LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/94 ts. 7
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 4/94 ts. 7

Dikgang Tsa Puso ya Modimo

Afrika Borwa: Ka December 19, 1993, go ne ga aloga tlelase ya ntlha ya Sekolo sa Thapiso sa Bodihedi e e neng e tshwaretswe kwa ntlheng ya borwa jwa Afrika kwa Lusaka, kwa Zambia! Go ne go na le baithuti ba le barataro go tswa mo Afrika Borwa ba ba neng ba le mo tlelaseng eno. Go tla tshwarwa ditlelase tse dingwe gape nako nngwe ka 1994 mme botlhe ba ba ratang gore ba nne teng ba tshwanetse go bua le molebedi wa kgaolo kwa kopanong e e latelang ya potologo.

Batho ba ba neng ba le teng mo dikopanong tsa kgaolo tse 19 tse di neng di rulagantswe mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di bapileng le yone ba kopane botlhe ba ne ba le 142 151, mme go ne ga kolobediwa ba le 2 659. Re rata go lo leboga lotlhe bakaulengwe go bo lo ile lwa bontsha moya wa go amogela baeng mo batlakopanong ba ba diketekete ba ba nnileng teng mo dikopanong tse nne tsa ditšhabatšhaba. Go ile ga amogelwa ditebogo tse dintsi go tswa go bakaulengwe bano ba ba neng ba etile. Mme gape re rata go leboga Dikomiti tsa Kopano mmogo le bakaulengwe botlhe ba bangwe ba ba ileng ba dira ka natla go dira gore dikopano tseno di atlege.

Phuthego ya kwa Sebotse, e e kwa bokone jwa Pietersburg, e ne ya itumela go bona Holo ya bone ya Bogosi e kgakolwa ka January 29, 1994.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela