LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/15 ts. 8
  • O A Ba Newa Ebile Ba Tsamaya Nae

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O A Ba Newa Ebile Ba Tsamaya Nae
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O A Ba Newa Ba bo Ba Tsamaya Nae
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Tsenngwa mo Diatleng Tsa Baba ba Gagwe
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ponto Pilato E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Tswa kwa go Pilatwe go Ya kwa go Herode le go Boela kwa go Ene Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/15 ts. 8

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

O A Ba Newa Ebile Ba Tsamaya Nae

FA PILATWE a leka go golola Jesu ka a sotlilwe thata gonne a bona a didimetse fela ka tlotlo, baperesiti ba bagolo ba shakgala tota. Ga ba batle go letla sepe go kgoreletsa boikaelelo jwa bone jo bo phoso. Ka jalo ba tlhaeletsa gape jaana: “Mmapolè, mmapolè.”

“Mo itseeleñ, lo mmapolè,” Pilatwe o araba jalo ka go tenega. Go farologana le kafa ba neng ba bolela ka gone pele, Bajuda ba ka kgona go bolaya senokwane ka melato ya bodumedi e e masisi. Morago, mo e ka nnang lekgetlo la botlhano, Pilatwe o bolela gape gore Jesu ga a na molato ope ka go bua jaana: “Ga ke bone molato opè mo go èna.”

Bajuda jaanong fa ba bona melato ya bone ya sepolotiki e ba neng ba e mo pega e sa kgone go nna le matswela, ba boela gape mo go mo pegeng molato wa bodumedi wa go tlhapatsa o ba neng ba o dirisa dioura pele ga foo kwa tshekong ya ga Jesu fa pele ga Sanehederine. “Re na le molaō,” ba bolela jalo, “me kaha molaoñ ouō, o chwanetse go shwa, ka go bo a itihile Morwa Modimo.”

Molato o ba o mo pegang ono o mosha mo ditsebeng tsa ga Pilatwe, mme o mo dira gore a boife thata. Jaanong o lemoga gore Jesu ga se motho fela, fela jaaka toro ya mosadi wa gagwe le nonofo e e gakgamatsang le botho jwa ga Jesu di supa. Mme a ke “Morwa Modimo”? Pilatwe o itse fa Jesu a tswa kwa Galilea. Lefa go le jalo a a ka tswa a kile a tshela pele? Fa a boela le ene kwa ntlong ya gagwe ya segosi gape, Pilatwe o mmotsa jaana: “U cwa kae?”

Jesu o didimala fela. O ne a setse a boleletse Pilatwe pele gore ke kgosi, mme gore Bogosi jwa gagwe e ne e se karolo ya lefatshe leno. Mme jaanong tlhaloso epe e e oketsegileng ga e kake ya thusa ka sepe. Lefa go ntse jalo, Pilatwe jaanong o ikutlwa a nyaditswe fa a gana go mo araba, mme o shakgalela Jesu ka mafoko ano: “A ga u bue le nna? A ga u itse ha ke na le thata ea go gu golola, ke bile ke na le thata ea go gu bapola?”

“U ka bo u sena thata epè mo go nna, ha u nu u sa e nèwa e cwa kwa godimo,” Jesu o araba jalo ka tlotlo. O bolela fa Modimo o neile babusi ba batho thata ya go laola dilo mo lefatsheng. Jesu o oketsa jaana: “Ke gōna eo o ntsentseñ mo seatleñ sa gago o na le boleo yo bogolo.” Eleruri, moperesiti yo mogolo Kaiafase le ditsala tsa gagwe mmogo le Judase Isekariota ba na le boikarabelo jo bogolo go feta Pilatwe jwa go tshwara Jesu ka tsela e e sa siamang.

Pilatwe o leka sesha gape go golola Jesu gonne a mo kgatlhile thata ebile a boifa gore a ka tswa a tswa kwa Modimong. Lefa go ntse jalo, Bajuda ba kgala Pilatwe. Ba boeletsa tatofatso ya bone ya sepolotiki, ba tshosetsa jaana ka maano a bonokwane: “Ha u golola monna eo, ga u tsala ea ga Kaesare: moñwe le moñwe eo o itihañ kgosi o tlhabana le Kaesare.”

Lemororo seo ba se buang se kaya sengwe se se masisi, Pilatwe o ntshetsa Jesu kwa ntle gape. “Bōnañ Kgosi ea lona!” o ikuela gape mo go bone.

“A a eè koñ, a a eè koñ, mmapolè!” ba araba jalo.

“A ke tla bapola Kgosi ea lona?” Pilatwe o ba botsa jalo a tlaletswe.

Bajuda ba ne ba goga bokete tota mo pusong ya Baroma. Eleruri, ba ne ba sa batle puso ya Roma le eseng! Lefa go le jalo, baperesiti ba bagolo ba bua ka boitimokanyo ba re: “Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare.”

Ka a ne a boifa go latlhegelwa ke maemo a gagwe a sepolotiki le go senyega leina, Pilatwe kgabagare o ineela mo dilong tseo Bajuda ba di batlang ka go bo ba mo tshosetsa ba sa fetse. O ba naya Jesu. Masole a apola Jesu seaparo se se bohibidu jo bo mokgona me a mo apesa kobo ya gagwe ya kafa ntle. Fa Jesu a tsewa jalo go ya go bapolwa, o rwadisiwa kota ya gagwe ya pogisetso.

Jaanong ke fa gare ga moso wa Labotlhano, ka Nisane 14; gongwe ebile go setse go ela motshegareng. Jesu ga a ise a ko a robale fa e sale Labone mo mosong, mme o ne a ntse a sotliwa botlhoko kgapetsa. Ga go na pelaelo epe ya gore Jesu jaanong o feletswe ke nonofo ya go sikara kota e e bokete eo. Ka jalo, mofeti mongwe, Simone wa Kurene e e mo Afrika, o laelwa gore a e rwale. Fa ba ntse ba tsamaya, batho ba bantsi ba mo sala morago, go akaretsa le basadi ba ba tsamayang ba itshwere mahuma ka go hutsafelela le go lelela Jesu.

Fa a retologela mo basading bao, Jesu o bolela jaana: “Bomorwadia Yerusalema, Se nteleleñ, me lo itelèlè, lo bo lo lelèlè bana ba lona. Gonne, bōnañ, metlha ee tla, e ba tla buañ mo go eōna, ba re, Go segō meopa, le dibopèlō tse di eseñ di ke di belege, le mabèlè a a e señ a ke a amuse. Hoñ ba tla simolola go raea dithaba, ba re, Re weleñ godimo; le makgabana, ba re, Re khurumetseñ. Gonne ha a diha dilō tse mo setlhariñ se se tala, go tla dihwa eñ mo go se se omeletseñ?”

Jesu fano o bua ka setlhare sa morafe wa Bajuda, seo se santseng se na le bokgolanyana jwa botshelo mo go sone gonne Jesu le masalela a a dumelang mo go ene ba santse ba le gone. Mme fa bano ba ntshiwa mo morafeng oo, go sala fela setlhare se se suleng semoyeng, ee, tsamaiso e suleng ya morafe. Abo go tla baka selelo jang ne fa masole a Baroma, ao a dirang jaaka babolai ba Modimo a tla go nyeleletsa ruri morafe wa Bajuda! Yohane 19:6-17; 18:31; Luke 23:24-31; Mathaio 27:31, 32; Mareko 15:20, 21.

◆ Baeteledipele ba bodumedi ba latofatsa Jesu ka eng fa tatofatso ya bone ya sepolotiki e sa ba solegele molemo?

◆ Ke ka ntlha yang fa gongwe Pilatwe a boifa?

◆ Ke mang yo o nang le boleo jo bogolwane ka seo se diragalelang Jesu?

◆ Baperesiti ba dira jang gore Pilatwe a ba neye Jesu gore ba mmolaye?

◆ Jesu o raya basadi ba ba mo lelelang a reng, mme o kaya eng fa a bua ka setlhare “se se tala” se morago se tla ‘omelelang’?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela