ba neng ba lejwa jaaka batlamedi ba batsamaisadikepe.—28:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela