LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 5 ts. 18-ts. 19 ser. 6
  • Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu O Tsholetswe Kae Mme Leng?
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Baengele ba Itsise Gore Jesu o Tshotswe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jesu o Tsholelwa mo Bonnong Jwa Diphologolo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu Keresete—Re Tshwanetse go mo Gopola Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 5 ts. 18-ts. 19 ser. 6
Marea o palame tonki mme Josefa o tsamaya kwa pele ba ya Bethelehema

KGAOLO 5

Jesu O Tsholetswe Kae Mme O Tshotswe Leng?

LUKE 2:1-20

  • JESU O TSHOLELWA KWA BETHELEHEMA

  • BADISA BA ETELA JESU FA E SA NTSE E LE LOSEA

Mmusimogolo wa Roma e bong Kaesara Aguseto, o ntshitse taelo ya gore batho botlhe ba kwadisiwe. Ka jalo, Josefa le Marea ba tshwanetse go ya kwa motseng o Josefa a tsholetsweng kwa go one wa Bethelehema, o o kwa borwa jwa Jerusalema.

Batho ba le bantsi ba tlile go ikwadisa mo Bethelehema. Josefa le Marea ba ka bona marobalo fela mo lefelong le ditonki le diphologolo tse dingwe di nnang mo go lone. Ke gone kwa Jesu a tsholelwang teng. Marea o mo phuthela ka matsela a bo a mo robatsa mo bojelong jwa diruiwa.

Modimo o tshwanetse a bo a ile a tlhomamisa gore Kaesara Aguseto o dira molao ono wa go ikwadisa. Goreng? Ka gonne seno se ne sa dira gore Jesu a tsholelwe kwa Bethelehema, motse o rraagwemogolo e bong Kgosi Dafide a tsholetsweng kwa go one. Dikwalo di ne di sa bolo go bolelela pele gore Mmusi o ne a tla tsholelwa mo motseng ono.—Mika 5:2.

Ruri bosigo jono bo botlhokwa thata! Fa badisa bangwe ba ntse ba le kwa nageng bosigo, ba bona lesedi le legolo le phatsima go ba dikologa. Ke kgalalelo ya ga Jehofa! Moengele wa Modimo o raya badisa bano a re: “Lo se ka lwa tshoga, gonne ke lo bolelela dikgang tse di molemo tsa boitumelo jo bogolo jo batho botlhe ba tla nnang le jone. Gompieno kwa motseng wa ga Dafide lo tsholetswe mmoloki, yo e leng Keresete Morena. Mme seno ke sesupo se lo tla se bonang: Lo tla fitlhela losea lo phuthetswe ka matsela mme lo robaditswe mo bojelong jwa diruiwa.” Ka bonako fela, go tla baengele ba bangwe ba bantsintsi ba bo ba re: “A Modimo yo o kwa legodimong a galalediwe, mme a batho ba ba mo lefatsheng ba a ba amogelang ba nne le kagiso.”—Luke 2:10-14.

Marea, Josefa le badisa ba lebile Jesu a sa ntse a le losea a le mo bojelong jwa diruiwa

Fa baengele ba sena go tsamaya, badisa ba raana ba re: “A re yeng kwa Bethelehema mme re ye go bona se se diragetseng, se Jehofa a se re boleletseng.” (Luke 2:15) Ba itlhaganelela teng mme ba fitlhela losea lo lo sa tswang go tsholwa lo le fa moengele a ba boleletseng gore ba tla lo fitlhela gone. Fa badisa ba bolelela batho dilo tse moengele a di buileng, batho bano ba a gakgamala. Marea o boloka mafoko ano mo pelong a bo a akanyetsa kwa teng ka bokao jwa one.

Batho ba le bantsi gompieno ba dumela gore Jesu o tshotswe ka di 25 tsa December. Mme ka December dipula di a na e bile go tsididi kwa Bethelehema. Ka dinako tse dingwe, kapoko e a wa. Ka nako eo ya ngwaga, go ka se direge gore badisa ba nne kwa nageng bosigo le diruiwa tsa bone. Gape, go ne go ka se direge gore mmusimogolo wa Roma a laele batho ba ba neng ba setse ba batla go mo tlhanogela gore ba tseye loeto mo marigeng gore ba ye go ikwadisa. Go bonala Jesu a tshotswe nako nngwe ka October.

  • Goreng Josefa le Marea ba tshwanelwa ke go ya Bethelehema?

  • Mo bosigong jo Jesu a tshotsweng ka jone, go direga eng se se gakgamatsang?

  • Goreng go sa utlwale go akanya gore Jesu o tshotswe ka di 25 tsa December?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela