LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 9/1 ts. 9
  • Ba Ne Ba Tlhatswega Pelo kwa Kathmandu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Ne Ba Tlhatswega Pelo kwa Kathmandu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Re ne Ra Amiwa ke go Bona Gore Ba a Re Rata”
    Tsogang!—2017
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Ke Ile ka Nna le Kagiso le Modimo Mmogo le Mmè
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 9/1 ts. 9

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Ba Ne Ba Tlhatswega Pelo kwa Kathmandu

MOTAKI mongwe o ne a simolola go batla boammaaruri kwa Brittany, kwa Fora, ka 1980. O ne a nna a tlotlanyana le batho ba Pentekosete mme o ne a ithuta ditumelo tsa Botlhaba—mme a sa kgotsofale. Morago ga moo o ne a tlotla le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme o ne a emisa ka bonako. O ne a kopana le motaki yo mongwe mme a dira le ene a bo a nna le ene.

Ka bonako fela morago ga seno batho ba babedi bano ba ba sa nyalanang ba ne ba swetsa ka gore ba etele kwa Nepal. Ba ne ba kgatlhwa thata ke bontle le kagiso ya lefatshe leo mme ba ne ba swabisitswe ke thulaganyo ya go kgaoganya batho go ya kafa ba humileng kana ba humanegileng ka teng eleng selo se se neng se lebega se sa siama mo go bone jaaka batho ba ba tswang Bophirima.

Fa ba boela kwa Fora, mosadi yono o ne a akantsha tsala ya gagwe gore ba ithute Bibela mmogo, mme se se neng sa mo gakgamatsa o ne a dumalana. Ba ne ba ikgolaganya le Mosupi mongwe yo a neng a kile a tlotla le ene dingwaga di le pedi tse di fetileng. Kwa tshimologong ba ne ba dirisa Bibela fela, mme morago ba ne ba dumalana go dirisa buka ya Boamarure Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng mme moragonyana buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Mo lobakeng lwa ngwaga ba ne ba tlogela go dirisa diokobatsi.

Morago ga gore ba etele Nepal gape ka lobaka lwa dikgwedi di le pedi, batho ba babedi bano ba ne ba boela Fora gape kwa ba neng ba tswelela go ithuta gone. Ba ne ba tlogela go goga le go ya kwa dibareng le kwa di-nightclub mme ba simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, fa ba fetsa buka ya Tshelela Ruri, ba ne ba swetsa gore ba emise go tlhola ba ithuta.

Gape ba ne ba boela kwa Nepal koo ba neng ba nna mo ntlwaneng e nnye kwa tlase ga Dithaba tsa Himalaya. Ka letsatsi lengwe monna mongwe yo o godileng, yo o neng a apere sutu a bofile thae, o ne a kokota mo ntlong ya bone. Mosadi yono o ne a le esi mo ntlong, mme o ne a akanya gore e tshwanetse ya bo e le mongwe yo o rekisang ditshwantsho tse di takilweng a tlile go bona ditshwantsho tsa bone. Se se neng sa mo gakgamatsa ke gore e ne e le Mosupi yo o neng a romilwe ke motho yole yo o neng a ithuta le bone kwa Fora. Go ise go ye kae tsala ya gagwe e ne ya boela gae, mme ba ne ba nna le motlotlo ka diura di le pedi.

Malatsi a sekae moragonyana, batho bano ba ne ba ya kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kathmandu mme ba ne ba kgatlhilwe thata ke tsela eo ba ba neng ba le gone ba neng ba lebega ba le phepa ka gone. Ba ne ba bone lone lorato lo lo tshwanang lwa bokaulengwe le boitumelo tse ba neng ba di bona kwa dipokanong kwa Fora. Gape ba ne ba bona kafa batho ba Nepal ba ba neng ba le gone ba neng ba le seoposengwe ka gone, lemororo ba ne ba tswa kwa ditlhopheng tse di farologaneng go ya ka itsholelo ya bone. Jaanong ba ne ba tlhatswegile pelo gore eno e tshwanetse ya bo e le phuthego ya ga Jehofa.

Kgwedi moragonyana ba ne ba boela kwa Fora mme gone fela foo ba ne ba tsweletsa thuto ya bone ya Bibela le go nna gone kwa dipokanong. Ba ne ba nyalana, ba simolola go nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi, mme kgabagare ba ne ba kolobediwa. Monna jaanong ke motlhanka wa bodihedi, mme mosadi wa gagwe o nna le seabe ka metlha mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang. Eleruri, bao ba nang le dipelo tse di siameng ba tla thusiwa ke moya wa ga Jehofa gore ba gatele pele mme ba nne baobamedi ba gagwe.—Tshenolō 7:15-17.

[Lebokoso/Mmapa mo go tsebe 9]

NEPAL

Palo ya Baagi  - 17,712,221

Tlhora ya Baboledi ka 1990  - 63

Palogare, Mmoledi a le 1 go ba le  - 281,146

Palogare ya Baboledi ba Babulatsela  - 10

Palo ya Diphuthego  - 1

Palogare ya Dithuto tsa Bibela  - 107

Bao Ba Nnileng Gone kwa Segopotsong  - 220

[Mmapa]

(For fully formatted text, see publication)

NEPAL

INDIA

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Lefelo la borekisetso la kwa Kathmandu, Nepal

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela