LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 12/15 ts. 21
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thibelwa go Nyala
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa go Na le Thubakanyo E Ntsi Jaana?
  • ‘Motse wa ga Dafide’ O kwa Kae?
  • “Leina le Lesha”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Bana Bao Baruti ba Tlhakanetseng Dikobo Nabo Ba Senola Se Se Diragetseng
    Tsogang!—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 12/15 ts. 21

Go Lemoga Dikgang

Go Thibelwa go Nyala

Boitsholo jo bo sa siamang jo bishopo mongwe wa Lutere a bo tlhalositseng jaaka “bothata jo bo ntseng bo iphitlhile jo bo nnileng gone ka dikokomana di le dintsi” fa gare ga baruti jaanong kgabagare ‘bo tswetse mo mpaananeng.’ Lefa go ntse jalo, Los Angeles Times e bega gore bo ne jwa tla le “dilo tse di tlhabisang ditlhong tota tse di neng tsa senolwa le dikgetse tsa semolao tse di neng di batla madi a a kwa godimo mo dikereke di le mmalwa di neng tsa felelwa ke madi.” Times e tlhokomedisa gore ba diinshorense ba bolela gore go na le dikgetse tse di fetang 2 000 tsa tlhakanelodikobo e e patelediwang tseo di amang baruti.

Se sengwe gape ke gore balatofadiwa ka bontsi go begwa e le baruti ba Roma Katoliki. A. W. Richard Sipe, ebong ngaka e e alafang batho ba ba tshwenyegileng mo boikutlong le mo tlhaloganyong, le yoo pele e kileng ya bo e le moitlami wa Benedict, o ne a botsolotsa baperisiti ba le 1 000 le banna le basadi ba bangwe ba le 500 bao bontsi jwa bone ba bolelang gore ba ne ba tlhakanela dikobo le maloko a setlhopha sa baruti. Makasine wa Time o bega gore o fopholetsa gore mo e ka nnang halofo ya 53 000 ya baruti ba Roma Katoliki ba mo United States e ile ya se ka ya dira tumalanong le ikano ya yone ya go nna e sa nyala. Go ya ka Sipe, mo e ka nnang 28 lekgolong ya baruti botlhe ba nna mmogo le basadi bangwe, fa 10 go ya go 13 lekgolong e tlhakanela dikobo le banna ba ba godileng, mme 6 lekgolong yone e batla bana, gantsi basimanyana. Go duela melato e e fetang 100 ya go sa itsholeng sentle ga baruti mo dingwageng tse thataro tse di fetileng go ne ga dira gore baeteledipele ba Katoliki ba duele madi a a fa gare ga dimilione di le 260 le di le 780 tsa diranta.

Batho ba bantsi ba akanya gore bontsi jwa mathata ano bo ne bo ka rarabololwa ke fa baruti ba ne ba ka letliwa go nyala. Bangwe ba ka nna ba gakgamala tota go itse gore ga go gope koo Bibela e thibelang badihedi ba Modimo ba Bakeresete gone go nyala. Lefa go ntse jalo, Kereke ya Katoliki, e ile ya nna ya thibela baruti go nyala go tloga ka lekgolo la bo 12 la dingwaga. Se se kgatlhang ke gore Paulo o ne a umaka botenegi jo bogolo joo bo neng bo tla dira gore go tlogelwe kobamelo ya Bokeresete morago ga loso lwa baaposetoloi, fa a ne a kwala jaana “bañwe ba tla tenèga mo tumeloñ, ba tlhōkōmèla meōea e e timetsañ, le dithutō tsa badimo, Ka boitimokanyō yoa batho ba ba buañ maaka, . . . Ba itsa batho go nyala.”—1 Timotheo 4:1-3.

Ke Ka Ntlha Yang Fa go Na le Thubakanyo E Ntsi Jaana?

Canada e ne ya gakgamala ya bo ya tshoga fa e utlwa gore Marc Lepine yo o dingwaga di 25 o ne a bolaile batho ba le bantsi kwa dikagong tsa University of Montreal. O ne a bolaya baithuti ba basadi ba baenjenere ba le 14 setlhogo, a gobatsa baithuti ba bangwe ba le 13, go akaretsa le banna ba le 4, pele a ithuntsha. E ne e le nngwe ya dipolao tse di setlhogo thata mo hisitoring ya morafe. Tonakgolo e ne ya tlhalosa polao eno ya bosenang tlhaloganyo jaaka “masetlapelo a selekanyo se setona tota a motho.”

Go ya ka The Toronto Star, “go nnile le babolai ba ba bolayang batho ba le bantsi ka nako e le nngwe ba le 100 mo United States fa esale ka Ntwa ya Lefatshe II mme bontsi jwa tsone bo diragetse mo dingwageng tse di masome a mabedi tse di fetileng.” Lefa go le jalo, go ntse fela jaaka rraagwe mongwe wa batho ba ba neng ba bolawa ke Lepine a ne a botsa jaana a hutsafetse: “Ke ka ntlha yang fa thubakanyo e le ntsi jaana mo lefatsheng? Ke ka ntlha yang fa batho ba dira ba bangwe jaana?”

Tlhaloso ya Bibela kaga go oketsega ga thubakanyo mo motlheng ono wa rona e phapafetse. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Moya o o maswe o o tswang mo go Satane o busa dikakanyo, dikeletso le ditiro tsa batho ba bantsi go tshwana fela le moya o re o hemang. O ‘tsietsa lefatshe lotlhe’ ka moya wa gagwe wa botsuolodi, bogagapa, le boikgogomoso. (Tshenolō 12:9) Lefa go ntse jalo, baobamedi ba Modimo ba ikgomotsa ka kitso ya gore “lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.

‘Motse wa ga Dafide’ O kwa Kae?

Fa o ne o ka etela kwa Jerusalema, mme wa kopa mongwe gore a go bontshe Thaba ya Sione, gantsi o ne o tla romelwa kwa mmotong, kana kwa thoteng, eo e namang go ya kwa borwa jwa Motse wa Bogologolo. Thabana eno eo molelwane wa yone kafa botlhaba e leng Mokgatsha wa Tyropoeon mme kafa bophirima e le Mokgatsha wa Hinoma, e tshwaiwa ka Kereke ya Dormition, e e nang le serotobolo se se motsu kwa godimo.

Lefa go ntse jalo, dimmapa le ditshwantsho tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower di supa Thaba ya Sione e le thotana e nnye e e kafa botlhaba jwa se gompieno se bidiwang Thaba ya Sione. Thotana eno e kgaoganngwa le e e tshwanang le yone eno e e kafa bophirima ke Mokgatsha wa Tyropoeon mme Mokgatsha wa Kidron o dira molelwane kafa botlhaba.

Ke lefe la mafelo a mabedi ano leo le tshwayang lefelo la Thaba ya ntlhantlha ya Sione? Makasine wa Biblical Archaeology Review (May/June 1990) o dumalana gore “mmoto o o kafa botlhaba, kana dithotana, ke yone Thaba ya ntlhantlha ya Sione, . . . eo Kgosi Dafide a neng a e thopa mo Bajebuseng.” Fa e sena go wa, boremelelo jo bogolo jono jwa Bajebuse bo ne jwa itsiwe jaaka ‘motse wa ga Dafide,’ oo gape o bidiwang “Sione.” (2 Samuele 5:7) Biblical Archaeology Review e akgela ka gore “baithutamarope ba ile ba bona, kwantle ga pelaelo fela gore karolo ya mmotwana ono,” oo gantsi go bolelwang gore ke thotana e e kafa botlhaba, ke Thaba ya Sione e e bolelwang ke Bibela eleng koo Dafide a neng a tlhoma ntlokgolo e a neng a laola go tswa kwa go yone ebile e le ya bodumedi ya morafe wa Iseraele gone.—2 Samuele 6:11, 12, 17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela