Babadi ba a Botsa
A Tota Banna ba Bararo ba ba Botlhale Ba ne Ba Etela Lesea Jesu?
Ditlhamane tsa Keresemose kwa Amerika Borwa go ela kwa Botlhaba jwa Yuropa le kwa Asia di tlhalosa lesea Jesu le tliseditswe dimpho tse di tlhwatlhwakgolo ke dikgosi tse tharo kgotsa banna ba ba botlhale. A tlhamane eno e boammaaruri? A dintlha tsa yone di a utlwala? Mma re bone.
Diefangele tse pedi, Mathaio le Luke, di tlhalosa ditiragalo tsa go tsholwa ga ga Jesu. Dipego tseno di bontsha gore fa Jesu a tsholwa o ne a etelwa fela ke badisa ba e seng ba maemo ba ba neng ba tswa mo nageng e e fa gaufi. Banna ba go tweng ke dikgosi kgotsa banna ba ba botlhale, totatota e ne e le balepadinaledi e seng dikgosi e bile Baebele ga e tlhalose palo ya bone. Balepadinaledi ga ba a ya kwa go Jesu fa a sena go tsholwa mo bojelong jwa diruiwa, go na le moo, ba ne ba goroga Jesu e setse e le ngwana e bile a nna mo ntlong. Tota e bile go tla ga bone koo go ne ga tsenya botshelo jwa ga Jesu mo kotsing!
Ela tlhoko pego e e kaga go tsholwa ga ga Jesu e e kwadilweng ke mokwadi wa Baebele e bong Luke e e reng: “Go ne go na le badisa ba nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo. Mme ka tshoganyetso moengele wa ga Jehofa a ema fa go bone, mme . . . a ba raya a re: ‘. . . Lo tla fitlhela lesea le phuthetswe ka dihapo tsa matsela mme le letse mo bojelong jwa diruiwa.’ . . . Ba tsamaya ka potlako mme ba fitlhela Marea mmogo le Josefa, le lesea le letse mo bojelong jwa diruiwa.”—Luke 2:8-16.
Josefa, Marea le badisa ke bone fela ba neng ba na le lesea Jesu. Pego ya ga Luke ga e umake ope o sele.
Jaanong ela tlhoko pego ya Baebele e e Boitshepo e e mo go Mathaio 2:1-11 e e reng: “Jaana e rile Jesu a tsalelwa mo Bethelehema wa Jutea, mo metlheng ya kgosi Herote, bonang, banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi ba fitlha mo Jerusalema . . . Ba fitlha ba tsena mo ntlong, ba bona ngwanyana a na le Maria mmaagwe.”
Ela tlhoko gore pego eno e bua fela ka “banna ba ba botlhale” e seng “banna ba ba botlhale ba bararo,” le gore ba ne ba tswa kwa botlhabatsatsi ba ya kwa Jerusalema, e seng kwa Bethelehema kwa Jesu a tsholetsweng gone. Ka nako ya fa ba ne ba goroga kwa Bethelehema, Jesu e ne e le ngwana yo mmotlana—e seng lesea—e bile a sa tlhole a le mo bojelong jwa diruiwa mme a le mo ntlong.
Le fa Baebele e e Boitshepo e dirisa mafoko a a reng “banna ba ba botlhale” fa e bua ka baeng bano, Dibaebele tse dingwe tsone di dirisa lefoko “balepadinaledi.” Go ya ka buka ya A Handbook on the Gospel of Matthew mafoko a a reng “banna ba ba botlhale” a ranola “leina la Segerika le kwa tshimologong le neng le kaya baperesiti ba Baperesia ba e neng e le baitseanape mo thutong ya tepodinaledi.” Mme The Expanded Vine’s Expository Dictionary of New Testament Words e tlhalosa lefoko leno e re ke “ngaka ya bola, moloi, motho yo o ipolelang fa a na le maatla a boselamose le moitseanape mo dilong tsa boloi.”
Le fa tepodinaledi le boloi di sa ntse di le gone gompieno, Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra di dirisa. (Isaia 47:13-15) Ke mefuta mengwe ya go dirisana le meya e bile ke mekgwa e Jehofa Modimo a e ilang. (Duteronome 18:10-12) Leno ke lone lebaka la go bo go se moengele ope wa Modimo yo o neng a itsise balepadinaledi ka go tsholwa ga ga Jesu. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba tlhagisa ka toro gore ba se ka ba ya go begela Kgosi Herode yo o boikepo, e re ka a ne a batla go bolaya Jesu. Ka jalo, “ba tswa ba ya kwa nageng ya bone ka tsela e nngwe.”—Mathaio 2:11-16.
A Bakeresete ba boammaaruri ba ka batla go dirisa kgang e e seng boammaaruri e e kaga go tsholwa ga ga Jesu? Ga go pelaelo gore karabo ke nnyaa.