Poloka Ke ya Ga Jehofa
“Mo go rona Modimo ke Modimo wa dikgololo.”—PESALEMA 68:20.
1, 2. (a) Ke eng fa re ka re Jehofa ke Motswedi wa poloko? (b) O ka tlhalosa Diane 21:31 jang?
JEHOFA ke Mmoloki wa batho ba ba mo ratang. (Isaia 43:11) Kgosi e e tumileng ya Isaraele e bong Dafide o ne a itse seno go ya ka se se ileng sa mo diragalela ka namana, mme o ne a opela jaana ka pelo yotlhe: “Poloka ke ya ga Jehofa.” (Pesalame 3:8) Moporofeti Jona le ene o ne a dirisa mafoko a a tshwanang fa a ne a rapela thapelo e e amang maikutlo a le mo mpeng ya tlhapi e kgolo.—Jona 2:9.
2 Solomone morwa Dafide le ene o ne a itse gore Jehofa ke Motswedi wa poloko, ka gonne o ile a re: “Pitse e baakanyediwa motlha wa tlhabano, mme phenyo yone e tswa kwa go Jehofa.” (Diane 21:31) Bogologolo kwa Botlhabagare, dipholo di ne di goga megoma, diesele di belesiwa mekgweleo, batho ba pagama bommoulo mme dipitse tsone di dirisediwa ntwa. Le fa go ntse jalo, pele Baiseraele ba tsena ka Naga e e Solofeditsweng, Modimo o ne a laela gore motho yo o neng a tla nna kgosi ya bone mo isagweng “a se ka a intsifaletsa dipitse.” (Duteronome 17:16) Dipitse tsa ntwa di ne di se kitla di tlhokega ka gonne Jehofa o ne a tla boloka batho ba gagwe.
3. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di akanyetsa?
3 Morena Molaodimogolo Jehofa ke “Modimo wa dikgololo.” (Pesalema 68:20) A mafoko a a kgothatsang ruri! Mme gone, ke “dikgololo” dife tse Jehofa a ileng a di dira? O ile a boloka bomang?
Jehofa o Boloka Basiami
4. Re itse jang gore Jehofa o boloka batho ba bomodimo?
4 Batho botlhe ba ba tshelang ka tshiamo ba e leng batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng ba ka ikgomotsa ka mafoko ano a ga moaposetoloi Petere: “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe.” Petere o ne a supa boammaaruri jwa kgang eno ka go bolela gore Modimo “o ne wa se ka wa ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo tala, mme wa boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba supa fa o ne o tlisa morwalela mo lefatsheng la batho ba e seng ba bomodimo.”—2 Petere 2:5, 9.
5. Noa o ne a nna “moreri wa tshiamo” mo maemong a a ntseng jang?
5 Akanya o tshela mo motlheng wa ga Noa. Baengele ba ba iphetotseng batho ba mo lefatsheng. Bana ba baengele bano ba bogisa batho setlhogo, mme lefatshe le ‘tletse ka thubakano.’ (Genesise 6:1-12) Le fa go ntse jalo, Noa ga a letle gore ope a mo fapose ka dikgoka mo go direleng Jehofa. Go na le moo, ke “moreri wa tshiamo.” Ene le lelapa la gagwe ba aga araka mme ga ba na pelaelo epe ya gore boikepo bo tlile go fedisiwa mo motlheng wa bone. Tumelo ya ga Noa e atlhola lefatshe leo. (Bahebera 11:7) Maemo a gompieno a tshwana le a motlha wa ga Noa, a supa gore ke malatsi a bofelo a tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (Mathaio 24:37-39; 2 Timotheo 3:1-5) Ka jalo, jaaka Noa, a le wena o tla itshupa o le moreri yo o ikanyegang wa tshiamo o dira jalo mmogo le batho ba Modimo fa o ntse o letile go bolokwa ke Jehofa?
6. Petere wa Bobedi 2:7, 8 e supa jang gore Jehofa o boloka basiami?
6 Petere o re naya bosupi jo bongwe gape jwa gore Jehofa o boloka basiami. Moaposetoloi yono a re: “[Modimo] o ne wa golola Lote yo o siameng, yo o neng a tshwenyegile thata ka go itlhapedisa mo boitshwarong jo bo repileng ga batho ba ba tlhokomologang molao—gonne monna yo o siameng yoo, ka se a neng a se bona le se a neng a se utlwa fa a ne a nna gareng ga bone letsatsi le letsatsi o ne a tlhokofatsa moya wa gagwe o o siameng ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa bosenangmolao.” (2 Petere 2:7, 8; Genesise 19:1-29) Dimilionemilione tsa batho mo metlheng eno ya bofelo di inaakantse le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Jaaka Lote, a o “tshwenyegile thata ka go itlhapedisa mo boitshwarong jo bo repileng” ga bontsi jwa batho gompieno? Fa go le jalo, e bile o tshela ka tshiamo, o ka nna wa nna mongwe wa batho ba Jehofa a tla ba bolokang fa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e senngwa.
Jehofa o Boloka Batho ba Gagwe mo Bagateleding
7. Tsela e Jehofa a neng a dirisana le Baiseraele ka yone kwa Egepeto e supa jang gore o namola batho ba gagwe mo kgatelelong?
7 Fa fela tsamaiso eno e kgologolo ya dilo e sa ntse e le gone, batlhanka ba ga Jehofa ba tla bogisiwa le go gatelelwa ke baba. Mme gone ba ka nna le tsholofelo ya gore Jehofa o tla ba namola, ka gonne mo nakong e e fetileng o ile a boloka batho ba gagwe ba ba gateletsweng. A re re o ne o le Moiseraele o gateletswe ke Baegepeto mo motlheng wa ga Moshe. (Ekesodo 1:1-14; 6:8) Modimo o itaya Baegepeto ka dipetso ka go latelana. (Ekesodo 8:5–10:29) Fa petso ya bolesome e e bolayang e bolaya maitibolo a Baegepeto, Faro o letla Baiseraele go tsamaya mme moragonyana o kgobokanya masole a gagwe a bo a akofa a ba sala morago. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ene le banna ba gagwe ba a nyelediwa mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekesodo 14:23-28) O opela pina eno le Moshe le Baiseraele botlhe: “Jehofa ke monna wa ntwa; Jehofa ke leina la gagwe. O thabueditse dikara tsa ga Faro mo lewatleng le ntwa ya gagwe; beng ba mephato ba gagwe ba ba tlhophegileng ba nwetse mo Lewatleng le Lehibidu; Madiba a a boteng a ba khurumeditse; ba thabuegetse mo ditsibeng jaaka lentswe.” (Ekesodo 15:3-5) Batho botlhe ba ba gatelelang batho ba Modimo mo metlheng eno ya bofelo le bone ba tlile go welwa ke masetlapelo a a ntseng jalo.
8, 9. Umaka sekai go tswa mo bukeng ya Baatlhodi se se supang gore Jehofa o boloka batho ba gagwe mo bagateleding.
8 Fa Baiseraele ba sena go tsena kwa Nageng e e Solofeditsweng, go ne ga feta dingwaga ba ntse ba atlholwa ke baatlhodi. Ka dinako tse dingwe ba ne ba tle ba gatelelwe ke batho ba sele, le fa go ntse jalo Modimo o ne a tle a dirise baatlhodi ba ba ikanyegang go ba namola. Le mororo le rona re ka nna ra ‘fegelwa ka ntlha ya bagateledi le ba ba re kgoromeletsang kwa le kwa,’ Jehofa o tla re namola ka re le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Baatlhodi 2:16-18, NW; 3:9, 15) Tota e bile, buka ya Baebele ya Baatlhodi e re tlhomamisetsa seno le kaga kgololo e kgolwane e Modimo a tla re neelang yone ka Moatlhodi yo a mo tlhomileng e bong Jesu Keresete.
9 A re boeleng kwa malatsing a ga Moatlhodi Barake. Kgosi Jabine wa Bakanana o ne a fetsa dingwaga tse 20 a gateletse Baiseraele ka tsela e e setlhogo ka go bo ba ne ba inaakantse le kobamelo ya maaka le ka go bo Modimo a ba latlhile. Sisera ke mookamedi wa lesomo le legolo la masole a Bakanana. Mme ‘ga go bonwe thebe, kgotsa lerumo, mo bathong ba le dikete di le masome a manè mo Iseraele’ le mororo palo ya setšhaba e ka tswa e le dimilione di le nnè. (Baatlhodi 5:6-8) Baiseraele ba ikuela mo go Jehofa ba ikwatlhaya. Jaaka Modimo a laetse ka moporofeti wa mosadi Debora, Barake o kgobokanya banna ba le 10 000 mo Thabeng ya Tabore mme Jehofa o gogela baba go ya kwa mokgatsheng o o okangweng ke Tabore. Masole a ga Sisera le dikoloi tsa ntwa di ka nna 900 a ikadile go ralala dipoa tsa noka e e kgadileng metsi ya Kishone. Mme pula e kgolo e tlatsa noka ya Kishone ka metsi gore e bo e penologe. Fa Barake le banna ba gagwe ba fologa Thaba ya Tabore ba le mo puleng ya matlakadibe, ba bona tlhakatlhakano e kgalefo ya ga Jehofa e e bakileng. Banna ba ga Barake ba ripitla Bakanana ba ba tshabang ka ntlha ya letshogo, mme ga go ope wa bone yo o falolang. A bo e le tlhagiso jang ne mo bagateleding ba rona ba go bonalang ba batla go lwa le Modimo!—Baatlhodi 4:3-16; 5:19-22.
10. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Modimo o tla boloka batlhanka ba gagwe ba gompieno mo bagateleding botlhe ba bone?
10 Jehofa o tla boloka batlhanka ba gagwe ba gompieno mo babeng botlhe ba bone ba ba ba gatelelang fela jaaka a ile a boloka Baiseraele ba ba boifang Modimo fa ba ne ba le mo kotsing. (Isaia 43:3; Jeremia 14:8) Modimo o ne a namola Dafide “mo seatleng sa baba botlhe ba gagwe.” (2 Samuele 22:1-3) Ka jalo le e leng le fa re gatelelwa kana re bogisiwa ka go bo re le batho ba ga Jehofa, a re nneng pelokgale gonne Kgosi ya gagwe ya Bomesia e tla re golola mo kgatelelong. Ee, “mewa ya batlhoki o tlaa e boloka. O tla golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong.” (Pesalema 72:13, 14) Kgololo eo e gaufi eleruri.
Modimo o Boloka Ba ba Mo Ikanyang
11. Ke sekao sefe sa go ikaega ka Jehofa se Dafide yo mmotlana a neng a se tlhoma?
11 Fa re batla gore Jehofa a re boloke, re tshwanetse go mo ikanya ka bopelokgale. Dafide o ne a supa fa a ikaegile ka Modimo ka bopelokgale fa a ne a ya go kgatlhantsha Goliate wa mokaloba. Akanya o bona mokaloba yoo wa Mofilisitia a eme fa pele ga Dafide yo mmotlana yo o neng a re: “O tla kwa go nna ka tšhaka le ka lerumo, le ka putlela, mme nna ke tla kwa go wena mo ineng la ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa dintwa tsa Iseraele, yo o mo kgobileng. Jehofa o tlaa go tsenya mo seatleng sa me gompieno; mme ke tlaa go bolaya, ke tlosa tlhogo ya gago; ditoto tsa ntwa ya Bafilisitia ke tlaa di naya dinonyane tsa loapi gompieno, le dibatana tsa naga, gore lefatshe lotlhe le itse fa go na le Modimo mo Iseraele. Le gore, phuthego e, yotlhe, e itse fa Jehofa a sa golole ka tšhaka le ka lerumo; gonne tlhabano ke ya ga Jehofa.” Go ise go ye kae ke fa Goliate a sule mme Bafilisitia ba a fenngwa. Ruri Jehofa o ile a boloka batho ba gagwe.—1 Samuele 17:45-54.
12. Ke eng fa go gopola Eleasare monna yo o pelokgale wa ga Dafide go ka nna ga re thusa?
12 Fa re lebana le babogisi go ka nna ga tlhokega gore re ‘nne pelokgale’ mme re ikanye Modimo ka botlalo. (Isaia 46:8-13, NW; Diane 3:5, 6) Ela tlhoko tiragalo eno e e diragetseng kwa Pasetamime. Baiseraele ba ne ba tshabile masole a Bafilisitia. Le fa go ntse jalo Eleasare, mongwe wa banna ba bararo ba ba pelokgale ba ga Dafide, ene ga a tshereanngwe ke letshogo. O itwela a le nosi mo tshimong ya barele mme o laila Bafilisitia ka tšhaka. Ka gone ‘Jehofa o golola Iseraele ka phenyo e kgolo.’ (1 Ditirafalo 11:12-14; 2 Samuele 23:9, 10) Ga re ka ke ra fenya lesomo la masole re le nosi. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go ka nna ga direga gore re iphitlhele re gateletswe ke baba re le nosi. A ka thapelo re tla ikaega ka Jehofa Modimo wa poloko? A re tla senka thuso ya gagwe e le gore re tile go oka badumedikarona mo babogising?
Jehofa o Boloka Bathokgami
13. Ke eng fa go ne go le thata gore motho a nne a thokgame mo Modimong mo bogosing jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele?
13 Fa re batla gore Jehofa a re boloke, re tshwanetse go nna re thokgame ka dinako tsotlhe. Batho ba Modimo ba bogologolo ba ne ba rakana le diteko tsa methalethale. Akanya ka dilo tse o neng o ka nna wa lebana le tsone fa o ne o tshela mo pusong ya Iseraele ya ditso tse di lesome. Bokgokgontshi jwa ga Rehoboame bo ne bo dirile gore ditso tse di lesome di kgaogane le ene mme di itlhomele bogosi jwa kwa bokone jwa Iseraele. (2 Ditirafalo 10:16, 17; 11:13, 14) Mo dikgosing tsa jone tse dintsi, Jehu e ne e le e e di gaisang tsotlhe, mme le ene ‘o ne a se ka a sepela mo molaong wa ga Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.’ (2 Dikgosi 10:30, 31) Le fa go ntse jalo, bogosi jono jwa ditso tse di lesome bo ne bo na le batho ba ba thokgameng. (1 Dikgosi 19:18) Ba ne ba supa go nna le tumelo mo Modimong, mme o ne a nna le bone. A o nna o thokgame mo go Jehofa le fa tumelo ya gago e lekwa?
14. Ke tiro efe ya go boloka e Jehofa a ileng a e dira mo motlheng wa ga Kgosi Hesekia, mme ke eng se se neng sa dira gore Bababilone ba gape Juda?
14 Go tlhokomologa Molao wa Modimo go go neng go atile mo bogosing jwa Iseraele go ne ga baka masetlapelo. Fa Baasiria ba ne ba e gapa ka 740 B.C.E., ga go pelaelo gore batho bangwe go tswa mo ditsong tsa yone tse di lesome ba ile ba tshabela kwa bogosing jwa Juda jwa ditso tse pedi koo ba neng ba ka obamela Jehofa kwa tempeleng teng. Dikgosi di le nnè mo go tse 19 tsa lotso lwa ga Dafide—Asa, Jehoshafate, Hesekia le Josia—di ne di ineetse mo Modimong ka tsela e e molemo tota. Mo motlheng wa ga Hesekia yo o thokgameng, Baasiria ba ne ba tlhasela Juda ka lesomo le legolo la batlhabani. Modimo o ne a araba topo ya ga Hesekia ka go romela moengele a le mongwe fela go bolaya Baasiria ba le 185 000 mo bosigong bo le bongwe, ka go dira jalo a boloka baobamedi ba Gagwe! (Isaia 37:36-38) Moragonyana, tsela e batho ba neng ba palelwa ke go boloka Molao ka yone le go reetsa tlhagiso ya baporofeti ba Modimo e ne ya felela ka gore Bababilone ba gape Juda le go senya motsemogolo wa yone, Jerusalema le tempele ka 607 B.C.E.
15. Ke eng fa go ne go tlhokega gore Bajuda ba ba neng ba tshwerwe kwa Babilone ba nne le boitshoko, mme kgabagare Jehofa o ile a ba golola jang?
15 Bajuda ba ba neng ba isitswe kwa Babilone ba ne ba tshwanetse go nna le boitshoko gore ba tswelele pele ba thokgame mo Modimong fa ba le kwa botshwarong joo jwa dingwaga tse 70 tse di botlhoko. (Pesalema 137:1-6) Mongwe wa batho bao ba ba neng ba thokgame e ne e le moporofeti Daniele. (Daniele 1:1-7; 9:1-3) Akanya ka boipelo jo a ileng a nna le jone fa go ne go diragadiwa taelo ya ga Kgosi Kurose wa Peresia ka 537 B.C.E., ya go letla Bajuda go boela kwa Juda go ya go aga tempele sesha! (Esere 1:1-4) Daniele le ba bangwe ba ile ba itshoka ka dingwagangwaga, mme kgabagare ba ile ba bona Babilone e menolwa mme batho ba ga Jehofa ba gololwa. Seno se tshwanetse go re thusa gore re itshoke fa re sa ntse re letile go senngwa ga “Babilone o Mogolo,” bodumedi jotlhe jwa maaka.—Tshenolo 18:1-5.
Ka Metlha Jehofa o Boloka Batho ba Gagwe
16. Ke tiro efe ya go boloka e Modimo a ileng a e dira mo motlheng wa ga Mohumagadi Esethere?
16 Ka metlha Jehofa o boloka batho ba gagwe fa ba ikanyega mo go ene. (1 Samuele 12:22; Isaia 43:10-12) Boela morago kwa mo motlheng wa ga Mohumagadi Esethere—mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E. Kgosi Ahasueruse (Xerxes I) o ne a tlhomile Hamane go nna tonakgolo. Hamane o loga leano la go nyeletsa Moretekai wa Mojuda le Bajuda botlhe mo Pusokgolong ya Peresia ka go bo a galefisitswe ke go bo a ganne go mo obamela. O ba baya molato wa gore ga ba ikobele molao, o dira gore ba duedisiwe dituelo tse di boima e bile o letlwa go dirisa mohitshana wa kano wa kgosi go kana setlankana se se ntshang taelo ya gore ba bolawe. Ka bopelokgale Esethere o senolela kgosi gore ke setlogolwana sa Bajuda e bile o senola le leano la boferefere la ga Hamane. Go ise go ye kae Hamane o kaleditswe mo go yone kota e a neng a rulagantse gore Moretekai a bolaelwe mo go yone. Moretekai o tlhongwa go nna tonakgolo, a newa tetla ya gore a letle Bajuda go iphemela. Ba fenya baba ba bone ka phenyo e kgolo. (Esethere 3:1–9:19) Tiragalo eno e tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona gore Jehofa o tla boloka batlhanka ba gagwe ba gompieno ba ba mo ikobelang.
17. Go nna kutlo go ile ga nna le seabe sefe mo go namolweng ga Bakeresete ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba nna kwa Judea?
17 Lebaka le lengwe la go bo Modimo a boloka batho ba gagwe ke gore ba a mo ikobela ene le Morwaawe. A re re o ne o le mongwe wa barutwa ba ga Jesu ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga. O ba laela jaana: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, he itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. He a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.” (Luke 21:20-22) Go feta dingwaga di le dintsi mme o ipotsa gore mafoko ano a tla diragadiwa leng. Bajuda ba a tsuologa ka 66 C.E. Masole a Roma a a eteletsweng pele ke Cestius Gallus a dikaganyetsa Jerusalema a e tlhasela go fitlha fa dipoteng tsa tempele. Ka tshoganyetso, Baroma ba boela morago go sa lebelelwa. Bakeresete ba Bajuda ba tla dira eng? Mo bukeng ya gagwe ya Ecclesiastical History (Buka III, kgaolo V, 3), Eusebius o bolela gore ba ile ba tswa mo Jerusalema le Judea ba tshaba. Ba ne ba bolokwa ka gonne ba ile ba reetsa tlhagiso ya ga Jesu ya boporofeti. A le wena o itlhaganelela go latela kaelo ya Dikwalo e re e newang ka “molebalebi yo o boikanngo” yo o tlhomilweng godimo ga “di tsa ga” Jesu?—Luke 12:42-44.
Poloko ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng
18, 19. (a) Loso lwa ga Jesu lo ile lwa dira gore go kgonege gore go nne le poloka efe, mme e tla bonwa ke bomang? (b) Moaposetoloi Paulo o ne a ititeile sehuba go dira eng?
18 Go reetsa tlhagiso ya ga Jesu go ne ga boloka botshelo jwa Bakeresete ba Bajuda kwa Judea. Mme loso lwa ga Jesu lo dira gore “batho ba mefuta yotlhe” ba kgone go bona poloko ya botshelo jo bo sa khutleng. (1 Timotheo 4:10) Batho ba ne ba simolola go tlhoka go rekololwa fa Adame a sena go leofa, ka go dira jalo a latlhegelwa ke botshelo le go dira gore batho ba nne batlhanka ba boleo le loso. (Baroma 5:12-19) Ditlhabelo tsa diphologolo tse di neng di ntshiwa mo Molaong wa ga Moshe e ne e le setshwano fela sa tsela ya go bipa boleo. (Bahebera 10:1-4) E re ka Jesu ka boene a ne a se na rre wa motho, mme go bonala moya o o boitshepo wa Modimo o ile wa “tshutifalela” Marea ka nako ya fa a ne a ima Jesu go fitlha a mo tshola, o ile a tsholwa a se na boleo bope kana bosaitekanelang. (Luke 1:35; Johane 1:29; 1 Petere 1:18, 19) Fa Jesu a ne a swa e le motho yo o thokgameng, o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go rekolola batho le go ba golola. (Bahebera 2:14, 15) Ka gone, Keresete o ‘intshitse thekololo e e lekanang a e ntshetsa botlhe.’ (1 Timotheo 2:5, 6) Ga se batho botlhe ba ba ka ratang thulaganyo eno ya poloko, le fa go ntse jalo, Modimo o letla gore batho ba ba e amogelang ka tumelo ba bone melemo ya yone.
19 Keresete o ne a rekolola lotsalo lwa ga Adame ka go isa boleng jwa setlhabelo sa gagwe sa thekololo go Modimo. (Bahebera 9:24) Ka gone, Jesu o nna le Monyadiwa o o dirilweng ka balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba 144 000 ba ba tsoseditsweng kwa botshelong jwa kwa legodimong. (Baefeso 5:25-27; Tshenolo 14:3, 4; 21:9) Gape o nna “Rara wa Bosakhutleng” wa batho ba ba dumelang mo setlhabelong sa gagwe ba ba tla amogelang botshelo jo bo sa khutleng. (Isaia 9:6, 7; 1 Johane 2:1, 2) A bo e le thulaganyo e e supang lorato jang ne! Tsela e Paulo a neng a e anaanela ka yone e bonala mo lekwalong la gagwe la bobedi le le tlhotlheleditsweng le a le kwaletseng Bakeresete ba Korintha, jaaka fa setlhogo se se latelang se tla bontsha. Tota e bile, Paulo o ne a ititeile sehuba go se letle sepe se mo thibela go thusa batho ba bangwe go bona thulaganyo ya ga Jehofa ya go boloka le go bona botshelo jo bo sa khutleng.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Re na le bosupi bofe jwa Dikwalo jwa gore Modimo o boloka batho ba gagwe ba ba siameng?
◻ Re itse jang gore Jehofa o boloka batho ba ba mo ikanyang le ba ba nnang ba thokgame?
◻ Ke thulaganyo efe e Modimo a e dirileng gore batho ba bone poloko ya botshelo jo bo sa khutleng?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Dafide o ne a ikanya Jehofa “Modimo wa dikgololo.” A le wena?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ka metlha Jehofa o boloka batho ba gagwe, jaaka a ile a dira mo motlheng wa ga Mohumagadi Esethere