LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/15 ts. 15-20
  • Batla Bao ba Tshwanelang go Bona Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batla Bao ba Tshwanelang go Bona Botshelo Jo bo Sa Khutleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Badumedi Ke “Ba Ba Pelo Di Itshekileñ”
  • Diketapele Tse Di Dirang Gore Motho A Akanye
  • Go Bua Lefoko la Modimo Ka Tshiamo
  • Go Kgona Motho go Na le Fa go Tshwanetseng go Dirwa Gone
  • Rulaganya Mabaka Sentle mme O Tlhatswe Motho Pelo
  • Dirisa Ditshwantsho Tse Di Rutang
  • Konela Ka Tsela E E Tlhotlheletsang
  • Thusa Batho ba ba Nang le “Tshekamelo e e Siameng”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Etsa Morutisi yo Mogolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ruta Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • ‘Tshwara Lefoko la Modimo Sentle’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/15 ts. 15-20

Batla Bao ba Tshwanelang go Bona Botshelo Jo bo Sa Khutleng

“Me botlhe ba ba laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ ba dumèla.”—DITIHO 13:48.

1. Mabapi le pelo ya motho, Jehofa o na le nonofo efe?

JEHOFA MODIMO o kgona go bona se se leng mo pelong. Seno se ne sa phepafala fa Samuele a ne a tlotsa morwa mongwe wa ga Jese go nna kgosi ya Iseraela. Fa a bona Eliabe, Samuele o ne “a re, A bo motlodiwa oa ga Yehofa a ba [a] le ha pele ga gagwè. Me Yehofa a raea Samuele, a re, U se ka ua leba sehatlhōgō sa gagwè, leha e le go gola ga gagwè; gonne ke mo gannè: ka go bo Yehofa ga a bone yaka motho a bōna: gonne motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.” Samuele o ne a kaelwa ka tsela e e tshwanetseng go tlotsa Dafide, yoo a ileng a itshupa ‘a ntse kafa pelong ya ga Jehofa.’—1 Samuele 13:13, 14; 16:4-13.

2. Ke eng seo se medileng ka medi mo pelong ya motho ya tshwantshetso, mme ka gone ke eng seo re se balang kaga seno mo Dikwalong?

2 Motho o supa mokgwa mongwe o a dirang go ya ka one. O na le boikutlo bongwe joo bo medileng ka medi mo pelong ya gagwe ya tshwantshetso. (Mathaio 12:34, 35; 15:18-20) Ke gone ka moo re balang ka motho yoo ‘pelo ya gagwe e leng ntwa fela.’ (Pesalema 55:21) Re bolelelwa gore “motho eo o gakalañ o tletse ditlolō.” Re bala gape jaana: “Eo itihèlañ ditsala di [le] dintsi, o itihèla go itshenya: me go na le tsala e e kgomarèlañ motho bogolo go ñwana oa ga rragwè.” (Diane 18:24; 29:22) Se se itumedisang ke gore ba bantsi ba itshupa ba tshwana le Baditšhaba ba bogologolo ba kwa Antioka wa Pisidia. Fa ba sena go utlwa ka thulaganyo ya ga Jehofa ya poloko, ba ne “ba itumèla, ba galalètsa lehoko ya Modimo: me botlhe ba ba laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ ba dumèla.”—Ditihō 13:44-48.

Badumedi Ke “Ba Ba Pelo Di Itshekileñ”

3, 4. (a) Batho ba ba dipelo di itshekileng ke bomang? (b) Batho ba ba dipelo di itshekileng ba bona Modimo jang?

3 Badumedi bao ba kwa Antioka ba ne ba fetoga Bakeresete ba ba kolobeditsweng, mme bao ba neng ba ikanyega mo go bone ba ne ba ka kgona go bolela fa mafoko ano a ga Jesu a raya bone ka namana: “Go segō ba ba pelo di itshekileñ: gonne ba tla bōna Modimo.” (Mathaio 5:8) Mme ke bomang ba ba “pelo di itshekileñ”? Mme ba “bōna Modimo” jang?

4 Ba ba pelo di itshekileng ba phepa semoyeng. Dilo tse ba di itumelelang, tse ba di ratang, dikeletso tsa bone, le maikaelelo a bone a phepa tota. (1 Timotheo 1:5) Ba bona Modimo jaanong ka go bo ba bona kafa Modimo a thusang ba ba bolokang bothokgami ka gone. (Bapisa Ekesodo 33:20; Yobe 19:26; 42:5.) Lefoko la Segerika le le ranotsweng fano jaaka “bōna” le raya gape “go bona ka kakanyo, go lemoga, go itse.” Ereka Jesu a ne a supa botho jwa Modimo ka botlalo, “ba ba pelo di itshekileñ,” bao ba dumelang mo go Jesu le mo setlhabelong sa gagwe se se tlosang boleo, ke bone ba ba lemogang botho joo, mme ba kgona go itshwarelwa maleo gape ba kgona go obamela Modimo ka tsela eo a e amogelang. (Yohane 14:7-9; Baefesia 1:7) Mo batlodiweng, go bona Modimo go felela ka go tsosediwa ga bone kwa legodimong, koo ba bonang Modimo le Keresete ka mmatota. (2 Bakorintha 1:21, 22; 1 Yohane 3:2) Mme ba ba dipelo di itshekileng ba kgona go bona Modimo ka go nna le kitso e e tlhomameng le ka kobamelo ya boammaaruri. (Pesalema 24:3, 4; 1 Yohane 3:6; 3 Yohane 11) Ba mo boemong jo bo molemo jwa go bona botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong kana mo lefatsheng la paradaise.—Luke 23:43; 1 Bakorintha 15:50-57; 1 Petere 1:3-5.

5 . Motho a ka nna jang fela modumedi le molatedi wa boammaaruri wa ga Jesu Keresete?

5 Bao ba seng mo boemong jo bo molemo jwa go bona botshelo jo bo sa khutleng ga ba kitla ba fetoga badumedi. Ga ba kgone go supa fa ba na le tumelo. (2 Bathesalonia 3:2) Mo godimo ga moo, ga go ope yo a ka nnang molatedi wa boammaaruri wa ga Jesu Keresete fa a sa batle go ithuta le fa a sa gogiwe ke Jehofa yoo a bonang dipelo. (Yohane 6:41-47) Ka boammaaruri, Basupi ba ga Jehofa ga ba atlhole ope pele ga nako fa ba ntse ba rera ka ntlo le ntlo. Ga ba kgone go bona se se mo dipelong tsa batho mme ba tlogelela gotlhe mo letsogong le le lorato la Modimo.

6. (a) Go ile ga nna ga bolelwa eng kaga go kopana le batho ka namana mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo? (b) Ke dithulaganyo dife tseo di dirilweng go thusa Basupi ba ga Jehofa go bona bao ba tshwanelang go bona botshelo jo bo sa khutleng?

6 Mokanoki mongwe o ne a bua sentle jaana: “[Paulo] o ne a ruta boammaaruri phatlalatsa le ka ntlo le ntlo. O ne a se ka a dira jalo fela fa a le mo seraleng, mme ka go kopana le batho ba a neng a ba rerela Keresete ka namana. Ka dinako tse dintsi go kopana le batho ka namana go mosola go gaisa mokgwa kana mofuta ope fela wa go fitlhelela meya.” (August Van Ryn) Dikgatiso tse di tshwanang le Theocratic Ministry School Guidebook, Go Fetolana ka Dikwalo le Tirelo ya Rona ya Bogosi di thusa Basupi ba ga Jehofa go naya dipolelo le go sola molemo go kopana ga bone le batho ka namana mo tirelong ya bone ya tshimo. Dilo tse dingwe tse di thusang thata ke dipontsho tsa Pokano ya Tirelo le kgakololo ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo. Bao ba tlang mo sekolong seno ba bona katiso e e mosola tota ka dinonofo tse di jaaka go dira diketapele tse di siameng, go dirisa Dikwalo ka tshwanelo, go aga polelo e e lomaganeng, go ntsha mabaka a a tlhatswang pelo, go dirisa ditshwantsho, le go dira konelo e e nang le mosola. A re boneng kafa Bibela e gatelelang ka gone kaelo eno e e ka kgonang go dira batho ba Modimo gore ba kgone go nna ditswerere fa ba ntse ba batla bao ba tshwanelwang ke go bona botshelo jo bo sa khutleng.

Diketapele Tse Di Dirang Gore Motho A Akanye

7. Mafoko a a simololang a Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng a re ruta eng ka diketapele?

7 Bao ba ipaakanyetsang go neela bosupi ka ntlo le ntlo ba ka ithuta sengwe ka diketapele tse di tsosang kgatlhego, go tswa mo sekaong sa ga Jesu. O ne a simolola Thuto ya gagwe ya kwa Thabeng ka go dirisa lefoko le le reng “Go Itumela” ka makgetlo a le robong. Ka sekai, o ne a re: “Go itumela ba ba lemogang se ba se tlhokang mo semoyeng gonne bogosi jwa legodimo ke jwa bone. . . . Go itumela ba ba bonolo gonne ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:3-12, NW) Dipolelo tseno di ne di tlhamaletse ebile di phepafetse. Mme ketapele eo ruri e ne ya tsosa kgatlhego mme ya dira gore bareetsi ba gagwe ba tlhokomele seo, ka go bo ke mang yo a sa batleng go itumela?

8. Fa re le mo bodiheding jwa tshimo re ka bua mafoko afe jaaka ketapele ya setlhogo sa motlotlo?

8 Setlhogo lefa e ka nna sefe fela sa Motlotlo seo se dirisiwang mo bodiheding jwa ka ntlo le ntlo se tshwanetse go itsisiwe ka tsela e e siameng le ka tsela e e itumedisang. Mme ope a se ka a dirisa ketapele e e tshosang jaaka e e reng, “Ke go tsholetse molaetsa o o tswang kwa lefaufaung.” Motswedi wa mafoko a a molemo o kwa legodimong, mme ketapele e e ntseng jalo e ka dira mong wa ntlo gore a ipotse gore a Mosupi yoo a ka tsewa masisi kana a ka kobiwa ka bonako.

Go Bua Lefoko la Modimo Ka Tshiamo

9. (a) Dikwalo di tshwanetse go begelwa batho jang, di balwe jang, le go dirisiwa jang mo bodiheding? (b) Ke sekai sefe se se umakilweng se se bontshang kafa Jesu a neng a dirisa dipotso ka gone?

9 Dikwalo di tshwanetse go etelelwa pele ke mafoko a a tshwanetseng, di balwe ka go gatelelwa sentle ka tshwanelo, mme di dirisiwe ka tsela e e phepafetseng le e e tlhomameng mo bodiheding jwa tshimo, fela jaaka mo seraleng. Dipotso tse di dirang gore mong wa ntlo a akanye ka dintlha tsa Dikwalo le tsone di ka thusa. Gape, mekgwa ya ga Jesu le yone e a kaela. Ka nako nngwe, monna mongwe yo a neng a itse Molao wa ga Moshe thata o ne a mmotsa jaana: “Moruti, ke tla dihañ gore ke ruè botshelō yo bo sa khutleñ?” Fa a araba Jesu o ne a mmotsa jaana: “Go kwadilwe eñ mo molaoñ? U bala yañ?” Ga go na pelaelo ya gore Jesu o ne a itse gore monna yono o ne a ka kgona go araba potso eno. O ne a e araba sentle fela ka go bua jaana: “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka thata eotlhe ea gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago; le moñ ka wèna yaka u ithata.” Seno se ne sa dira gore Jesu a mo akgole, mme ba ne ba tswelela pele go tlotla.—Luke 10:25-37.

10. Ke eng seo se tshwanetseng sa nna se gakologelwa mabapi le setlhogo sa motlotlo seo motho a se dirisang, mme ke eng se se tshwanetseng go tilwa fa re botsa mong wa ntlo dipotso?

10 Bao ba neelang bosupi ka ntlo le ntlo ba tshwanetse go gatelela mafoko a setlhogo sa motlotlo mme ba bolele lebaka la go bo ba bala ditemana tsa Bibela tseo di buelelang kgang ka phepafalo. Ereka Mosupi a leka go fitlhelela pelo ya mong wa ntlo, o tshwanetse go tila go botsa dipotso tse di tla mo tlhabisang ditlhong. “A puō ea lona e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai,” fa lo dirisa Lefoko la Modimo.—Bakolosa 4:6.

11. Re na le sekao sefe go tswa mo puong ya ga Jesu fa a ne a lekwa ke Satane, mabapi le go dirisa Dikwalo go siamisa dikgopolo tse di phoso?

11 Fa re le mo maetong a go boela ke gone koo segolobogolo re ka tlhokang go baakanya dikgopolo tse di phoso ka go bontsha seo Dikwalo di se bolelang kana di se kayang. Jesu o ne a dira selo se se tshwanang fa a ne a ganetsa Satane, yo a neng a re: “A e re ha u le Morwa Modimo, u itatlhèlè kwa tlhatse [go tswa kwa setlhoeng sa tempele, fela jaaka motho yo o batlang go ipolaya]; gonne go kwadilwe, ga twe, O tla laèla baengele ba gagwè kaga gago; me ba tla gu lègèlèla ka diatla tsa bōnè, e se re kgotsa lonaō loa gago lwa shugakañwa ke lencwè.” Pesalema 91:11, 12, eo e neng e tsopolwa ke Satane ga e bolele gore go siame gore motho a ka baya botshelo jwa gagwe joo e leng neo ya Modimo mo kotsing. Fa Jesu a ne a lemoga gore go ne go le phoso go leka Jehofa ka go dira dilo tse di neng di ka baya botshelo jwa gagwe mo kotsing, o ne a bolelela Satane jaana: “Go bile, go kwadilwe, ga twe, U se ka ua leka Yehofa Modimo oa gago.” (Mathaio 4:5-7) Tota ruri, Satane ga se motho yo o batlang boammaaruri. Mme fa batho ba ba akanyang sentle ba bolela dikgopolo tse di phoso tseo di tla kgoreletsang botswelelopele jwa bone jwa semoya, modihedi wa Lefoko la Modimo o tshwanetse go supa ka botlhale seo tota Dikwalo di se bolelang le seo di se kayang. Dilo tsotlhe tseno ke karolo ya go “bua lehoko ya boamarure ka tshiamō”—nngwe ya dithuto tsa botlhokwa tse di rutiwang mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo.—2 Timotheo 2:15.

Go Kgona Motho go Na le Fa go Tshwanetseng go Dirwa Gone

12, 13. Ke ka ntlha yang fa go siame go leka go kgona batho mo bodiheding?

12 Kgono e na le fa e ka dirwang gone ka tshwanelo mo bodiheding jwa Bokeresete. Ka sekai, Paulo o ne a kgothaletsa modiri ka ene Timotheo gore a tswelele mo dilong tseo a di ithutileng le tseo a neng a ‘kgonwa gore a di dumele.’ (2 Timotheo 3:14, NW) Fa a ne a le kwa Korintha Paulo o ne “ka sabata moñwe le moñwe, a hetolana le batho mo tluñ ea thutō, a leka go kgōna Bayuda le Bagerika.” (Ditihō 18:1-4) Fa a le kwa Efeso o ne a “hetolana nabo a leka go ba kgōna ka dilō tsa bogosi jwa Modimo.” (Ditihō 19:8) Mme fa a ne a tshwerwe kwa Roma, moaposetoloi o ne a biletsa batho kwa go ene mme a ba neela bosupi, “a leka go ba kgōna,” mme bangwe ba ne ba dumela.—Ditihō 28:23, 24.

13 Tota ruri, go sa kgathalesege gore Mosupi a ka tswa a kgona go kgona batho go le kana kang, go tla dumela fela bao ba tshwanelwang ke go bona botshelo jo bo sa khutleng. Go ntsha mabaka o ba tlhatswa pelo le go tlhalosa ka phepafalo, o a neela ka tsela e e botlhale, go ka ba kgona gore ba dumele. Mme ke eng gape se se ka thusang gore o ba kgone?

Rulaganya Mabaka Sentle mme O Tlhatswe Motho Pelo

14. (a) Puo e e utlwalang, e e lomaganeng e kopanyeletsa eng? (b) Gore o bue puo e e tlhatswang motho pelo o tshwanetse gore o dire eng?

14 Nngwe ya dinonofo tsa puo e e gatelelwang mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo ke puo e e utlwalang le e e lomaganeng. Seno se kopanyeletsa go baya dikgopolo tsotlhe tse dikgolo le tshedimosetso sentle ka thulaganyo. Sengwe se se botlhokwa gape ke go ntsha mabaka a a tlhatswang pelo, mme seo se tlhoka gore o thae motheo o o siameng gore o tle o kgone go naya bosupi jo bo utlwalang. Se sengwe se se tshwanang le seno ke go thusa bareetsi go ntsha mabaka mme le ntse le dumalana ka seo le buang ka sone, go buelela dintlha o sa feteletse, le go di dirisa ka tsela e e tla nnang le matswela. Dikwalo gape di a re kaela.

15. (a) Paulo o ne a goga tlhokomelo ya batho jang le go dira gore ba dumalane nae ka seo a neng a se bua le bone kwa Mars’ Hill? (b) Ke eng seo se re bontshang gore puo ya ga Paulo e ne e utlwala, gape e lomagane?

15 Dinonofo tseno tsa puo di bonala gape mo puong e e itsegeng thata ya ga moaposetoloi Paulo kwa Mars’ Hill kwa Athena wa bogologolo. (Ditihō 17:22-31) Ketapele ya gagwe e ne ya goga tlhokomelo ya bone mme ya dira gore ba dumalane ka seo ba neng ba bua ka sone ka go bo o ne a re: “Lona banna ba Athena, kea lemoga ha ekete lo na le tshisimogō mo diloñ cotlhe.” Ga go belaetse gore mo go bone e ne ekete o a ba akgola. Fa Paulo a sena go umaka sebeso “SA MODIMO MOÑWE O O SA ITSIWEÑ,” o ne a tswelela pele ka kgang ya gagwe e e utlwalang, e e lomaganeng le e e tlhatswang pelo. O ne a bontsha gore Modimo ono o ba neng ba sa o itse o ne o ‘dirile lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone.’ Go farologana le Athena kana medingwana e mengwe ya Bagerika, “ga o nnè mo ditempeleñ tse di agiwañ ka diatla.” Morago ga foo moaposetoloi o ne a supa gore Modimo ono ke one o re neileng botshelo mme ga o batle gore re o batle ka go o apaapa. Morago Paulo o ne a bontsha gore Mmopi wa rona, yo a ileng a itlhokomolosa metlha e batho ba neng ba rapela medimo ya disetwa ba sa mo itse, “o laola gore batho botlhe ba ikwatlhaeè ka ntlha cotlhe.” Seno se ne sa lebisa kwa ntlheng e e reng ‘Modimo o tla atlhola baagi ba lefatshe ka tshiamo ka monna yo a mo tlhomileng yo a mo tsositseng mo baswing.’ Ereka Paulo a ne a ntse a “bolèla Yesu le go coga ga bashwi,” Baathena bao ba ne ba itse gore Moatlhodi yoo e ne e tla nna Jesu Keresete.—Ditihō 17:18.

16. Puo ya ga Paulo kwa Mars’ Hill le katiso ya Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo di ka ama bodihedi jwa motho jang?

16 Ka boammaaruri, Paulo o ne a sa neye bosupi ka ntlo le ntlo kwa Mars’ Hill. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ka ithuta go le gontsi go go ka tokafatsang bodihedi jwa bone jwa tshimo go tswa mo puong ya gagwe le katiso e e newang mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo. Ee, dilo tsotlhe tseno di ba thusa gore ba nne badihedi ba ba ditswerere tota, fela jaaka puo e e utlwalang le mabaka a a tlhatswang pelo ao Paulo a neng a a ntsha di ne tsa kgona Baathena bangwe gore ba fetoge badumedi.—Ditihō 17:32-34.

Dirisa Ditshwantsho Tse Di Rutang

17. Re tshwanetse go dirisa ditshwantsho tsa mofuta ofe mo bodiheding?

17 Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo gape se thusa badihedi ba Modimo go dirisa ditshwantsho tse di molemo fa ba neela bosupi ka ntlo le ntlo le mo dikarolong tse dingwe tsa bodihedi jwa bone. Dintlha tsa botlhokwa di tshwanetse go gatelelwa ka go dirisa ditshwantsho tse di motlhofo tseo di utlwalang sentle. Mosupi o tshwanetse go di dira ka maemo a a tlwaelegileng mme a nne kelotlhoko go supa ka phepafalo kafa di ka dirisiwang ka gone. Ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di fitlhelela dilo tse di tlhokegang tseno tsotlhe.

18. Mathaio 13:45, 46 e ka nna mosola jang mo bodiheding?

18 Ka sekai, tlhokomela mafoko ano a ga Jesu: “Gapè bogosi yoa legodimo bo chwana le moreki eo o batlañ diperela tse dintlè: Me ea re a sena go bōna ñwe e e tlhwatlhwa e kgolo, a ea a bapatsa cotlhe tse o nañ nacō, a e rèka.” (Mathaio 13:45, 46) Diperela ke majana a a tlhokegang tota a a bonwang mo teng ga dikgopana tsa dikgetla le diphologolo tse dingwe tseo di nang le dikgopana. Mme ke diperela dingwe fela tse “dintlè.” Moreki o ne a kgona go lemoga boleng jo bo kwa godimo thata jwa perela eno ebile o ne a iketleeditse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe tse a neng a na natso gore a e bone. Setshwantsho seno gongwe se ka dirisiwa mo loetong lwa go boela kana mo thutong ya legae ya Bibela go bontsha gore motho yo tota a anaanelang Bogosi jwa Modimo o tla dira jaaka moreki yoo. Motho yo o ntseng jalo o tla baya Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gagwe, a lemoga gore bo tshwanelwa ke go intshediwa setlhabelo ka tsela epe fela.

Konela Ka Tsela E E Tlhotlheletsang

19. Fa re le mo bodiheding jwa tshimo, tsela eo re konelang kgang ka yone e tshwanetse go bontsha mong wa ntlo eng?

19 Mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo batho ba Modimo ba ithuta gape gore konelo ya puo kana ya motlotlo e tshwanetse go amana ka tlhamalalo fela le setlhogo le gore e tshwanetse go bontsha bareetsi seo ba tshwanetseng go se dira le go ba kgothaletsa go se dira. Fa e le mo bodiheding jwa tshimo mong wa ntlo o tshwanetse go bontshiwa ka tlhomamo fela tsela eo a lebeletsweng go e tsaya, jaaka go amogela kgatiso ya Bibela kana go dumela loeto lwa go boela.

20. Re na le sekao sefe sa konelo e e tlhotlheletsang mo go Mathaio 7:24-27?

20 Konelo ya Thuto ya ga Jesu ya kwa Thabeng ke sekao se se molemo. Jesu o ne a bontsha botlhale jwa go reetsa mafoko a gagwe a dirisa setshwantsho se se tlhaloganngwang motlhofo. O ne a konela jaana: “Me ke gōna, moñwe le moñwe eo o utlwañ mahoko a, a me, a ba a a diha, o tla chwantshiwa le monna eo o botlhale, eo o agileñ ntlo ea gagwè mo lehikeñ. Me pula ea hologa, le merwalèla ea tla, le diphehō tsa hoka, tsa ntaaka ntlo euō; me e se ka ea wa: ka go bo e ne e thaecwe mo lehikeñ. Me moñwe le moñwe eo o utlwañ mahoko a, a me, me a sa a dihe, o tla chwantshiwa le monna eo o seeleele eo o agileñ ntlo ea gagwe mo moshaweñ: Me pula ea hologa, le merwalèla ea tla, le diphehō tsa hoka, tsa ntaaka ntlo euō: me ea wa; me go wa ga eōna ga nna gogolo.” (Mathaio 7:24-27) Abo seno se supa sentle jang ne gore badihedi ba Modimo ba tshwanetse go leka go tlhotlheletsa beng ba matlo!

21. Motlotlo ono wa rona o ile wa bontsha eng, mme go tshwanetse ga lemogiwa eng?

21 Dintlha tse di fa godimo di bontsha kafa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo se ka thusang ba bantsi ka gone go tshwanelega go nna baboledi ba Bogosi. Tota ruri, Modimo ke one o dirang gore batho ba tshwanelege. (2 Bakorintha 3:4-6) Mme go sa kgathalesege gore modihedi a ka tswa a tshwanelega go le kana kang, ga go ope yo o ka kgonang go tlhotlheletsa batho go dumela, fa Modimo e se ene a ba gogang ka Keresete. (Yohane 14:6) Lefa go le jalo, batho ba Modimo eleruri ba tshwanetse go dirisa dithulaganyo tsotlhe tsa semoya tseo di dirilweng ke Jehofa fa ba ntse ba batla bao ba tshwanelwang ke go bona botshelo jo bo sa khutleng.

Dikarabo Tsa Gago Ke Dife?

◻ Ba ba “pelo di itshekileñ” ke bomang, mme ba “bōna Modimo” jang?

◻ Ke dintlha dife tse di tshwanetseng go tlhokomelwa fa go itsisiwe molaetsa wa Bogosi ka ntlo le ntlo?

◻ Lefoko la Modimo le ka dirisiwa sentle jang mo bodiheding?

◻ Ke eng se se tla thusang go neela dipuo tse di utlwalang tse di tlhatswang pelo mo tirelong ya tshimo?

◻ Ke eng seo se tshwanetseng go gakologelwa mabapi le ditshwantsho mo bodiheding?

◻ Mafoko a a konelang a tshwanetse go dirisiwa go fitlhelela eng mo tirong ya go neela bosupi?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Jesu o ne a bolela gore “ba ba pelo di itshekileñ” ba tla “bōna Modimo.” Seno se ne se raya eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mafoko a a etelelang Dikwalo pele e tshwanetse go nna a a siameng, di balwe di gatelelwa sentle, mme di dirisiwe ka mokgwa o o phepafetseng o o tlhomameng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela