Boammaaruri Ke Eng Kaga Bethelehema le Keresemose?
“FA RE akanya ka Masaitseweng a Bethelehema ga re kake ra thibela dipotso le dipelaelo tse di tlang mo dikakanyong tsa rona.”—Bethlehem, e e kwadilweng ke Maria Teresa Petrozzi.
‘Ke ka ntlha yang fa go nna le dipotso le dipelaelo?’ o ka nna wa botsa jalo. Lefa go le jalo, ditumelo tse di farologaneng ka Keresemose, le mafelo a a amanang le ditumelo tseno di thailwe mo dintlheng dingwe. A mme go ntse jalo?
O Ne A Tsholwa Leng?
Maria Teresa Petrozzi o ne a botsa jaana mabapi le letlha la botsalo jwa ga Jesu: “Tota Mogolodi o ne a tsholwa leng? Re batla go itse eseng ngwaga fela mme gape le kgwedi, letsatsi, le oura. Ga re ditswerere mo dipalong.” New Catholic Encyclopedia e tshegetsa seno jaana: “Letlha la botsalo jwa ga Jesu Keresete le ka fopholediwa fela.” E bolela jaana mabapi le letlha leo go tweng ke la botsalo jwa ga Keresete: “Letlha la December 25 ga le a lebagana le botsalo jwa ga Keresete mme ke la moletlo wa Natalis Solis Invicti, eleng moletlo wa Seroma wa letsatsi fa le sokologa go tsena setlha se sengwe.”
Ka jalo o ka botsa jaana, ‘Fa e le gore Jesu ga a tsholwa ka December 25, o ne a tsholwa leng?’ Go tswa go Mathaio kgaolo 26 le 27 re tlhaloganya gore Jesu o ne a swa ka nako ya Tlolaganyo ya Bajuda, eo e neng e simolotse ka April 1, 33 C.E. Mo godimo ga moo, Luke 3:21-23 e re bolelela gore Jesu o ne a na le dingwaga tse di ka nnang 30 fa a simolola bodihedi jwa gagwe. Ereka a ne a dihela ka dingwaga di le tharo le sephatlo mo lefatsheng, o ne a na le dingwaga di ka nna 33 1/2 fa a swa. Keresete o ne a tlile go nna le dingwaga di le 34 mo dikgweding tse thataro moragonyana ga foo, ka gone e ne e tla bo e le ka October 1. Fa re balela kwa morago go bona gore Jesu o ne a tsholwa leng, ga re fitlhe mo go December 25 kana January 6, mme go mo e ka nnang ka October 1 wa ngwaga wa 2 B.C.E.
Go bonala gape gore mo kgweding ya December, Bethelehema le tikologo ya yone e nna le maemo a loapi a a tsididi a mariga, dipula tse di tsididi tota, mme ka dinako tse dingwe go na semathane. Motho ga a kake a fitlhela badisa le matsomane a bone kwa ntle bosigo ka nako eo. Seno ga se selo sa bosheng kaga maemo a loapi. Dikwalo di bega gore Jehoiakime kgosi ya kwa Judea “e ne e dutse mo tluñ ea mariga go le kgwedi e e hèrañ o le moñwe hèla [Chislev, e e lebaganeng le November-December]; me go no go tuka molelō mo leishwaneñ ha pele ga eōna.” (Yeremia 36:22) O ne a tlhoka sengwe se se bothitho gore a thutafale. Mo godimo ga moo, re fitlhela bosupi bongwe jo bo phepafetseng mo go Esere 10:9, 13 jwa gore kgwedi ya Chislev e ne e le “setlha sa pula mme go ne go sa kgonege gore motho a eme kwa ntle.” Dilo tsotlhe tseno di bontsha gore maemo a Bethelehema a loapi ka December ga a dumalane le tlhaloso ya Bibela ya ditiragalo tse di amanang le botsalo jwa ga Jesu Keresete.—Luke 2:8-11.
Kwa Lefelong Lefe?
Kgopolo e e siameng kaga lefelo le e neng e le karolo ya seo se tlhotlheleditseng ntwa ya Crimea (1853-56), ‘ntwa e e tsholotseng madi a mantsi’ e mo go yone go neng ga swa masole a le dikete di le lekgolo a Baroma ke efe? A tota lefelo leo ke gone kwa Jesu a tsholetsweng gone?
Sa ntlha, Bibela ka boyone ga e bolele lefelo le le tlhomameng leo Jesu a tsholetsweng kwa go lone. Mathaio le Luke ba tlhomamisa gore botsalo jwa ga Jesu bo ne bo diragatsa boperofeti jwa Bomesia jo bo mo go Mika 5:2, joo bo neng bo boleletse pele gore “eo o tla nnañ molaodi mo Iseraela; eo macō a gagwè a sa leñ a nna a bogologolo,” o ne a tla tswa kwa Bethelehema. (Mathaio 2:1, 5; Luke 2:4) Dipego tseno tsa Efangele ka bobedi jwa tsone di umaka fela dilo tse pedi tsa botlhokwa, ebong, gore Jesu o ne a tsholelwa kwa Bethelehema le gore go ya ka Luke, lesea le ne le phuthetswe ka matsela le robaditswe mo bojelong jwa dipitse.—Luke 2:7.
Ke ka ntlha yang fa bakwadi ba Diefangele ba ne ba se ka ba oketsa ka dilo tse dingwe? Maria Teresa Petrozzi o tlhokomela jaana: “Baefangele ba ne ba tlogela dilo tseno, go lebega e le ka gonne ba ne ba di bona di sena bokao bope.” Ebile tota, go lebega Jesu ka boene a se kile a tlhokomela dintlha dipe tsa botsalo jwa gagwe jaaka tse di nang le bokao jo bo kgethegileng, ka gonne ga go gope kwa a tsopolwang gone a umaka letlha la botsalo jwa gagwe kana lefelo le le kgethegileng leo a tsholetsweng kwa go lone. Le eleng lefa a ne a tsholetswe kwa Bethelehema, Jesu ga a ka a leba lefelo leo jaaka legae la gagwe, mme lefelo la Galilea le ne le bolelwa e le ‘lefatshe la ga gabo.’—Mareko 6:1, 3, 4; Mathaio 2:4, 5; 13:54.
Yohane 7:40-42 fa e balwa e bontsha gore batho ka kakaretso ba ne ba sa itse gore o tsholetswe kae, ba akanya gore o ne a tsholetswe kwa Galilea: “Me bañwe ba re, Ao! a Keresete o cwa kwa Galilea?” The Church of the Nativity, Bethlehem e konela jaana e ikaegile ka seo se kwadilweng mo go Yohane 7:41: “Lebaka la go bo batho ba ne ba bua ka tsela e e ntseng jalo ka bolone ga le ganetse ntlha ya gore Keresete o ne a sa tsholelwa kwa Bethelehema; mme lefa go le jalo le bontsha gore batho ba bantsi ba ba neng ba tshela ka nako ya Gagwe ba ne ba sa itse kaga lone.”
Go phepafetse gore mo nakong ya bodihedi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng ga a ka a tsamaya a bolelela mongwe le mongwe dikgang tsa botsalo jwa gagwe. Lefelo leo a tsholetsweng kwa go lone ga le a ka la tsewa le le botlhokwa. Jalo he, motheo wa go dumela gore Nativity Grotto ke lefelo leo Josefa a neng a isa Maria kwa go lone go ya go tshola ngwana ke ofe?
Petrozzi o ne a dumela fela jaana: “Ga re kgone go itse gore a logaga lono e ne e le longwe lwa magaga a tlholego a a senang palo a a mo tikologong ya Bethelehema, kana e ne e le le le gabilweng leo le neng le dirisiwa jaaka bonno jwa dipitse mo ntlong ya baeng. Lefa go ntse jalo, ngwao e e simolotseng mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la bobedi la dingwaga e phepafetse; ke logaga lwa bonno jwa dipitse.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
Ke Ngwao Fela
Maria Teresa Petrozzi le R. W. Hamilton, mmogo le bakanoki ba ba farologaneng ba hisitori ya Bethelehema, ba bontsha gore Justin Martyr, wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., ke ene wa ntlha go bolela gore Jesu o ne a tsholetswe mo logageng, mme a sa bolele gore e ne e le lofe. Hamilton o konela jaana mabapi le polelo ya ga Justin Martyr: “Go umaka gono go tlhomologile tota, mme go dumela gore St. Justin o ne a akantse ka logaga longwe, le gore gape o ne a umaka Cave of the Nativity, e tla bo e le go leka go ntsha bosupi jo bontsi mo lefokong le le lengwe.”
Hamilton o kwala jaana mo ntlhanyaneng e e kwa tlase: “Pego ya Nativity eo e leng mo ‘Bukeng ya ga Jakobe’ kana ‘Proptevangelium’ tseo eseng karolo ya Bibela, tseo di kwadilweng ka nako e e tshwanang, le tsone di bua ka logaga, mme di lo tlhalosa lo le fa bogareng go ya kwa Bethelehema. Ereka kgang eno e sa kae sepe fela mo hisitoring, e akantsha fela gore ngwao eno ka nako eo e ne e ise e amanngwe le lefelo lepe fela mme eleruri eseng le Cave of the Nativity.”
Bakwadi ba bodumedi ba lekgolo la boraro la dingwaga ebong Origen le Eusebius ba amanya ngwao eo jaaka e ne e itsiwe ka nako eo le lefelo lengwe. Hamilton o bua jaana: “Fela fa kgang eo e ne e ka simolola go bua thata ka logaga longwe ga go a tlwaelega gore e ka nna ya bua ka a mangwe; mme re ka bolela fela gore logaga lo lo neng lwa bontshiwa baeng ka bonako fela morago ga A.D. 200 le ne le tshwana le Cave of the Nativity ya gompieno.”
W. H. Bartlett o ne a bua jaana fela a sena bosupi mo bukeng ya gagwe Walks About the City and Environs of Jerusalem (1842) kaga logaga lono: “Lemororo ngwao ya gore leno ke lefelo le Mmoloki wa rona a tsholetsweng kwa go lone e sa bolo go tlotliwa thata, ebile e umakiwa ke Moitshepi Jerome, yo a neng a tshela a ba a swela mo lefelong le le gaufi le foo, lefelo leno ga le dumalane le se se ka tswang se diragetse, jaaka go a tle go diragale gore ka dinako dingwe dikgaga di dirisiwe jaaka bonno jwa dipitse mo Palesetina, mme seno se kwa tlase thata ga lefatshe gore se bo se ne se ka dirisediwa boikaelelo joo; mme mo godimo ga moo, fa re tlhokomela mokgwa wa baitlami wa go bolela gore ditiragalo dingwe tse di tlhomologileng tsa dikwalo di diragetse mo dikgageng dingwe, gongwe ka go bo mafelo ao a kgatlha, bosupi jo bo leng kgatlhanong le mafelo ao bo lebega bo tlhomame.”
Re ka konela eng ka bosupi jwa hisitori jo re nang najo, mme se se botlhokwa thata, go tswa mo ntlheng ya Dikwalo ya gore Jesu kana bone barutwa ba gagwe ga ba ise ba ko ba lebe lefelo leo a tsholetsweng kwa go lone le le botlhokwa? Go bonala sentle gore fa Kgosigadi Helena, mmaagwe Constantine yo Mogolo, a ne a tlhoma lefelo la Church of the Nativity mo lefelong la yone ka ngwaga wa 326 C.E., o ne a dira seo a ikaegile ka seo se neng se bolelwa ke Hamilton a ‘se amanya le ngwao ya bogologolo.’ E ne e se mo motheong wa bosupi jwa hisitori kana jwa Bibela.
Seno se dira gape gore go konelwe gore lefelo leo Keresete a tsholetsweng kwa go lone ga le itsiwe. Ka gone a go a utlwala gore batho ba ba ikanyegang ba etele kwa mafelong a a jaaka Grotto of the Nativity ba bo ba a tlotle? Fa e le gore eleruri Bakeresete ba ne ba tshwanetse go dira jalo, a Jesu a ka bo a se kile a bolelela barutwa ba gagwe ka selo seo se ba neng ba tshwanetse go se dira kana le eleng gone go bolela fa a ne a eletsa jalo? A se ka bo se sa kwalwa mo Lefokong la Modimo, ebong Bibela, gore batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba se bale? Fela jaaka bosupi jo bo ntseng jalo bo se gone mo Dikwalong tse di Boitshepo, re tla bo re dira sentle go batlisisa seo Jesu a neng a se leba jaaka seo se neng se tshwanela go gakologelwa.
Lefa re ka tlhotlhomisa go le kana kang, re tla fitlhela gore selo se le sengwe fela fela seo barutwa ba ga Jesu ba neng ba tshwanetse go dira segopotso sa sone mo dikokomaneng tsotlhe e ne e le loso lwa gagwe lwa setlhabelo. O ne a swa ka dikgakologo, ka bonako fela fa a sena go ja Tlolaganyo ya bofelo le barutwa ba gagwe. Ka nako eo o ne a laela barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba je dijo tsa tshwantshetso ba dirisa senkgwe se se sa bedisiwang, jaaka matzoth, le beine e khibidu. O ne a ba laela jaana kaga moletlo o o botlhofo ono, oo o neng wa tshwarwa ka April 1, 33 C.E.: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.”—Luke 22:19, 20.
Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tshwara moletlo wa Segopotso sa loso lwa setlhabelo lwa ga Keresete ngwaga le ngwaga, ba ikobela taolo eno ya Dikwalo e e laetsweng ke Jesu ka boene. Ga ba tshwarele pokano eno ya Bokeresete kwa lefelong lengwe le le kgethegileng mo ntlwaneng nngwe e e kwa godimo kwa Jerusalema, ka go bo Jesu ga a ka a ba laela jalo. Mme ba phuthega mo Diholong tsa bone tsa Bogosi le mo mafelong a mangwe fela a a tshwanelang a kwa ba nnang gone mo lefatsheng lotlhe. Moletlo o o latelang o tla nna ka March 30, 1991, fa letsatsi le sena go wela. Re go laletsa gore o nne gone kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e gaufi le legae la gago.
Ga go tlhokege gore o tseele loeto kwa Jerusalema kana kwa Bethelehema fa o batla go utlwa taolo ya ga Jesu ya go tla kwa moletlong o o botlhokwa ono. Jesu kana bone barutwa ba gagwe ba ne ba sa tseye mafelo ano a le botlhokwa gore Bakeresete ba ka ya go obamela kwa go one. Go farologana le seo, Jesu o ne a bolelela mosadi wa Mosamaria, yoo a neng a obamela kwa Gerisima, eleng thaba nngwe kwa Samaria, kwa bokone jwa Jerusalema jaana: “Mosadi, ntumèla, lobaka loè tla, lo lo se ketlañ lo ōbamèla Rara ka lōna mo thabeñ e, leha e le mo Yerusalema. Me lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè.”—Yohane 4:21, 23.
Bao ba obamelang Rara ka moya le ka boammaaruri ga ba ikaege ka mafelo mangwe a a kgethegileng, jaaka Bethelehema, kana ka dilo dingwe, jaaka ditshwantsho, mo kobamelong ya bone. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Ha re sa nntse re le mo gae mo mmediñ, re bo re seeō kwa Moreneñ. Gonne re sepela ka tumèlō, e señ ka pōnō.”—2 Bakorintha 5:6, 7.
Lefa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa jaana, motho a ka obamela jang Modimo ka tsela eo o e amogelang? Nako e e tlang fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a tla kwa mojakong wa gago, tsweetswee mmotse jalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Fa e le mariga, semathane se ka apesa lefatshe gaufi le Bethelehema. A badisa ba ne ba ka robala kwa ntle le dinku tsa bone?
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Church of the Nativity kwa Bethelehema le logaga lwa yone lo lo kafa tlase ga lefatshe
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Garo Nalbandian