LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/15 ts. 32
  • Fa Rraagwemogolo A Ne A Tlhokafala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Rraagwemogolo A Ne A Tlhokafala
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/15 ts. 32

Fa Rraagwemogolo A Ne A Tlhokafala

Mmè mongwe go tswa kwa Virginia Beach, kwa Virginia, o ne a kwala jaana mo tshimologong ya ngwaga ono: “Rre o tlhokafetse mo kgweding e e fetileng. Ba ne ba atamalane thata le morwaake yo mmotlana, go sa kgathalesege gore ba ne ba katogane sekgala se segolo go le kana kang. Fa ke mmolelela gore rraagwemogolo o tlhokafetse, o ne a simolola go lela ka kutlobotlhoko.

“Ke ne ka batla pampitshana ya Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? Fela fa ke e bona, ke ne ka simolola go e mmalela sefatlhego sa gagwe se santse se le metsi ke dikeledi. Fa ke e fetsa, o ne a ritibetse thata. Ke lo lebogela tshedimosetso e e botlhokwa eno, e e neng ya thusa thata ka nako e e botlhoko eno.”

O ka amogela pampitshana e e gomotsang eno, mmogo le tse dingwe, fela ka go tlatsa le go romela foromo e e fa tlase eno.

Ke rata go amogela pampitshana ya Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? mmogo le tse dingwe. (Kwa ntle ga R.S.A., kwalela lekala la Watch Tower la mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela