LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 70 ts. 166-ts. 167 ser. 2
  • Baengele ba Itsise Gore Jesu o Tshotswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baengele ba Itsise Gore Jesu o Tshotswe
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Tsholelwa mo Bonnong Jwa Diphologolo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu O Tsholetswe Kae Mme Leng?
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu Keresete—Re Tshwanetse go mo Gopola Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 70 ts. 166-ts. 167 ser. 2
Baengele ba bolelela badisa gore Jesu o tshotswe

THUTO 70

Baengele ba Itsise Gore Jesu o Tshotswe

Kgosi ya Puso ya Roma e bong Kaesara Aguseto, o ne a laela gore Bajuda botlhe ba ye go ikwadisa kwa metseng ya bone. Ka jalo, Josefa le Marea ba ne ba ya kwa Bethelehema, kwa Josefa le lelapa la gagwe ba neng ba nna gone. Marea o ne a tloga a nna le ngwana.

Fa ba goroga kwa Bethelehema, ba ne ba nna mo ntlong ya dipitse. Marea o ne a tsholela morwawe e bong Jesu gone koo. O ne a mo phuthela ka matsela a bo a mmaya mo dipitse di jelang gone.

Gaufi le Bethelehema, go ne go na le badisa ba ba neng ba ntse bosigo jotlhe kwa ntle ba disitse matsomane a bone. Ka bonako fela, moengele o ne a ema fa pele ga bone mme ba dikologiwa ke kgalalelo ya ga Jehofa. Badisa bao ba ne ba tshogile, mme moengele o ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa tshoga. Ke lo tshwaretse dikgang tse di monate. Mesia o tshotswe gompieno kwa Bethelehema.’ Ka yone nako eo, baengele ba ne ba bonala mo loaping mme ba re: ‘Kgalalelo go Modimo kwa legodimong, mme mo lefatsheng go nne kagiso.’ Go tswa foo, baengele ba ne ba nyelela. Badisa ba ne ba dira eng?

Badisa bao ba ne ba re: ‘A re yeng kwa Bethelehema gone jaanong.’ Ba ne ba ya koo ka bonako mme ba fitlhela Josefa le Marea ba na le lesea la bone mo ntlong ya dipitse.

Batho ba ba utlwileng se moengele a se boleletseng badisa bao, ba ne ba gakgametse. Marea o ne a akanya thata ka mafoko a moengele yoo mme ga a ka a a lebala. Badisa ba ne ba boela kwa matsomaneng a bone mme ba leboga Jehofa ka dilo tse ba di boneng le tse ba di utlwileng.

“Ke tswa kwa Modimong e bile ke fano. Ga ke a tla ka bonna, mme ke romilwe ke Ene yoo.”​—Johane 8:42

Dipotso: Baengele ba ne ba itsise jang gore Jesu o tshotswe? Badisa ba ne ba fitlhela bomang kwa Bethelehema?

Luke 2:1-20; Isaia 9:6

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela