LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 7 ts. 22-ts. 23 ser. 6
  • Balepadinaledi ba Etela Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Balepadinaledi ba Etela Jesu
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu le Balepadinaledi
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ke Mang yo o Neng a Romela “Naledi”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ke Mofuta Ofe wa Naledi o o Neng wa Isa “Banna ba ba Botlhale” Kwa go Jesu?
    Tsogang!—2009
  • Banna ba Kaelwa ke Naledi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 7 ts. 22-ts. 23 ser. 6
Balepadinaledi ba sala naledi morago go fitlha kwa Josefa, Marea le Jesu ba nnang gone

KGAOLO 7

Balepadinaledi Ba Etela Jesu

MATHAIO 2:1-12

  • BALEPADINALEDI BA SALA “NALEDI” MORAGO BA YA JERUSALEMA, GO TSWA FOO BA YA KWA GO JESU

Banna bangwe ba tla ba tswa kwa Botlhaba. Ke balepadinaledi—batho ba ba ithutang dinaledi, ba ba reng ba kgona go tlhalosa gore ke eng fa dilo dingwe di diragalela batho. (Isaia 47:13) Fa ba le kwa Botlhaba, ba ile ba bona “naledi” mme ba e sala morago, mme e ne ya ba isa kwa Jerusalema e seng kwa Bethelehema.

Fa ba fitlha kwa Jerusalema, ba botsa ba re: “Ngwana yo e tla nnang kgosi ya Bajuda o kae? Gonne re ne ra bona naledi ya gagwe re le kwa Botlhaba, mme re tlile go obama fa pele ga gagwe.”—Mathaio 2:1, 2.

Balepadinaledi ba obama fa pele ga ga Kgosi Herode

Kgosi Herode wa Jerusalema o a galefa fa a utlwa seno. Ka jalo, o bitsa baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Bajuda a bo a ba botsa gore Keresete o tla tsholelwa kae. Ba mo araba go ya ka se se kwadilweng mo Dikwalong ba re: “Kwa Bethelehema.” (Mathaio 2:5; Mika 5:2) Go tswa foo, Herode o biletsa balepadinaledi mo sephiring a bo a ba raya a re: “Tsamayang lo ye go batla ngwana yoo ka kelotlhoko, mme fa lo sena go mmona, lo boe lo tle go nkitsise gore le nna ke ye go obama fa pele ga gagwe.” (Mathaio 2:8) Tota Herode o batla go bolaya ngwana yono!

Fa balepadinaledi ba sena go tsamaya, go direga sengwe se se gakgamatsang. “Naledi” e ba neng ba e bone, e ba etelela pele gape. Tota naledi eno ga se e e tlwaelegileng mme ke e e neng e tla ba kaela. Ba e sala morago go fitlha e ema mo godimo ga ntlo e Josefa le Marea ba nnang mo go yone le morwaabone.

Balepadinaledi ba sala naledi morago go fitlha kwa Bethelehema ba bo ba naya Marea le Jesu dimpho

Fa balepadinaledi ba tsena mo ntlong, ba fitlhela Marea a na le Jesu. Fa ba mmona ba obama fa pele ga gagwe. Go tswa foo, ba mo naya dimpho tsa gauta le dinkgisamonate. Moragonyana fa ba re ba boela kwa go Herode, Modimo o ba tlhagisa mo torong gore ba se ka ba dira jalo. Ka jalo, ba boela gae ka tsela e nngwe.

O akanya gore ke mang yo o neng a dirisa “naledi” go kaela balepadinaledi bao? Gakologelwa gore e ne ya se ka ya ba kaela kwa Jesu a neng a le gone kwa Bethelehema. Go na le moo, e ne ya ba isa kwa Jerusalema, kwa ba neng ba kopana le Kgosi Herode teng, yo o neng a batla go bolaya Jesu. Mme a ka bo a dirile jalo fa Modimo a ka bo a sa tlhagisa balepadinaledi gore ba se ka ba bolelela Herode gore Jesu o kae. Seno se bontsha gore mmaba wa Modimo e bong Satane, o ne a batla gore Jesu a bolawe, mme o ile a dirisa naledi eno go leka go diragatsa maikaelelo a gagwe.

  • Re itse jang gore “naledi” e balepadinaledi ba neng ba e bona e ne e sa tlwaelega?

  • Balepadinaledi ba fitlhela Jesu a nna kae?

  • Goreng re ka swetsa ka gore Satane ke ene a neng a kaela balepadinaledi bao?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela