LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 3/15 ts. 29
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele e Kwadilwe ke Mang?
    Tsogang!—2007
  • Modimo o Tlhotlheleditse Jang Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A go Na le Yo a Ka Itseng Gore ke Mang Tota a Kwadileng Baebele?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 3/15 ts. 29

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

◼ Ke mokwadi ofe wa Bibela yo e neng e le “mojenarale,” jaaka go umakiwa mo bukeng Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?a

Buka eo e e molemo eo e buang kaga Lefoko la Modimo e bolela jaana mo tsebeng ya 10: “Gape Bibela ke ya mofuta o eleng wa yone fela ka ntlha ya seo bakwadi ba yone ba bantsi ba se bolelang. Batho ba ka nna 40 go akaretsa le dikgosi, badisa, batshwari ba ditlhapi, badiredipuso, baperesiti, bobotlana mojenarale a le mongwe, le ngaka, ba nnile le seabe mo go kwaleng dikarolo tse di farologaneng tsa Bibela. Mme gangwe le gape, bakwadi ba yone ba ne ba bolela jaana ka go tshwana: gore ba ne ba sa kwale dikakanyo tse e leng tsa bone mme e ne e le tsa Modimo.”

Bangwe ba ile ba botsa gore ke bakwadi bafe ba Bibela bao ba neng ba dira ditiro tseo. Tsweetswee sekaseka dilo tse di latelang mabapi le seno:

Dikgosi: Palo e e rileng ya bakwadi ba Bibela e ne e le dikgosi. O ka gakologelwa ka bonako fela Dafide le Solomone. (Pesalema 3, mokwalo o o kwa godimo; Diane 1:1; Moreri 1:1) Lefa go ntse jalo, pina e e mo go Isaia 38:10-20 e ne ya kwalwa ke Hesekia. (Temana 9) Bakanoki ba bantsi ba dumela gore o ne a tlhama gape le Pesalema 119, gongwe pele e nna kgosi. Gape Hesekia o ne a nna le seabe mo go kwaleng dikgaolo tsa 25–29 tsa Diane. (Diane 25:1) Kgaolo ya bofelo ya Diane e ne ya kwalwa ke “Kgosi Lemuele.” Bangwe ba re Lemuele ke Kgosi Hesekia, lemororo ba bangwe ba akanya gore e ne e le Kgosi Solomone.—Diane 31:1.

Badisa: Dafide le moperofeti Amose ba ne ba dira tiro ya go disa. (1 Samuele 16:11-13; 17:15, 28, 34; Amose 1:1) Amose o ne a kwala buka ya Bibela e e bidiwang ka leina la gagwe. Pesalema ya 23 e e itsegeng thata eleruri e supa fa Dafide a ne a tlwaetse tiro ya go disa.

Batshwari ba ditlhapi: Mo baaposetoloing ba ga Jesu bao e neng e le batshwari ba ditlhapi, Johane le Petere ba ne moragonyana ba tlhotlhelediwa go kwala dibuka tsa Bibela. (Mathaio 4:18-22) Johane o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala pego ya Efangele mmogo le makwalo mangwe a mararo le buka ya Tshenolō. Petere o ne a kwala makwalo a mabedi a a tlhotlheleditsweng.

Badiredipuso: Daniele mmogo le Nehemia e ne e le badiredipuso ba dipuso tsa dinaga di sele tseo di neng di busa batho ba Modimo. (Nehemia 1:1, 11; 2:1, 2; Daniele 1:19; 2:49; 6:1-3) Dibuka tse pedi tsa Bibela di bidiwa ka maina a banna bano.

Baperesiti: Baperofeti ba le babedi ba Modimo bao ba neng ba kwala dibuka tsa Bibela e ne e le baperesiti. E ne e le Jeremia le Esekiele. (Yeremia 1:1; Esekiele 1:1-3) Mo godimo ga moo, Esere e ne e le moperesiti wa lotso lwa ga Arone yoo e neng e le “mokwadi eo o bobèbè mo molaoñ oa ga Moshe.” O “na a itlhōmamisitse pelo go re, o tla batla molaō oa ga Yehofa, a ba a o diha, a ba a ruta batho melaō le dikatlholō mo Iseraela.”—Esere 7:1-6, 10, 11.

Mojenarale: Seabe seo Joshua a neng a nna le sone mo go eteleleng masole pele fa Baiseraele ba ne ba tshelela mo Lefatsheng la Tsholofetso mme ba lwa le batho ba bantsi ba baba se mo dira mojenarale. (Yoshue 1:1-3; 11:5, 6) O ne a bona tshiamelo ya go kwala buka ya Yoshue. Gape babadi bangwe ba Bibela ba ka leba Dafide jaaka monna yo a neng a dira jaaka mojenarale pele e nna kgosi.—1 Samuele 19:8; 23:1-5.

Ngaka: Fa e konela, Bakolosa 4:14 e bua ka “Luke, ñaka e e ratègañ.” Luke o ne a kwala Efangele e e bidiwang ka leina la gagwe, mme go lebega a kwadile gape le Ditihō tsa Baaposetoloi.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ka 1989 ke Watch-tower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela