Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Tswa kwa go Pilatwe go Ya kwa go Herode le go Boela kwa go Ene Gape
FA BAJUDA ba sena go latofatsa Jesu ka go bolela gore a re ke kgosi, Pilatwe o tsena gape mo legaeng la mmusi mme o mmotsaka dipotso. Lemororo Jesu a sa leke ka gope go fitlha gore ke kgosi, o tlhalosa gore Bogosi jwa gagwe ga bo tshosetse Roma ka gope.
“Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno,” Jesu o bolelela Pilatwe. “Ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.” Ka gone Jesu o dumela ka makgetlo a mararo gore o na le Bogosi, lemororo e se jwa selefatshe.
Lefa go le jalo, Pilatwe o mmotsa gape jaana go ya kwa pele: “Me a u kgosi?” Ke gore, lemororo Bogosi jwa gago e se karolo ya lefatshe leno a gone o kgosi.
Jesu o batla gore Pilatwe a itse fa a dirile tshwetso e e siameng, ka go araba jaana: “Wèna ua re, Ke kgosi. Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure. Moñwe le moñwe eo e leñ oa boamarure o utlwa lencwe ya me.”
Ee, Jesu mo lefatsheng o ne a tletse fela go supa kaga “boamarure,” segolobogolo boammaaruri kaga Bogosi jwa gagwe. Jesu o iketleeditse go ikanyega mo boammaaruring joo lefa go tla batla gore a duele ka botshelo jwa gagwe. Lemororo Pilatwe a botsa ka gore: “Boamarure ke eñ?” ga a emele tlhaloso e e oketsegileng. O utlwile go go lekaneng gore a ka kgona go bolela katlholo.
Pilatwe o boela kwa boidiiding jwa batho jo bo emeng kafa ntle ga ntlo ya gagwe ya segosi. Go lebega Jesu a le fa thoko ga gagwe fa a raya baperesiti ba bagolo le bao ba neng ba na nabo a re: “Ga ke bone molato mo monneñ eo.”
Boidiidi jwa batho bo simolola go gatelela jaana bo galefisitswe ke tshwetso eo: “O hudua seshaba, o simolotse kwa Galilea, a ruta mo Yudea eotlhe go tla go hitlha hano.”
Tsela eno ya Bajuda ya go gagamalela maikutlo a bone e tshwanetse ya bo e gakgamatsa Pilatwe. Ka jalo, fa baperesiti ba bagolo le banna ba bagolo ba tswelela ba ntse ba tlhaeletsa jalo kwa godimo, Pilatwe o retologela kwa go Jesu a bo a mmotsa a re: “A ga u utlwe dilō tse dintsi tse ba di shupañ kaga gago?” Lefa go le jalo, Jesu ga a leke go araba. Go ritibala ga sefatlhego sa gagwe fa a latofadiwa botlhoko jaana go gakgamatsa Pilatwe.
Fa a utlwa gore Jesu ke Mogalilea, Pilatwe o bona tsela ya go ithola morwalo ono. Mmusi wa Galilea, Herode Antipase (Morwa wa ga Herode yo Mogolo), o tlile Tlolaganyong mo Jerusalema, ka jalo Pilatwe o romela Jesu kwa go ene. Pelenyana ga foo, Herode Antipase o ne a kgaola Johane Mokolobetsi tlhogo, mme jaanong Herode o ne a boifa fa a utlwa ditiro tse di gakgamatsang tseo Jesu a neng a di dira, a boifa gore Jesu tota e ne e le Johane yo a neng a tsositswe mo baswing.
Jaanong, Herode o itumetse tota gore o tlile go bona Jesu. Seno ga se ka gore o amegile ka Jesu kana gore o batla go dira maiteko a go itse gore a seo a latofadiwang ka sone se boammaaruri kana nnyaa. Go na le moo, o batla fela go mmona mme o solofela go bona Jesu a dira kgakgamatso nngwe.
Lefa go ntse jalo, Jesu o gana go dira kafa Herode a neng a lebeletse ka gone. Ebile, o didimala fela fa Herode a mmotsa dipotso. A swabisitswe ke seno, Herode le badisa ba gagwe ba dira metlae ka Jesu. Ba mo apesa seaparo se se phatsimang ba bo ba mo sotla. Morago ba mmusetsa kwa go Pilatwe. Seno se dira gore Herode le Pilatwe bao pele e neng e le baba ba nne ditsala.
Fa Jesu a boa, Pilatwe o bitsa baperesiti ba bagolo, le Babusi ba Bajuda, le batho botlhe a bo a bolela jaana: “Lo tlisitse monna eo kwa go nna, yaka moñwe eo o shōkamisañ seshaba: me bōnañ, ke mmoditse ha pele ga lona, me ke se ka ka bōna molato opè mo monneñ eo kaga dilō tse lo reñ o molato kaga cōna; Nya, leha e le èna Herode; gonne o mmoseditse kwano go rona; me bōnañ, ga go na sepè se o se dihileñ se se chwanetseñ losho. Ke gōna ke tla mo kgwathisañ, ke mo golole.”
Ka gone, Pilatwe o buile gabedi gore Jesu ga a na molato. O iketleeditse go mo golola, ka a lemoga gore baperesiti ba mo tlisitse kwa go ene ka gonne ba le letlhoo. Mme fa Pilatwe a ntse a leka go golola Jesu, o tlhotlhelediwa ke sengwe gape se se nonofileng gore a dire jalo. Fa a ntse a le mo setulong sa gagwe sa boatlhodi, mosadi wa gagwe o romela molaetsa, a mo kopa jaana: “U se ka ua diha sepè ka monna eo o siameñ euō: ka gonne ke bogile dilō di le dintsi gompiyeno mo toroñ [e go lebegang e ne e tswa kwa Modimong] ka ntlha ea gagwè.”
Lefa go le jalo, Pilatwe o tla golola monna yo o senang molato yono jang, jaaka a itse gore o tshwanetse go dira jalo? Yohane 18:36-38; Luke 23:4-16; Mathaio 27:12-14, 18, 19; 14:1, 2; Mareko 15:2-5.
◆ Jesu o araba jang potso e a e bodiwang ya gore a ke kgosi?
◆ “Boamarure” jo Jesu a neng a senya botshelo jwa gagwe jwa selefatshe a neela bosupi ka jone ke eng?
◆ Pilatwe o atlhola jang, mme batho ba itshwara jang, mme Pilatwe o dira Jesu eng?
◆ Herode Antipase ke mang, mme ke ka ntlha yang fa a itumetse thata go bona Jesu, mme o mo dira eng?
◆ Ke ka ntlha yang fa Pilatwe a iketleeditse go golola Jesu?