LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 86
  • Banna ba Kaelwa ke Naledi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Banna ba Kaelwa ke Naledi
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa O ne A Sireletsa Jesu
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jesu le Balepadinaledi
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ke Mofuta Ofe wa Naledi o o Neng wa Isa “Banna ba ba Botlhale” Kwa go Jesu?
    Tsogang!—2009
  • Balepadinaledi ba Etela Jesu
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 86
Balepadinaledi ba lateletse naledi e e phatsimang

POLELO 86

Banna ba Kaelwa ke Naledi

A O BONA naledi e e phatsimang e mongwe wa banna bano a e supileng? Fa ba tswa mo Jerusalema ba ne ba bona naledi eno. Banna bano ba tswa kwa Botlhaba mme ba ithuta dinaledi. Ba dumela gore naledi eno e ntšha e ba kaela kwa go mongwe wa botlhokwa.

Naledi e e phatsimang mo loaping fa godimo ga Bethelehema

Fa banna bano ba goroga kwa Jerusalema, ba ne ba botsa gore: ‘O kae ngwana yo o tshwanetseng go nna kgosi ya Bajuda?’ “Bajuda” ke leina le lengwe la Baiseraele. Ba ne ba re: ‘Re ne ra bona naledi ya gagwe lekgetlo la ntlha re le kwa Botlhaba, mme re tlile go mo obamela.’

Fa Herode, yo e leng kgosi kwa Jerusalema a utlwa seno o ne a galefa. O ne a sa batle kgosi e nngwe e mo tseela bogosi. Ka jalo, Herode o ne a bitsa baperesiti ba bagolo mme a ba botsa jaana: ‘Kgosi e e solofeditsweng e tshwanetse go tsholelwa kae?’ Ba mo araba ba re: ‘Baebele ya re kwa Bethelehema.’

Ka jalo, Herode o ne a bitsa banna ba ba tswang kwa Botlhaba mme a ba raya a re: ‘Tsamayang lo ye go batla ngwana yoo yo mmotlana. Fa lo mmona, lo nkitsise. Le nna ke batla go ya go mo obamela.’ Mme tota Herode o ne a batla go bona ngwana gore a mmolaye!

Go tswa foo, naledi e tsamaya kwa pele ga banna bano go ya kwa Bethelehema, mme e ema mo godimo ga lefelo le ngwana a leng mo go lone. Fa banna bano ba tsena mo ntlong, ba fitlhela Marea le Jesu yo mmotlana. Ba ntsha dimpho mme ba di fa Jesu. Moragonyana Jehofa o tlhagisa banna bano mo torong gore ba se ka ba boela kwa go Herode. Ka jalo ba boela kwa lefatsheng la bone ka tsela e sele.

Fa Herode a lemoga gore banna ba ba tswang kwa Botlhaba ba boetse gae, o tlala bogale fela thata. Ka jalo, o ntsha taelo ya gore basimane botlhe mo Bethelehema, ba ba dingwaga di le pedi le kwa tlase ba bolawe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tlhagisa Josefa mo torong go sa le gale, mme Josefa o ya Egepeto le ba lelapa la gagwe. Moragonyana fa Josefa a utlwa gore Herode o sule, o tsaya Marea le Jesu mme ba boela gae kwa Nasaretha. Ke gone kwa Jesu a golelang gone.

O akanya gore ke mang yo o neng a dira gore naledi eno e ntšha e phatsime? Gopola gore fa banna bao ba ne ba bona naledi, ba ne ba ya Jerusalema pele. Satane Diabolo o ne a batla go bolaya Morwa Modimo, mme o ne a itse gore Kgosi Herode wa Jerusalema o ne a tla leka go mmolaya. Ka jalo, e tshwanetse ya bo e le Satane yo o neng a phatsimisa naledi eo.

Mathaio 2:1-23; Mika 5:2.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela