Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Tsamaisa Dipeeletso ka Bopelokgale
1 Kwantle ga pelaelo Tora ya Tebelo ke makasine o o molemo go e gaisa yotlhe wa go ithuta Bibela mo go e e leng teng mo godimo ga lefatshe! A o tlhatswegile pelo gore seno ke boammaaruri? Fa go ntse jalo, he a ga go a tshwanela gore mongwe le mongwe a neelwe tshono ya gore a dire peeletso ya yone?
2 Wena ka bowena go bala Tora ya Tebelo go ile ga go thusa jang? Ka gongwe mongwe le mongwe wa rona o ne a ka bolela ditsela tseo makasine ono o ileng wa re thusa ka tsone. Bangwe ba ka nna ba bolela gore ke one selo sa konokono se se re tsibosang malebana le kafa metlha eno e re tshelang mo go yone eleng bo-tlhokwa ka gone. Kana e ile ya dira gore re kgone go ka ithuta bokao jwa boa-mmaaruri jwa “metlha“ eno eo e tlha-kanyang setho tlhogo gompieno. (Math. 16:3) Ba bangwe ba ka nna ba bolela gore ba ile ba gomodiwa ke maf oko a a molemo a gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo senya bao ba gatelelang bankabone. Tora ya Tebelo e ile ya buelela kgopolo eo go tloga fela fa e ne e simolola go nna teng mo dingwageng di le 110 tse di fetileng. Kwantle ga pelaelo rotlhe re ka bolela gore lekwalopaka le le tlhomologileng leno la Bibela le ile la re thusa gore re nne le tumelo mo paakanyetsong ya the-kololo eo e neelang batho ba ba sa itekanelang tshono ya go bona botshelo jo bo-sakhutleng. Ba bangwe ba tshwanelwa ke gore ba ithute boammaaruri jono.
NNA MAIKUTLO MANTLE
3 Tora ya Tebelo e bua thata malebana le kafa botlhale jwa Modimo, eseng bo-tlhale jwa motho bo leng botlhokwa ka gone. (Isa. 55:8, 9) Botlhale jo bo ntseng jalo bo tlhokiwa fela thata ke mongwe le mongwe gompieno. Bo kgona go ka toka-fatsa matshelo le go thusa go tlhagolela maitlhomo a a siameng. Seno se botlho-kwa gore re tle re “tshele.“ (Dia. 9:1-6) Ka jalo fa re tlhatswegile pelo jalo, re tla neela peeletso ka maikutlo a mantle, re lemoga gore re na le seo batho ba ba-ngwe ba se tlhokang. Tlhatlhoba tokolo-lo nngwe le nngwe ka kelptlhoko go bona dintlha tseo o dumelang gore di ka nna mosola go beng ba matlo. Fa o baakanye-tsa jalo go sale gale seo se tla go thusa gore o bontshe moya o montle fa o tsamaisa dimakasine tseno mo bodiheding.
4 Ba bangwe ba ka nna ba nna le mokgwa wa go sa nne le maikutlo a mantle malebana le go neela dipeeletso. Ba ka nna ba dira gore mong wa ntlo a kopanele mo motlotlong, le eleng go tlotla ka Setlhogo sa Motlotlo, mme morago ga moo ba bo ba mo neela dimakasine tse pedi ka moneelo wa Rl,20 mo boemong jwa gore ba mo tsamaisetse peeletso. Ka ntlha-yang? A ke ka ntlha ya tlhotlhwa ya yone? Fa e le gore go ntse jalo, leno ga se lebaka le le utlwalang. Lemororo tlhotlhwa ya peeletso e le kwa tlase fa e bapisiwa le ya dikgatiso tsa lefatshe, e tlhotlhwakgolo fa o akanya kafa eleng moso-la ka gone go mmadi. Ka jalo nna le maikutlo a mantle mme o tsamaise peeletso ya Tora ya Tebelo ka R12,00 fela kana o e tsamaise mmogo le eo e e patang eleng Tsogang! ka R18.00 fela.
5 Kgaitsadi yo mongwe o ne a ikemise-ditse go tsamaisa dipeeletso, ka jalo o ne a itlhomela mokgele wa di le 50 mo loba-keng lwa dikgwedi tse pedi. O ne a bona dipeeletso tse 31 mo kgweding ya ntlha le palogotlhe ya di le 50 mo dikgweding di le pedi. O ne a bolela gore e ne e re fa bangwe ba re ga ba na madi mme ba batla peeletso, o ne a boela makgetlo a le ma-raro kana a le mane pele mong wa ntlo a ka kokoanya madi ao. (yb89, dits. 60-1; bona gape le 1990 Yearbook, ditsebe 47-9.) Kwa Japane, koo tlhotlhwa ya pee-letso ya ngwaga e lekanang le mo e ka nnang R35,00 gone, bakaulengwe ba ile ba tsamaisa dipeeletso tse di fetang 71-600 ka October, eo eleng tlhora e ntsha le koketsego ya 57 lekgolong go feta ya mo kgweding yone eo ngwaga pelenyana ga moo.
TSWELELANG PELE KA BOPELOKGALE
6 Re na le lebaka le le utlwalang la go ka nna pelokgale mo bodiheding jwa rona—re engwa nokeng ke Jehofa. (Dit. 14:3) Sengwe sa didirisiwa tse dikgolo tseo Je-hofa a di dirisang gompieno go anamisa maf oko a a molemo ke Tora ya Tebelo. Fa re tsamaisa dipeeletso mme morago ga moo re bo re boela go ya go kgothaletsa bao gore ba bale dimakasine tseho, go iteka ga rona jalo ka tlhoafalo go ka bo-loka matshelo a batho. Ka jalo a re neeleng dipeeletso ka tlhagafalo le ka bope-lokgale mo go botlhe bao re ba itseng le mo go bao re kopanang le bone mo bodiheding jwa tshimo.