LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 85
  • Jesu o Tsholelwa mo Bonnong Jwa Diphologolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Tsholelwa mo Bonnong Jwa Diphologolo
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Yono ke Morwaake”
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Baengele ba Itsise Gore Jesu o Tshotswe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Jesu O Tsholetswe Kae Mme Leng?
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 85
Josefa, Marea le lesea Jesu mo bonnong jwa diphologolo

POLELO 85

Jesu o Tsholelwa mo Bonnong Jwa Diphologolo

A O ITSE gore leseanyana leno ke mang? Ke Jesu. O sa tswa go tsholelwa mo setaleng. Setale ke mo diphologolo di nnang gone. Marea o laditse Jesu mo diesele le diphologolo tse dingwe di jelang gone. Mme gone, ke ka ntlha yang fa Marea le Josefa ba le mono le diphologolo? Leno ga se lefelo le ngwana a ka tsholelwang mo go lone, a ga go jalo?

Ee, go ntse jalo. Leno ke lebaka la go bo ba le mono: Mmusi wa Roma e bong Kaesara Aguseto, o dirile molao wa gore mongwe le mongwe a boele kwa motseng o a tsholetsweng kwa go one go ya go ikwadisa mo bukeng. Josefa o ne a tsholelwa gone mo Bethelehema. Mme fa ene le Marea ba goroga, ga ba a ka ba bona marobalo gope. Ka jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go tla fano mo diphologolo di nnang teng. Mo go lone letsatsi leo Marea o ne a tshola Jesu! Le fa go ntse jalo, o kgona go bona gore ngwana yono ga a na mathata.

Badisa ba goroga mo Bethelehema go tla go bona Jesu

A o bona badisa ba ba tlang go bona Jesu? Ba ne ba le kwa nageng bosigo ba disitse matsomane a bone, mme lesedi le legolo la phatsima go ba dikologa. E ne e le moengele! Badisa ba ne ba tshogile fela thata. Mme moengele a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa boifa! Ke lo tshwaretse dikgang tse di molemo. Gompieno mo Bethelehema, lo tsaletswe Keresete yo e leng Morena. O tla boloka batho! Lo tla mo fitlhela a apesitswe matsela e bile a laditswe mo bojelong jwa diphologolo.’ Ka tshoganyetso fela baengele ba le bantsi ba ne ba tla mme ba galaletsa Modimo. Ka jalo, gone fela foo badisa ba ne ba itlhaganela go ya go batla Jesu, mme jaanong ba mmone.

A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a kgethegile thata jaana? A o itse gore tota ke mang? A o sa ntse o gopola gore mo polelong ya ntlha ya buka eno re ne ra bolelelwa ka morwa wa motsalwapele wa Modimo? Morwa yono o ne a bereka le Jehofa ba dira magodimo le lefatshe le dilo tse dingwe. Ke ene Jesu!

Jehofa o ne a tsaya botshelo jwa ga Morwawe kwa legodimong mme a bo tsenya mo mpeng ya ga Marea. Ka yone nako eo, ngwana o ne a simolola go gola mo mpeng ya ga Marea fela jaaka bana ba bangwe ba gola mo dimpeng tsa bommaabone. Le fa go ntse jalo, ngwana yono e ne e le Morwa Modimo. La bofelo Jesu o ne a tsholelwa mo bonnong jono jwa diphologolo mo Bethelehema. A jaanong o bona gore ke eng fa baengele ba ne ba itumeletse go bo ba kgona go bolelela batho gore Jesu o tshotswe?

Luke 2:1-20.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela