LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 4/1 ts. 29
  • Ke Mang yo o Neng a Romela “Naledi”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang yo o Neng a Romela “Naledi”?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu le Balepadinaledi
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Balepadinaledi ba Etela Jesu
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ke Mofuta Ofe wa Naledi o o Neng wa Isa “Banna ba ba Botlhale” Kwa go Jesu?
    Tsogang!—2009
  • Banna ba Kaelwa ke Naledi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 4/1 ts. 29

Babadi ba a Botsa . . .

Ke Mang yo o Neng a Romela “Naledi”?

▪ A o kile wa bona ditshwantsho kgotsa difilimi tsa botsalo jwa ga Jesu tse di bontshang dikgosi tse tharo kgotsa banna ba ba botlhale ba etetse losea lo lo sa tswang go tsholwa e bong Jesu lo letse mo bojelong jwa diruiwa? Go ya ka tlhamane eo, Modimo o ne a dirisa naledi go ba isa kwa setaleng sa dipitse kwa Bethelehema. Tota le bana ba le bantsi ba tshwere maina a dikgosi tseo tse tharo ka tlhogo—Melchior, Caspar le Baltazar. Le fa go ntse jalo, a tlhamane eo e e itsegeng thata e dumalana le se tota Baebele e se buang? Nnyaa. Go na le dilo di le mmalwa tse di seng boammaaruri mo tlhamaneng eno.

Sa ntlha, banna bao e ne e le bomang? Mo puong ya ntlhantlha ya Segerika, Baebele ga e re ke dikgosi kgotsa banna ba ba botlhale. E ne e le balepadinaledi. Go lebega ba ne ba dirisa boitseanape jwa boheitane ba ikaegile ka tsela e dinaledi di lebegang ka yone fa di le kwa loaping. Pego ya Baebele ga e re bolelele maina le palo ya baeng bao.

Sa bobedi, banna bao ba ne ba eta leng? E ne e se ka nako ya fa Jesu a le losea mo bojelong jwa diruiwa. Re itse jang? Mokwadi wa Efangele e bong Mathaio a re: “E rile ba tsena mo ntlong ba bona ngwana yo mmotlana a na le Marea mmaagwe.” (Mathaio 2:11) Ela tlhoko gore Jesu e ne e sa tlhole e le losea lo lo sa tswang go tsholwa, go na le moo e ne e le “ngwana yo mmotlana.” Marea le Josefa ba ne ba sa tlhole ba nna kwa setaleng sa dipitse go na le moo ba ne ba nna mo ntlong.

Sa boraro, ke mang yo o neng a romela “naledi” eo gore e etelele balepadinaledi pele? Gantsi baeteledipele ba bodumedi ba ruta gore Modimo ke ene a rometseng “naledi.” A tota ke ene a e rometseng? Gakologelwa gore “naledi” eo ga e a ka ya isa balepadinaledi bao kwa Bethelehema ka tlhamalalo. Go na le moo, e ne ya ba isa pele kwa go Kgosi Herode kwa Jerusalema. Ba ne ba bolelela mmolai yoo yo o lefufa le yo o maatla gore Jesu o a tshela ba bo ba dira gore a tlhoe ngwana yo o neng a tla nna “kgosi ya Bajuda.” (Mathaio 2:2) Herode o ne a ba bolelela gore ba tle go mmolelela lefelo le tota ngwana a leng kwa go lone, ka boferefere a itira e kete le ene o batla go ya go mmontsha tlotlo. Go tswa foo, “naledi” e ne ya isa balepadinaledi bao kwa go Josefa le Marea. Ka jalo balepadinaledi bao ba ne ba dira se se neng se tla dira gore ngwana yo mmotlana a bolawe fa Modimo a ne a sa tsenelela. Se se itumedisang ke gore o ne a tsaya kgato. Herode o ne a galefa thata fa balepadinaledi ba sa boele kwa go ene mo a neng a laela gore bana botlhe ba basimane ba ba nang le dingwaga tse pedi go ya kwa tlase ba ba mo Bethelehema le mo dikgaolong tse di mabapi ba bolawe.—Mathaio 2:16.

Moragonyana Jehofa o ne a re Jesu ke “Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) Ela tlhoko: A Rre yo o lorato le yo o siameng jalo o ne a ka tlhopha balepadinaledi ba baheitane—batho ba ba neng ba dira boloi jo a neng a bo kgala mo Molaong wa gagwe—gore e nne barongwa ba gagwe? (Duteronome 18:10) A o ne a ka dirisa naledi go isa batho kwa mmolaing yo o kotsi le yo o maatla go gaisa mo nageng, gore ba ise molaetsa o kwantle ga pelaelo o neng o tla galefisa Herode yo o lefufa? A Modimo o ne a ka dirisa yone naledi eo le balepadinaledi bao gore ba bue gore morwawe yo o neng a ka se kgone go itshireletsa o ne a le kwa lefelong lefe?

Go tshwantsha: Molaodi yo o molemo wa masole o roma lesole la gagwe le a le ratang gore le ye go dira tiro e e kotsi kwa lefelong la mmaba. A o ne a ka bolelela baba bao gore lesole leo le kwa kae? Nnyaa le e seng! Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o rometse Morwawe mo lefatsheng leno le le kotsi. A o ne a ka bolelela Kgosi Herode kwa Morwawe yo e neng e le losea lo lo sa kgoneng go itshireletsa lo leng gone? Legoka!

Jaanong, ke mang yo o rometseng “naledi” kgotsa sengwe se se jaaka naledi? Tota ke mang yo o neng a eletsa gore Jesu yo e neng e le ngwana a bolawe e bile a sa batle gore a gole le go dira tiro e a neng a rometswe gore a tle go e dira mo lefatsheng? Ke mang yo o ikaeletseng go tsietsa batho e bile a tlhotlheletsa batho go bua maaka, go dira thubakanyo le go bolaya? Jesu ka boene o ne a mo tlhalosa e le “moaki le ramaaka” yo e ‘neng e le mmolai fa a simologa’—Satane Diabolo.—Johane 8:44.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela