Dikgang Tsa Bolegodimo
◆ Mo dikgweding tsa October le November, go ile ga tshwarwa dikopano tsa kgaolo di le 28 kwa Argentina tseo go neng go tlile ba le 130 262 kwa go tsone. Baboledi ba le 79 858 bao ba begileng tiro ka November ba emela tlhora e ntšha e e di fetang tsotlhe.
◆ lceland e begile tlhora e ntšha ya baboledi ba le 233 ka November. Go nnile le tlhora ya ba le 382 ya bao ba neng ba le teng ka letsatsi la bone la kopano e e kgethegileng ya bosheng jaana.
◆ Ireland e begile tlhora ya yone ya bo 20 ka go latelana ya baboledi ba le 3 255 ka November. E ne e le selo se se kgothatsang go lemoga gore go kolobeditswe ba le 78 ka matsatsi a metseletsele ya dikopano tse di kgethegileng tsa bosheng jaana.
◆ Madagascar e nnile le koketsego ya 8 lekgolong ka November ka tlhora e ntšha ya baboledi ba le 3 424 bao ba begileng.
◆ St. Maarten e nnile le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 141 ka November. koketsego ya 17 lekgolong. Go ne go na le ba le 282 ka letsatsi la kopano ya bone e e kgethegileng.
◆ Zimbabwe e fitlheletse tlhora e ntšha ya baboledi ba le 17 113 ka November. Ba tshwara palogotlhe ya dithuto tsa Bibela di le 19 190.
◆ Setlhopha sa botlhano sa Sekolo sa go Thapisediwa Bodihedi sa kwa United States se ne se aloga kwa Los Angeles, California ka Sontaga, January 14, 1990. Ba le 20 bao ba neng ba aloga mo go sone ba abetswe go ya go direla kwa mafatsheng a le marataro a a farologaneng a a ka kwa ntle ga United States.