LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 12/15 ts. 5-9
  • Botsalo Jwa ga Jesu—Kgang ya Mmatota

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botsalo Jwa ga Jesu—Kgang ya Mmatota
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikaelelo Jwa go di Kwala
  • Go Tsholwa ga ga Jesu Kwa Bethelehema
  • Jehofa o Amogela Batho ba ba Boikokobetso ba ba Batlang Boammaaruri
  • Ngwana Yo o Mo Kotsing
  • Go Tsholwa ga ga Keresete—Se go Se Rayang mo go Wena
  • Se re Ka se Ithutang mo Pegong ya go Tsholwa ga ga Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A Tota Banna ba Bararo ba ba Botlhale Ba ne Ba Etela Lesea Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu—Kwa a Neng a Tswa Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 12/15 ts. 5-9

Botsalo Jwa ga Jesu—Kgang ya Mmatota

AKANYA ka tiragalo nngwe e e itsegeng thata mo hisitoring ya naga ya lona. E begilwe sentle, e kwadilwe ke bakwadi ba hisitori ba bantsinyana. Jaanong, o tla reng fa mongwe a go raya a re tiragalo eo ga e ise e ko e diragale, gore e ne e le tlhamane fela? Kana fa re e dira kgang e e go amang ka namana, o tla reng fa mongwe a bolela gore dilo tse dintsi tse ba lelapa la gaeno ba go di boleletseng ka go tsholwa ga ga rraagomogolo le botshelo jwa gagwe fa a ne a sa le mosha, ke maaka? Mo dikgannyeng tseno ka bobedi, motho yoo o ne a ka go tena. Kwantle ga pelaelo, o ne o se kitla o dumela dilo tseo motlhofo fela!

Le fa go ntse jalo, batshwayadiphoso le bone gompieno ba rata go ganetsa dipego tsa Efangele tse di kaga botsalo jwa ga Jesu tse di kwadilweng ke Mathaio le Luke. Ba bolela gore dipego tseno di ikganetsa fela thata e bile ga di dumalane, le gore ka bobedi jwa tsone di na le maaka a a tlhamaletseng le diphoso tsa hisitori. A seo se ka nna boammaaruri? Go na le gore re dumele ditatofatso tse di ntseng jalo, a re itlhatlhobele dipego tsa Efangele. Fa re ntse re dira jalo, a re ele tlhoko gore di re ruta eng gompieno.

Boikaelelo Jwa go di Kwala

Sa ntlha, re thusiwa go gakologelwa boikaelelo jwa go kwalwa ga dipego tsa Baebele. Ga se dipego tsa botshelo jwa motho; ke Diefangele. Go botlhokwa thata go farologanya dilo tseno. Mo pegong ya botshelo jwa motho, mokwadi a ka nna a tlatsa ditsebe di le dintsi a leka go bontsha gore go tlile jang gore moanelwa wa gagwe e nne motho yo o itsegeng thata jaana. Ka jalo, mo dipegong dingwe tsa botshelo jwa motho go dirisiwa ditsebe tse dintsi go tlhalosa batsadi ba motho yoo, go tsholwa ga gagwe, le tsela e a godileng ka yone. Diefangele tsone ga di a nna jalo. Mo dipegong tse nnè tsa Efangele, Mathaio le Luke ke bone fela ba ba buang ka go tsholwa ga ga Jesu le tsela e a godisitsweng ka yone. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa bone ga se go supa gore go tlile jang gore Jesu e nne motho yo a leng ene. Gakologelwa gore balatedi ba ga Jesu ba itse gore o ne a ntse a le teng e le sebopiwa sa semoya pele ga a ka tla mo lefatsheng. (Johane 8:23, 58) Ka jalo Mathaio le Luke ga ba a ka ba lebisa tlhokomelo mo tseleng e Jesu a godileng ka yone gore ba tle ba tlhalose gore o ne a nna motho yo o ntseng jang. Go na le moo, ba ne ba umaka ditiragalo tse di neng di tshwanela Diefangele tsa bone.

Mme boikaelelo jwa bone jwa go di kwala e ne e le bofe? Lefoko “efangele” le raya “dikgang tse di molemo.” Banna bano ka bobedi ba ne ba na le molaetsa o o tshwanang—gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng, kana Keresete; gore o ne a swela dibe tsa batho; le gore o ne a tsosediwa go ya legodimong. Mme bakwadi ba babedi bano ba ne ba godisitswe ka ditsela tse di farologaneng thata mme ba ne ba kwalela bareetsi ba ba farologaneng. Mathaio yo e neng e le mokgethisi, o ne a kwalela thatathata bareetsi ba Bajuda. Luke yo e neng e le ngaka, o ne a kwalela “motlotlegimogolo Theofilo”—yo a ka tswang a ne a na le maemo mangwe a a kwa godimo—mme gape o ne a kwalela bareetsi ba bantsinyana ba Bajuda le Baditšhaba. (Luke 1:1-3) Mokwadi mongwe le mongwe o ne a tlhopha ditiragalo tse di neng di le botlhokwa thata e bile e le tse di ka tlhatswang bareetsi ba gagwe pelo. Ka jalo, pego ya ga Mathaio e gatelela boporofeti jwa Dikwalo Tsa Sehebera jo bo neng jwa diragadiwa malebana le Jesu. Luke kafa letlhakoreng le lengwe, o dirisa tsela e e tlwaelegileng ya hisitori e bareetsi ba gagwe ba e seng Bajuda ba neng ba ka e tlhaloganya.

Ga go gakgamatse go bo dipego tsa bone di farologana. Mme dipego tseno tse pedi, ga di ganetsane jaaka batshwayadiphoso ba bolela. Di a tlatsana, di dumalana sentle go tlhalosa dilo ka tsela e e feletseng.

Go Tsholwa ga ga Jesu Kwa Bethelehema

Mathaio le Luke ka bobedi ba ne ba bega kgakgamatso e e tlhomologileng e e amanang le go tsholwa ga ga Jesu—o ne a belegwa ke kgarebana. Mathaio o bontsha gore kgakgamatso eno e ne e diragatsa boporofeti jo bo neng bo boleletswe pele makgolokgolo a dingwaga ke Isaia. (Isaia 7:14; Mathaio 1:22, 23) Luke o tlhalosa gore Jesu o ne a tsholelwa kwa Bethelehema ka gonne Josefa le Marea ba ile ba patelesega go ya koo ka gonne Kaesara o ne a laela gore go ikwadisiwe. (Bona lebokoso mo tsebeng 7.) Lebaka la go bo Jesu a tsholetswe kwa Bethelehema le botlhokwa. Makgolo a dingwaga pele ga foo, moporofeti Mika o ne a boleletse pele gore Mesia o tla tswa mo motseng o o bonalang o se botlhokwa gaufi le Jerusalema.—Mika 5:2.

Bosigo jo Jesu a tshotsweng ka jone bo tumile thata e le jone motheo wa ditshwantsho tsa Botsalo. Le fa go ntse jalo, kgang ya mmatota ya teng e farologana thata le se se tshwantshiwang. Rahisitori e bong Luke, yo o umakang go balwa ga batho go go ileng ga dira gore Josefa le Marea ba ye Bethelehema, o re bolelela gape le ka badisa ba ba neng ba le ka kwa nageng le matsomane a bone mo bosigong jo bo botlhokwa joo. Maemo a mabedi ano a ile a dira gore babatlisisi ba le bantsi ba Baebele ba swetse ka gore Jesu a ka se ka a bo a tshotswe ka December. Ba bolela gore Kaesara o ne a ka se ka a pateletsa Bajuda ba ba neng ba setse ba batla go tsuologa gore ba tswe mo metseng ya bone ka nako e e tsididi le ya dipula, e leng selo se se neng se ka galefisa batho bano ba ba neng ba batla go tsuologa. Bakanoki ba bolela le gore, gape go ne go ka se ka ga direga gore badisa ba nne kwa nageng le matsomane a bone mo maemong a bosa a a sa itumediseng ao.—Luke 2:8-14.

Ela tlhoko gore Jehofa ga a ka a tlhopha go itsise baeteledipele ba ba rutegileng ba bodumedi le ba ba neng ba na le tlhotlheletso e kgolo ka nako eo ka ga go tsholwa ga Morwawe, go na le moo o ne a itsise badiri ba ba dirang ka natla ba ba neng ba nna kwa nageng. Bakwadi le Bafarasai ba ka tswa ba ne ba se na sepe le badisa ba tiro ya bone e e ba kgarakgatshang e neng e ba dira gore ba se ka ba boloka dilo dingwe mo molaong o o sa kwalwang. Le fa go ntse jalo, Modimo o ile a segofatsa banna bano ba ba nyatsegang le ba ba ikanyegang ka go ba naya tlotlo e kgolo—barongwa ba baengele ba ne ba ba itsise gore Mesia, yo batho ba Modimo ba neng ba ntse ba mo letile ka diketekete tsa dingwaga, o sa tswa go tsholwa kwa Bethelehema. E ne e le banna bano, e seng “dikgosi tse tharo” tse gantsi di tshwantshiwang mo ditshwantshong tsa Botsalo, ba ba ileng ba etela Marea le Josefa mme ba bona leseanyana leno le le neng le robetse mo bojelong.—Luke 2:15-20.

Jehofa o Amogela Batho ba ba Boikokobetso ba ba Batlang Boammaaruri

Modimo o rata thata batho ba ba boikokobetso ba ba mo ratang mme ba kgatlhegela thata go bona maikaelelo a gagwe a diragadiwa. Eno ke kgang e e gatelelwang ke ditiragalo tse di amanang le go tsholwa ga ga Jesu. Mo e ka nnang kgwedi morago ga go tsholwa ga ngwana, Josefa le Marea ba ne ba mo isa kwa tempeleng go ya ka Molao wa ga Moshe, ba isa tshupelo ya “sebedi sa maeba kgotsa maebarope a mannye a mabedi.” (Luke 2:22-24) Go ya ka Molao go batlega pheleu, mme molao o letlelela gore go ntshiwe tshupelo e e sa jeng madi a mantsi fa e le gore motho o humanegile. (Lefitiko 12:1-8) A ko o akanye ka gone. Jehofa Modimo, Molaodimogolo wa lobopo lotlhe, ga a ka a tlhopha lelapa le le humileng go na le moo o ile a tlhopha lelapa le le humanegileng le Morwawe yo o nosi yo o rategang a tla godisediwang mo go lone. Fa e le gore o motsadi, seno e tshwanetse go nna kgakololo e e tlhamaletseng ya gore mpho e e molemo go di gaisa tsotlhe e o ka e nayang bana ba gago—e e gaisang khumo, kana thuto e e kwa godimo—ke legae le le bayang dilo tsa semoya kwa pele.

Kwa tempeleng, Jehofa o direla baobamedi ba bangwe ba babedi ba ba ikanyegang molemo mongwe. Yo mongwe ke Ana wa motlholagadi yo o nang le dingwaga di le 84, yo “o neng a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha.” (Luke 2:36, 37) Yo mongwe ke monna yo o godileng yo o ikanyegang yo o bidiwang Simeone. Ka bobedi ba itumelela tshiamelo e Modimo a ba e nayang—gore pele ga ba tlhokafala ba bone ene yo e neng e tla nna Mesia yo o solofeditsweng. Simeone o bolela boporofeti bongwe ka ngwana yono. Ke boporofeti jo bo nang le tsholofelo mme gape bo na le khutsafalo nngwe. O bolelela pele gore mmè yo mosha yono e bong Marea, o tla tlhabiwa ka bohutsana ka ntlha ya morwawe yo o rategang.—Luke 2:25-35.

Ngwana Yo o Mo Kotsing

Boporofeti jwa ga Simeone ke kgakololo e e sa bonaleng sentle ya gore ngwana yo o se nang molato yono o tla tlhoiwa. Tota le fa a sa ntse a le lesea, letlhoo leno le a bonala. Pego ya ga Mathaio e tlhalosa boammaaruri jwa seno. Go setse go fetile dikgwedi di le mmalwa, mme Josefa, Marea le Jesu jaanong ba nna mo ntlong nngwe kwa Bethelehema. Ba etelwa ka makgetlo a mantsi ke batswakwa ba sekae ba ba sa ba lebelelang. Go sa kgathalesege se dintshwantsho tse dintsi tsa Botsalo di se tshwantshang, Mathaio ga a tlhalose gore go tlile banna ba le ba kae, e bile ga a re ke “banna ba ba botlhale” mme e bile ga a ba bitse “dikgosi tse tharo.” O dirisa lefoko la Segerika la maʹgoi, le le kayang “balepadinaledi.” Seno se tshwanetse go dira gore mmadi a bone gore go na le bosula bongwe fano, ka gonne bolepadinaledi ke selo se Lefoko la Modimo le se kgalang le se Bajuda ba ba ikanyegang ba neng ba se tila gotlhelele.—Duteronome 18:10-12; Isaia 47:13, 14.

Balepadinaledi bano ba ile ba latela naledi nngwe go tswa kwa botlhaba ba tshotse dimpho tse ba di leretseng “yo o tsetsweng e le kgosi ya Bajuda.” (Mathaio 2:2) Mme naledi eo ga e ba ise kwa Bethelehema. E ba gogela kwa Jerusalema le kwa go Herode yo Mogolo. Ga go na ope yo o nang le bokgoni jo bogolo le boikaelelo jo bo ntseng jalo jwa go utlwisa Jesu yo mmotlana botlhoko. Monna yono yo o boikgodiso wa mmolai o ne a dira gore go bolaiwe maloko a se kae a lelapa la gagwe, ba a neng a ba tsaya e le ba ba kotsi mo go ene.a E re ka a ne a tshwentswe ke go utlwa ka go tsholwa ga “kgosi ya Bajuda” ya isagwe, o roma balepadinaledi gore ba ye go senka Ene yoo kwa Bethelehema. Fa ba ntse ba tsamaya, go diragala sengwe se se gakgamatsang. “Naledi” e e neng e ba eteletse pele go ya Jerusalema e bonala e tsamaya!—Mathaio 2:1-9.

Ga re itse gore a seno e ne e le lesedi la mmatota mo loaping kana e ne e le ponatshegelo fela. Mme gone re a itse gore “naledi” eno e ne e sa tswe go Modimo. Ka bosula jo bo rulagantsweng jono, naledi eno e ne ya isa baobamedi bano ba baheitane ka tlhamalalo kwa go Jesu—ngwana yo go leng motlhofo go mo utlwisa botlhoko le yo o sa kgoneng go iphemela, a sireleditswe fela ke mmetli yo o humanegileng le mosadi wa gagwe. Balepadinaledi bona ba Herode a neng a ba dirisa ba sa itse, ba ne ba ka nna ba boela kwa go mmusaesi yono yo o batlang go ipusolosetsa, ba dira gore ngwana a bolawe. Mme Modimo o nna le seabe mo tiragalong eno ka go dirisa toro mme o ba romela gae ka tsela e nngwe. Ka jalo, “naledi” eo e tshwanetse ya bo e ne e le sedirisiwa sa ga Satane mmaba wa Modimo, yo o neng a ka dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go utlwisa Mesia botlhoko. A bo go tshegisa jang ne go bona “naledi” eno le balepadinaledi ba tshwantshiwa mo ditshwantshong tsa Botsalo e le barongwa ba Modimo!—Mathaio 2:9-12.

Le fa go ntse jalo, Satane ga a itlhoboge. O dirisa Kgosi Herode mo kganyeng eno gore a laele gore masea otlhe a Bethelehema a a kafa tlase ga dingwaga tse pedi a bolawe. Mme Satane a ka se ka a fenya Jehofa. Mathaio o bolela gore Modimo o ne a bonetse pele polao eno e e setlhogo ya bana. Jehofa o ne a kganela Satane gape ka go tlhagisa Josefa ka moengele gore a tshabele kwa Egepeto gore ba sireletsege. Mathaio o bega gore nako nngwe morago ga moo Josefa o ne a fudusa lelapa la gagwe le lennye gape, mme kgabagare ba nna kwa Nasaretha, koo Jesu a neng a golela gone le bomonnawe.—Mathaio 2:13-23; 13:55, 56.

Go Tsholwa ga ga Keresete—Se go Se Rayang mo go Wena

A o iphitlhela o gakgamadiwa ke tshobokanyo eno ya ditiragalo tse di neng tsa direga ka nako ya go tsholwa ga ga Jesu le fa a ne a le ngwana? Bontsi bo a gakgamala. Ba gakgamadiwa ke go bona gore dipego tseno di a dumalana e bile di boammaaruri le mororo batho ba bangwe ba bolelela se se farologaneng le seno kwantle ga go etsaetsega. Ba gakgamadiwa ke go ithuta gore ditiragalo dingwe di ile tsa bolelelwa pele makgolokgolo a dingwaga pele ga di direga. Mme ba gakgamadiwa ke go bona gore dintlha tsa konokono tsa Diefangele di farologana thata le se se tshwantshiwang mo ditshwantshong tse di tlwaelegileng tsa Botsalo.

Le fa go ntse jalo, gongwe se se gakgamatsang le go feta ke gore bontsi jwa mekete e e tlwaelegileng ya Keresemose ga e na dilo tsa botlhokwa tse di bolelwang mo Diefangeleng. Ka sekai, ga go buiwe sepe ka Rraagwe Jesu—e seng Josefa, mme Jehofa Modimo. A ko o akanye fela gore o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa jang fa a ne a naya Josefa le Marea Morwawe yo o rategang gore ba mo godise le go mo tlamela. Akanya fela gore Rara wa selegodimo o tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko jang fa a ne a letla Morwawe go golela mo lefatsheng le mo go lone kgosi e e letlhoo e neng e tla rera loso lwa gagwe ka nako ya fa a ne a sa ntse a le ngwana! Jehofa o ile a tlhotlhelediwa ke go bo a rata batho thata go bo a ile a dira setlhabelo seno.—Johane 3:16.

Gantsi Jesu wa mmatota o a lebalwa mo meketeng ya Keresemose. Ebu, ga go na pego epe ya gore o kile a bolelela barutwa ba gagwe letlha le a tshotsweng ka lone; e bile ga go na bosupi bope jwa gore balatedi ba gagwe ba ne ba keteka botsalo jwa gagwe.

Jesu ga a ka a laela balatedi ba gagwe go keteka botsalo jwa gagwe go na le moo o ne a ba laela go keteka loso lwa gagwe—lo lo ileng lwa nna tiragalo e e botlhokwa thata mo hisitoring. (Luke 22:19, 20) Nnyaa, Jesu o ne a sa batle go gakologelwa e le lesea le le sa kgoneng go iphemela, ka gonne ga a nna jalo gone jaanong. Dingwaga tse 60 fa a sena go bolawa, Jesu o ne a itlhagisa mo go moaposetoloi Johane ka ponatshegelo e le Kgosi e e maatla e e yang tlhabanong e palame pitse. (Tshenolo 19:11-16) Gompieno re tshwanetse go itse Jesu e le Mmusi wa Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, ka gonne ke Kgosi e e tla fetolang lefatshe.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

A Luke O ne A le Phoso?

GO TLA jang gore Jesu, yo o neng a golela kwa Nasaretha mme a itse ge thata e le Monasaretha a bo a ile a tsholelwa kwa Bethelehema, e e leng dikilometara tse di ka nnang 150 go tswa koo? Luke o tlhalosa jaana: “Jaanong mo malatsing ao [pele ga botsalo jwa ga Jesu] Kae-sara Aguseto a ntsha taelomolao ya gore lefatshe lotlhe le le nang le banni le kwadisiwe; (kwadiso eno ya ntlha e ne ya diragala fa Kwiri-nio a ne a le molaodi wa Siria;) mme batho botlhe ba simolola go tsa-ya loeto ba ya go kwadisiwa, mongwe le mongwe kwa motseng wa gagabo.“—Luke 1:1; 2:1-3.

Gantsi batshwayadiphoso ba re temana eno e phoso kana se se fetang moo, ba re ke selo se se itlhametsweng. Ba gatelela gore go balwa gono ga batho le go busa ga ga Kwirinio go diragetse ka 6 kana 7 C.E. Fa e le gore ba nepile, seno se tla dira gore pego ya ga Luke e belaelwe thata, ka gonne bosupi bo akantsha gore Jesu o ne a tsholwa ka 2 B.C.E. Mme batshwayadiphoso bano ba itlhokomolosa ma-baka a mabedi a magolo. Sa ntlha, Luke o a dumela gore go ile ga kwadisi-wa batho ka makgetlo a a fetang le le lengwe—ela tlhoko gore o bua ka “kwa-diso eno ya ntlha.“ O ne a itse sentle ka kwadiso e nngwe e e neng ya tla moragonyana. (Ditiro 5:37) Go kwadisiwa gono ga batho ga moragonyana ke gone go rahisitori mongwe e bong Josephus a neng a tlhalosa gore go ne ga diragala ka 6 C.E. Sa bobedi, go busa ga ga Kwirinio ga go re pateletse gore re tseye gore Jesu o tshotswe ka letlha le le kwa morago leo. Ka ntlha yang? Ka gonne, go bonala fa Kwirinio a ile a busa ka makgetlo a mabe-di. Bakanoki ba le bantsi ba a dumela gore puso ya gagwe ya ntlha e ile ya fela mo e ka nnang ka 2 B.C.E.

Batshwayadiphoso bangwe ba bolela gore Luke o ile a itlhamela go ba-Iwa goo ga batho gore go tle go nne le lebaka la gore go twe Jesu o tsho-letswe kwa Bethelehema, ka tsela e e ntseng jalo a diragatsa boporofeti jwa ga Mika 5:2. Kgopolo eno e dira gore Luke e nne moaki wa ka boomo, mme ga go na motshwayadiphoso ope yo o ka kgonang go amanya tatofatso eo le go bo e ne e le rahisitori yo o setswerere yo o kwadileng Efangele eno le buka ya Ditiro.

Selo se sengwe gape se go se nang motshwayadiphoso ope yo o ka se tlhalosang ke gore: Go balwa goo ga batho ka bogone go ne go diragatsa boporofeti! Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., Daniele o ne a porofeta ka mmusi mongwe yo o tla “dirang gore mokgethisi a ralale kgalalelo ya bogosi.“ A mafoko ano a ile a diragala fa Aguseto a laela gore batho ba balwe kwa Iseraele? Ebu, boporofeti jono bo tswelela pele go bolele-la pele gore Mesia kana “kgosana ya kgolagano,“ o tla “fhujwa“ ka nako ya puso ya mo-tlhatlhami wa mmusi yono. Tota Jesu o ne a “thujwa,“ a bolawa, ka nako ya puso ya mo-tlhatlhami wa ga Aguseto, e bong Tiberio.—Daniele 11:20-22.

[Ditshwantsho]

Kaesara Aguseto (27 B.C.E.-14C.E.)

Tiberio Kaesara (F4-37 C.E.)

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Musée de Normandie, Caen, France

Photograph taken by courtesy of the British Museum

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tota e bile, Kaesara Aguseto o ne a bolela gore go ne go le botoka go nna kolobe ya ga Herode go na le go nna morwa Herode.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Moengele wa ga Jehofa o ne a direla badisa ba ba ikokobeditseng molemo wa go utlwa dikgang tse di molemo tsa botsalo jwa ga Keresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela