LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 5/1 ts. 30-31
  • Jerusalema Motsemogolo O O Kayang Dilo Tse Dintsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jerusalema Motsemogolo O O Kayang Dilo Tse Dintsi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Jerusalema O Mosha
  • Jerusalema O O Sa Ikanyegeng
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 5/1 ts. 30-31

Jerusalema Motsemogolo O O Kayang Dilo Tse Dintsi

JERUSALEMA e ne e le sengwe se se fetang go nna moshate wa morafe mongwe wa mo lefatsheng fela. E ne e le one motsemogolo fela mo lefatsheng oo Jehofa Modimo a neng a tlhomile leina la gagwe mo go one. (1 Dikgosi 11:36) Fa letlole la kgolagano, leo le neng le sena go isiwa koo, Jerusalema e ne ya nna “boagō” jwa ga Jehofa jwa tshwantshetso, “bonnō yoa boikhucō.” (Pesalema 78:68, 69; 132:13, 14; 135:21; bapisa 2 Samuele 7:1-7, 12, 13.) Lebaka e ne e le ka go bo dikgosi tsa losika lwa ga Dafide di ne di tloditswe ke Modimo mme di ne di busa di ntse mo “setuloñ sa bogosi sa ga Yehofa” (1 Ditihalō 29:23; Pesalema 122:3-5), gape Jerusalema ka boyone e ne e bidiwa “setulō sa ga Yehofa sa Bogosi”; mme ditso tseo kana merafe eo e neng e retologela kwa go yone e ne e tsaya Modimo e le molaodi, totatota, e ne e phuthelwa leina la ga Jehofa. (Yeremia 3:17; Pesalema 122:1-4; Isaia 27:13) Bao e neng e le baba kana ba lwa le Jerusalema, totatota ba ne ba le kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo. Seno se ne se tla diragala tota go ya ka polelo ya seperofeti e e mo go Genesise 3:15.

Ka gone, Jerusalema e ne e emela setulo sa puso e e tlhomilweng ke Modimo kana e ne e tshwantshetsa bogosi jwa Modimo. Molao wa Modimo, lefoko la gagwe le masego a gagwe di ne di tswa gone. (Mika 4:2; Pesalema 128:5) Ka gone, bao ba neng ba dira gore go nne le kagiso le gore dilo di tsamaye sentle mo Jerusalema, ba ne ba thusa gore boikaelelo jwa Modimo jwa tshiamo bo atlege, ba dira gore go rata ga gagwe go tswelele pele. (Pesalema 122:6-9) Lemororo e le ntle fa o e leba, bogolo le bontle jwa Jerusalema jwa boammaaruri bo ne bo le ka tsela eo Jehofa Modimo a neng a e tlotlomatsa ka yone le go e galaletsa, gore e nne “serwalō sa bogosi se sentlè” mo go ene.—Pesalema 48:1-3, 11-14; 50:2; Isaia 62:1-7.

Ereka dibopiwa tse di botlhale tsa ga Jehofa e le tsone segolobogolo di mmakang le go dira go rata ga gagwe, go tswelela a nna mo motseng oo go ne go sa ikaega ka motsemogolo oo mme e ne e le ka batho ba ba neng ba nna mo go one, babusi ba ba neng ba busa, baperesiti le batho. (Pesalema 102:18-22; Isaia 26:1, 2) Fa ba ne ba santse ba ikanyega, ba tlotla leina la ga Jehofa ka mafoko le ka tsela eo ba neng ba tshela ka yone, o ne a ba segofatsa le go sireletsa Jerusalema. (Pesalema 125:1, 2; Isaia 31:4, 5) Jehofa o ne a se ka a tlhola a amogela batho bao le dikgosi tsa bone ka ntlha ya go bo bontsi jwa bone bo ne bo tsere tsela ya botenegi. Ka lebaka leno, Jehofa o ne a itsise fa a ikaeletse go latlha motsemogolo o o neng o bidiwa ka leina la gagwe oo. (2 Dikgosi 21:12-15; 23:27) O ne a tla tlosa “seitshegeco le thōbane” mo motseng o mogolo oo, seo se neng se tla felela ka gore o tlale ka kgatelelo, go tlhoka kutlo ga bana, go nyadiwa ga banna ba maemo a a tlotlegang; Jerusalema e ne e tla wela kwa tlase le go tlontlololwa thata. (Isaia 3:1-8, 16-26) Lemororo Jehofa Modimo a ne a tsosolosa motsemogolo oo dingwaga tse 70 morago ga fa a sena go letla gore o senngwe ke Bababelona, a o ntlafatsa gape jaaka lefelo la boitumelo la kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng batho le baeteledipele ba bone ba ne ba boela gape mo tseleng ya bone ya botenegi.

Jehofa o ne a tlogela motse oo o ntse o le jalo go fitlha a roma Morwawe mo lefatsheng. O ne o tshwanetse gore o nne teng gore boperofeti jo bo neng bo bua ka Mesia bo diragadiwe. (Isaia 28:16; 52:7; Sekaria 9:9) Tsela ya Baiseraele ya botenegi e ne ya fitlha kwa setlhoeng sa yone fa ba ne ba bapola Mesia, Jesu Keresete. (Bapisa Mathaio 21:33-41.) Ereka go ne ga diragalela kwa Jerusalema go tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba morafe ebile go tshegediwa ke batho, seo se ne sa tlhomamisa gore Modimo o ganne motse oo ka botlalo le ka tsela e e ka se kang ya fetolwa jaaka o o mo emelang le o o bitswang ka leina la gagwe. Ke fela jaaka Jesu a ne a bolela jaana: “Yerusalema wè! Yerusalema wè! wèna eo u bulaeañ baperofeti, u kgobotletsa ka mayè ba ba roñwañ kwa go wèna; ke ka bo ke phuthile bana ba gago mmōgō gantsi yañ, yaka koko e tle e phuthèle mamphorwana a eōna mo diphukeñ tsa eōna, me lo ganne. Bōna, ntlo ea lona lo e tlogelecwe e le letlōtla hèla; me amarure kea lo raea, Ga lo ketla lo tlhōla lo mpōna, go tlo go tsamaeè lobaka lo tlè, lo lo tla buañ ka lōna, lo re, Go bakwè èna eo o tlañ mo ineñ ya ga Yehofa.” (Bapisa Luke 13:33, 35; Mathaio 16:21.) Jesu le bone baaposetoloi ba gagwe ga ba ise ba ko ba bolelele pele gore Modimo o ne a tla tsosolosa Jerusalema e e mo lefatsheng le tempele morago ga tshenyego ya 70 C.E e e neng e laotswe ke Modimo.

Lefa go le jalo leina Jerusalema le ne la tswelela le dirisiwa jaaka sengwe se se tshwantshetsang sengwe se segolo go gaisa motsemogolo wa selefatshe. Ereka moaposetoloi Paulo a ne a tlhotlheleditswe ke Modimo, o ne a senola gore go na le “Yerusalema o o kwa godimo,” oo a bolelang gore ke ‘mma’ Bakeresete ba ba tloditsweng. (Bagalatia 4:25, 26) Seno se baya “Yerusalema o o kwa godimo” mo boemong jwa go nna mosadi wa ga Jehofa Modimo, Rre yo mogolo le Moneibotshelo. Fa Jerusalema e e mo lefatsheng e ne e dirisiwa jaaka motsemogolo o mogolo wa morafe o o tlhophilweng ke Modimo, le one o ne wa bolelwa fa e le mosadi yo o nyetsweng ke Modimo, yoo a golegeletsweng mo go ene ka dikgole tse di boitshepo mo kgolaganong. (Isaia 51:17, 21, 22; 54:1, 5; 60:1, 14) Ka gone o ne o eme mo boemong jwa, kana o emela, phuthego yotlhe ya batlhanka botlhe ba Modimo ba batho. Ka gone, “Yerusalema o o kwa godimo” o emela phuthego yotlhe ya ga Jehofa ya batlhanka ba semoya ba ba ikanyegang.

Jerusalema O Mosha

Mo lokwalong lo lo tlhotlheleditsweng lwa Tshenolō, moaposetoloi Johane o kwala tshedimosetso nngwe kaga “Yerusalema o mosha.” (Tshenolō 3:12) Johane o bona ponatshegelo ya “motse o o boitshèpō” jaaka ekete “o hologa mo legodimoñ o cwa kwa Modimoñ, o etleedicwe yaka monyadwi eo o kgabetseñ monna oa gagwè.” Seno se dumalana le ponatshegelo eo a e bonang ya “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha.” “Monyadwi” yono o ne a bolelwa fa e le “mosadi oa ga Kwana.” (Tshenolō 21:1-3, 9-27) Dikwalo tse dingwe tsa baaposetoloi le tsone di bitsa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng jalo. (2 Bakorintha 11:2; Baefesia 5:21-32) Mo go Tshenolō kgaolo 14, “Kwana” ebong Keresete Jesu o supiwa a eme mo Thabeng ya Siona, leina leo le lone le amanang le Jerusalema (bapisa 1 Petere 2:6), a na le ba ba 144 000 bao ba kwadilweng leina la gagwe le la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.—Tshenolō 14:1-5.

Jerusalema O O Sa Ikanyegeng

Ereka bontsi jwa dilo tse di buiwang ka Jerusalema mo Dikwalong e le tse di mo kgalang, go phepafetse gore Jerusalema o ne a emela phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo, le ka dinako dingwe, phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete, “Iseraela oa Modimo” fela ka nako ya fa a ne a ikanyega. (Bagalatia 6:16) Ka nako ya fa a ne a sa ikanyege, o ne a tshwantshiwa le seaka le mosadi wa seaka; o ne a tshwana fela le Baamora le Bahita ba baheitane ba ba kileng ba bo ba laola motse oo. (Esekiele 16:3, 15, 30-42) Ka gone, e ne e ka emela fela batenegi, bao ba neng ba latela tsela ya ‘mosadi wa seaka’ yo o sa ikanyegeng mo Modimong oo ba neng ba bolela fa ba ne ba bidiwa ka leina la one.—Yakobe 4:4.

Ka gone, go ka bonwa gore “Jerusalema” o dirisitswe ka tsela e a ka tlhaloganngwang ka ditsela tse dintsi, mme tsela nngwe le nngwe e a dirisitsweng ka yone e tshwanetse go sekasekiwa gore e tlhaloganngwe sentle.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela