LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 7
  • Jesu le Balepadinaledi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu le Balepadinaledi
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Balepadinaledi ba Etela Jesu
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ke Mang yo o Neng a Romela “Naledi”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ke Mofuta Ofe wa Naledi o o Neng wa Isa “Banna ba ba Botlhale” Kwa go Jesu?
    Tsogang!—2009
  • Banna ba Kaelwa ke Naledi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 7

Kgaolo 7

Jesu le Balepadinaledi

BANNA ba le mmalwa ba tswa kwa Botlhabatsatsi. Ke balepadinaledi—batho ba ba iphakang gore ba ka tlhalosa seemo sa dinaledi. E ne ya re ba santse ba le kwa gae kwa Botlhabatsatsi, ba bona naledi e ntšha, mme ba tsaya mosepele wa makgolokgolo a dikilometara ba e setse morago go ya Jerusalema.

Fa balepadinaledi ba goroga kwa Jerusalema, ba a botsa: “O ha kae eo o tsecweñ Kgosi ea Bayuda? gonne re bonye naledi ea gagwè re le kwa botlhabatsatsi, me re tsile go mo ōbamèla.”

Fa Kgosi Herode kwa Jerusalema a utlwa kaga se, o kgopega fela thata. Ka jalo a bitsa ditlhogo tsa baperisiti a bo a ba botsa gore Keresete o tshwanetse go tsholelwa kae. Fa ba araba go ya kafa Dikwalong, ba araba ka go re: “Mo Bethelehema.” Ya re a utlwa seo Herode a re balepadinaledi ba tlisiwe kwa go ene mme a ba raya a re: “Eañ lo tlhotlhomisè sentlè kaga ñwanyana eouō; me e tle e re lo sena go mmōna, lo tlè go nkitsise gore le nna ke eè go mo obamèla.” Mme, mo pelong, Herode o batla go bona ngwana gore a tle a mmolaye!

Morago ga gore ba tsamaye, go diragala sengwe se se gakgamatsang. Naledi e ba neng ba e bona fa ba le kwa Botlhabatsatsi e ba etelela pele. Ka mo go phepafetseng, eno ga se naledi fela mme e ile ya romelwa ka mo go kgethegileng go ba kaela. Balepadinaledi ba tswelela go e sala morago go fitlhela e ema mo godimo ga ntlo koo Josefa le Maria ba leng gone.

Fa balepadinaledi ba tsena mo ntlong, ba fitlhela Maria le lesea la gagwe, Jesu. Fa ba mmona botlhe baa mo khubamela. Mme ba ntsha mo dikgetsing tsa bone dimpho tsa gouta, lebano, le mera. Morago ga moo, fa ba ne ba le gaufi le go boa le go ya go bolelela Herode kwa ngwana a leng gone, ba tlhagisiwa ke Modimo mo torong gore ba se dire jalo. Ka jalo ba ya kwa nageng ya bone ka tsela e sele.

O akanya gore ke mang yo o neng a romela naledi e e neng e tsamaya mo loaping go kaela balepadinaledi? Gakologelwa gore naledi e ne ya se ka ya ba kaela kwa go Jesu kwa Bethelehema. Go na le moo, ba ne ba isiwa kwa Jerusalema kwa ba neng ba kopana le Kgosi Herode, yo o neng a batla go bolaya Jesu. Mme o ka bo a ile a dira jalo fa e ne e se gore Modimo o ne a tsenelela kgang mme a tlhagisa balepadinaledi go se bolelele Herode koo Jesu a leng gone. E ne e le mmaba wa Modimo, Satane Diabolo, yo o neng a batla gore Jesu a bolawe, mme o ne a dirisa naledi eo, go leka go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe. Mathaio 2:1-12; Mika 5:2.

▪ Ke eng se se bontshang gore naledi e balepadinaledi ba neng ba e bona e ne e se naledi fela?

▪ Jesu o ne a le kae fa balepadinaledi ba ne ba mmona?

▪ Re itse jang gore Satane o ne a romela naledi go kaela balepadinaledi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela