A Bethelehema—Ke Sesupo sa Kutlwano le Lorato lwa Bokeresete?
“BETHELEHEMA . . . ke sesupo sa lorato lo lo sa feleng, ke thuto kaga boikokobetso.”—Maria Teresa Petrozzi, mokwadi wa mosadi wa buka Bethlehem.
A Bethelehema e kaya selo se se tshwanang le seo mo go wena? Gongwe go ntse jalo, ereka makgolokgolo a dimilione tsa batho ba ba tlhoafetseng, ba ba ratang kagiso mo lefatsheng lotlhe ba leba Bethelehema ka go e tlotla, segolobogolo ka nako ya Keresemose. Ba akanya gore “Kgōsana ea Kagishō,” Jesu Keresete o tsholetswe kwa motseng o monnye ono wa kwa Botlhaba Gare. Baeti ba sedumedi ba ile ba thologela ka makgolokgolo a dingwaga mo lefelong leno le le tsewang jaaka lengwe la mafelo a a boitshepo thata a Labodumedi, mme gongwe le eleng go le obamela. Eo ke Grotto of the Nativity, lefelo la semorafe leo Jesu Keresete a tsholetsweng kwa go lone. Le mo dikagong tse dikgolo tsa hisitori tse di bidiwang Church of the Nativity.—Isaia 9:6; Mathaio 2:1.
Lefa go ntse jalo, totatota, a mafelo ano a semorafe a a boitshepo a ile a gatelela kutlwano ya Bokeresete le lorato le le boikokobetso? O konela jang ka se se latelang?
Mokwadi mongwe wa Mokatoliki Maria Teresa Petrozzi o akgela jaana mo go Bethlehem: “Go tloga ka lekgolo la bo 16 la dingwaga, [Bethelehema] e ne ya tlhagelwa ke ntwa e e tshololang madi thata e e setlhogo fa gare ga Balatini [Baroma Katoliki] le Bagerika [badumedi ba Greek Orthodox] go lwelwa gore morafe o mogolo mo kerekeng ya Nativity ke ofe.” “Dintwa tseno tse di tshololang madi” tsa go batla go laola tseo di nnang gone nako le nako di ne di le mabapi le naledi ya selefera e e mo Grotto of the Nativity, eo e leng kafa tlase ga lefatshe, fa tlase ka Church of the Nativity. Go bolelwa gore naledi eno e tshwaya lefelo leo tota Keresete a neng a tsholelwa kwa go lone. R. W. Hamilton o bega jaana mo bukeng ya gagwe The Church of the Nativity, Bethlehem: “Go itsege sentle gore dingwe tsa dilo tse pedi tse di neng di lwelwa ke Fora le Russia tseo di neng tsa simolola ntwa ya Crimea e ne e le go bo matlhakore otlhe a ne a bolela fa a tshotse dikopololo tsa mejako ya tempele le tsa karolo e e kwa tlase ya kereke [Grotto of the Nativity], mmogo le go utswiwa ka tsela e e sa itsiweng mo bosigong bongwe ka 1847 ga naledi ya selefera e e nang le mokwalo wa Selatini e e neng e tsentswe mo sematleng sa mmabole kafa tlase ga sebeso sa Nativity.”
Ka ntlha ya dintwa tse di sa feleng fa gare ga ditlhopha tseno go ralala makgolo a dingwaga go lwela mafelo ano, “jaanong go boletswe ka kelotlhoko fela seo setlhopha sengwe le sengwe se tshwanetseng go se bona. Ka sekai, mo maboneng a le 53 a logaga lono, Ba-Francis ba neilwe a le 19. Altar of the Nativity ke ya Bagerika, mme Balatini bone ba letlilwe go tshwarela ditirelo koo.—Historical Sites in Israel.
Ka nako ya Keresemose, le fa maemo a dipolotiki a siame, setlhopha sengwe le sengwe sa ditumelo tsa Labodumedi tse di leng teng koo se tshwara Mmisa wa sone wa keresemose mme se nna le mokoloko o o ralalang Bethelehema. Ka December 24 le 25, Balatini ba dira mokoloko le Mmisa wa bosigogare mo Kerekeng ya Saint Catherine, e e fa thoko ga Church of the Nativity, e jaanong e tlhakanetsweng ke dikereke tsa Segerika le tsa Armenia tsa Orthodox. Ka January 6, Bagerika, Basiria, le dikereke tsa Coptic Orthodox di tshwara mmisa wa tsone wa Keresemose. Ka January 18, go tshwarwa Mmisa wa Keresemose wa Orthodox ya Armenia, go bo go dirwa mokoloko ka January 19.
A se go builweng ka sone fa godimo se akantsha gore mafelo a Bethelehema a semorafe a a boitshepo ke ‘sesupo sa lorato lo lo sa feleng, le thuto ka boikokobetso’? Mo godimo ga moo, a gone a supa boammaaruri kaga ditiragalo tsa botsalo jwa ga Jesu? Ka sekai, o ne a tsholwa leng? A tota o tsholetswe mo go seo jaanong e leng Nativity Grotto? Mme a wena kana ope fela o tshwanetse go tlotla lefelo leo a tsholetsweng kwa go lone?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.