LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 2/1 ts. 4-7
  • Baperofeti ba Maaka Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baperofeti ba Maaka Gompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boammaaruri Kaga Bogosi
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa go le Botlhokwa?
  • Batho Kafa Tlase ga Bogosi jwa Modimo
  • Se Jesu a Neng a se Ruta ka Bogosi Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Bogosi Jwa Modimo
    Tsogang!—2013
  • Bogosi Jwa Modimo Bo A Busa
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 2/1 ts. 4-7

Baperofeti ba Maaka Gompieno

JEREMIA o ne a dira jaaka moperofeti wa Modimo kwa Jerusalema ka nako ya fa motse ono o ne o tletse ka kobamelo ya medimo ya disetwa, boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, boikepo, le go tsholola madi a batho ba ba senang molato. (Yeremia 7:8-11) E ne e se ene moperofeti fela yo a neng a direla ka yone nako eo, mme lefa go ntse jalo bontsi jwa ba bangwe ba ne ba dira dilo tse di ratiwang ke bone fela ebile ba tsietsa. Ka tsela efe? Jehofa o a bolela: “Go simolola ka moperofeti le go ea moperisitiñ, moñwe le moñwe o diha ka go herekana hèla. Ba bile ba hodisitse thōbègō ea batho ba me go le gonnye hèla, ba re, Kagishō, kagishō; le morōrō go sena kagishō.”—Yeremia 6:13, 14.

Le mororo naga e ne e tletse boikepo jalo baperofeti bano ba maaka ba ne ba leka go dira gore go lebege ekete dilo di ne di siame fela, le gore batho ba ne ba le mo kagisong le Modimo; mme go ne go sa nna jalo. Ba ne ba emetswe ke katlholo ya Modimo, jaaka Jeremia a ne a ba bolelela a le pelokgale. Ka nako ya fa Jerusalema e ne e senngwa ke masole a Babelona ka 607 B.C.E., tempele e ne ya senngwa, mme batho bangwe ba ne ba bolawa ba bangwe ba isiwa botshwarwa kgakala kwa Babelona mme go ne ga tlotlomadiwa moperofeti wa boammaaruri Jeremia, eseng baperofeti bano ba maaka. Batho ba sekaenyana fela bao ba neng ba tlhomola pelo ba ba neng ba sala mo nageng eno ba ne ba tshabela kwa Egepeto.—Yeremia 39:6-9; 43:4-7.

Ke eng se baperofeti bano ba maaka ba ileng ba se dira? “Bōnañ, ke tlhabana le baperofeti ba ba ucwañ mahoko a me, go bua Yehofa, moñwe le moñwe a a ucwe mo go oa ga gabō.” (Yeremia 23:30) Baperofeti bano ba maaka ba ne ba utswa nonofo le se go reetsa mafoko a Modimo go ka bong go se dirile ka go kgothaletsa batho go reetsa maaka go na le gore ba reetse tlhagiso ya Modimo ya boammaaruri. Ba ne ba sa bolele “ditihō tse dikgolo tsa Modimo,” mme lefa go ntse jalo ba ne ba bolela dikgopolo tsa bone, dilo tseo batho ba neng ba batla go di utlwa. Eleruri molaetsa wa ga Jeremia o ne o tswa kwa Modimong, mme fa Baiseraele ba ka bo ba ile ba dira se mafoko a gagwe a neng a se bolela, ba ka bo ba falotse. Baperofeti bano ba maaka ‘ba ne ba utswa mafoko a Modimo’ mme ba etelela pele batho go ba wetsa mo matlhotlhapelong. Go ne go ntse fela jaaka Jesu a ne a bolela jaana ka baeteledipele ba bodumedi ba ba sa ikanyegeng ba motlha wa gagwe: “Ke bagogi ba ba houhetseñ. Me ha sehohu se gōga sehohu, di tla wèla mmōgō mo kgatampiñ.”—Ditihō 2:11; Mathaio 15:14.

Jaaka mo motlheng wa ga Jeremia, go na le baperofeti ba maaka gompieno ba ba bolelang gore ba emela Modimo wa Bibela; mme le bone ba utswa mafoko a Modimo ka go rera dilo tse di dirang gore ba se ka ba kgona go utlwa seo Modimo eleruri o se bolelang ka Bibela. Ka tsela efe? A re arabeng potso eo ka go dirisa, jaaka sengwe se re lekang fela ka sone, thuto ya Bibela ya motheo ya Bogosi.

Boammaaruri Kaga Bogosi

Bogosi jwa Modimo e ne e le setlhogo se segolo se Keresete a neng a ruta ka sone, mme bo umakiwa ka makgetlo a a fetang lekgolo mo dikwalong tsa Efangele. Jesu o ne a bolela jaana fela kwa tshimologong ya bodihedi jwa gagwe: “Ke na le go rèrèla le metse meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.” O ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele jaana: “Bogosi yoa gago a bo tlè.”—Luke 4:43; 11:2.

Gone mme, Bogosi ke eng? Go ya ka The New Thayer’s Greek English Lexicon, lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “bogosi” mo Bibeleng sa ntlha le raya “maatla a segosi, go nna kgosi, taolo, puso” mme sa bobedi le kaya “lefelo le kgosi e le busang.” Seno se re thusa go dira tshwetso e e utlwalang ya gore Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota e e laolwang ke Kgosi nngwe. A seno se ntse jalo?

Ee, se ntse jalo, mme Kgosi ya jone ga se ope fela fa e se Jesu Keresete. Moengele Gabariele o ne a bolelela Maria jaana pele Jesu a tsholwa: “O tla nna mogolo, me o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; mme Morèna Modimo o tla mo naea setulō sa bogosi sa ga Dafide rragwè.” (Luke 1:32) Lebaka la go bo Jesu a newa setulo sa Bogosi le supa fa e le Kgosi, Mmusi wa puso. Boperofeti jono jwa ga Isaia le jone bo tlhomamisa gore Bogosi jono ke puso nngwe ya mmatota fa bo bolela jaana: “Gonne ñwana re mo tsalecwe, ñwana oa mosimane re mo neilwe; me pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè . . . go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”—Isaia 9:6, 7.

Jesu o busa a le kwa kae? Kwa Jerusalema? Nnyaa. Moperofeti Daniele o ne a bona ponatshegelo nngwe ya fa Jesu a amogela Bogosi, mme mo ponatshegelong ya gagwe o ne a bona Jesu a le kwa legodimong. (Daniele 7:13, 14) Seno se dumalana le tsela e Jesu a neng a bua ka Bogosi ka yone. Gantsi o ne a bo bitsa “bogosi yoa legodimo.” (Mathaio 10:7; 11:11, 12) Gape se dumalana le mafoko ano a ga Jesu a a neng a a bolelela Pilatwe ka nako ya fa Jesu a ne a sekisiwa fa pele ga gagwe: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.” (Yohane 18:36) A moruti wa gago o ile a go ruta gore Bogosi jwa ga Jesu ke puso ya mmatota, e e busang go tswa kwa legodimong? Kana o ile a go ruta gore Bogosi ke sengwe fela se se mo pelong? Fa go le jalo, o ntse a utswa mafoko a Modimo go tswa mo go wena.

Puso ya Bogosi e amana jang le mebuso e e farologaneng ya dipuso tsa motho? Go ya ka The Encyclopedia of Religion, e e neng ya rulaganngwa ke Mircea Eliade, Molweladiphetogo Martin Luther, o ne a akantsha jaana fa a ne a akgela kaga Bogosi: “Puso ya selefatshe . . . gape e ka bidiwa bogosi jwa Modimo.” Ba bangwe ba ruta gore batho ba ka kgona go dira dipuso tsa batho gore di tshwane le Bogosi jwa Modimo, ba dirisa maiteko a bone. World Council of Churches e ne ya gatelela jaana ka 1983: “Ereka re supa ka mmatota ka ditiro tse di kgethegileng gore re eletsa go nna le kagiso, Moya wa Modimo o ka dirisa maatla a rona a a bokoa go dira gore magosi a lefatshe leno a tshwane le bogosi jwa Modimo.”

Lefa go le jalo, ela tlhoko gore mo Thapelong ya Morena (ya “Rraetsho”), Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele gore Bogosi jwa Modimo bo tle mme morago ga foo o ne a ba bolelela gore ba rapele jaana: “Go rata ga [Modimo] a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Ka mantswe a mangwe, batho ga ba tlise Bogosi jono ka go dira thato ya Modimo. Go tla ga Bogosi jono ke gone go dirang gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng. Jang?

Reetsa seo boperofeti jwa ga Daniele kgaolo 2, temana 44, bo se bolelang: “Mo metlheñ ea dikgosi tseuō [eleng babusi ba batho ba metlha ya bofelo], Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè . . . bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.” Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a bolela gore Bogosi jwa gagwe ga se jwa lefatshe leno! Go na le moo, Bogosi jono bo tlile go nyeletsa magosi, dipuso, tsa lefatshe leno mme bo tseye marapo a go busa batho. Jaaka puso ya batho e ba e neilweng ke Modimo, go tswa foo e tla tlhomamisa gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng.

Lebaka la go bo Bogosi jono bo tsaya kgato ka bogale le bonala sentle fa re akanya thata ka yo o laolang lefatshe leno. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) “Eo o boshula” yono ke Satane Diabolo, yo Paulo a neng a mmitsa “modimo wa lehatshe yeno.” (2 Bakorintha 4:4) Ga go na tsela epe e mekgatlho e e mo lefatsheng e modimo wa yone e leng Satane Diabolo e ka amanngwang ka yone le Bogosi jwa Modimo.

Leno ke lengwe la mabaka a go bo Jesu a ne a se ka a nna le seabe mo dipolotiking. Fa batho ba ba ratang bomorafe ba Bajuda ba ne ba leka go mo dira kgosi, o ne a ba tila. (Yohane 6:15) Jaaka re setse re bone, o ne a bolelela Pilatwe jaana fela ka tlhamalalo: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.” Mme tumalanong le seno o ne a bolela jaana kaga balatedi ba gagwe: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:16) Ka gone, baeteledipele ba bodumedi bao ba rutang gore Bogosi jwa Modimo jo bo tlang bo tla dirwa gore bo tle ka bonako ke diphetogo tsa tsamaiso eno ya dilo le bao ba kgothaletsang matsomane a bone go dira gore a leke ka natla go fitlhelela mokgele oo ke baperofeti ba maaka. Ba utswa nonofo le seo Bibela e se bolelang se neng se ka se dira mo bathong.

Ke Ka Ntlha Yang Fa go le Botlhokwa?

A dilo tseno ke tsela fela ya botlhajana ya go baya mabaka? Gotlhelele nnyaa. Dithuto tse di phoso tse di bolelang ka Bogosi jwa Modimo di ile tsa faposa batho ba le bantsi ebile gape di ile tsa fetola tsela e dilo di diragalang ka yone. Ka sekai, buka e e bidiwang Théo eleng saetlopedia ya Roma Katoliki, e bolela jaana: “Batho ba Modimo ba gatela pele go ya kwa Bogosing jwa Modimo jo bo tlhomilweng ke Keresete mo lefatsheng . . . Kereke ke peo ya Bogosi jono.” Go amanngwa ga Kereke ya Katoliki le Bogosi jwa Modimo go ne ga naya kereke eno maatla a magolo mo lefatsheng mo Metlheng ya Bogare e mo go yone go neng go tletse tumelobotlhodi. Le eleng gompieno, baeteledipele ba dikereke ba leka go tlhotlheletsa tsela e dilo di dirwang ka yone mo lefatsheng, ba dira tumalanong le ditsamaiso tse dingwe tsa bopolotiki ebile ba le kgatlhanong le tse dingwe.

Mogasi mongwe wa dikgang tsa radio o ne a bolela sengwe se se anameng thata gompieno fa a ne a re: “Tsela ya go lwela diphetogo tsa bopolotiki ke bogosi ka gonne go lwela diphetogo tsa bopolotiki ke fa batho ba kopana mmogo go bopa morafe o mosha oo o tlhotlhelediwang ke sesupo sengwe sa bomodimo seo re se neilweng ka monna wa boammaaruri—Jesu . . . Gandhi . . . barwa boorra Berrigan.” Go ruta gore Bogosi jwa Modimo bo ka tsweledisiwa pele ka go nna tlhaga mo dipolotiking mme go itlhokomolosiwa mabaka a mmatota ka Bogosi jono go ile ga dira gore baeteledipele ba bodumedi ba batle go nna le maemo mo dipolotiking. Go ile ga dira ba bangwe gore ba tsenelele mo dikhuduegong tsa semorafe le eleng go nna le seabe mo dintweng tsa borukhutli. Ga go na sepe sa tseno se se dumalanang le boammaaruri jwa gore Bogosi ga se karolo ya lefatshe leno. Mme baeteledipele ba bodumedi bao ba tseneletseng thata mo dipolotiking ba kgakala le go sa nne karolo ya lefatshe fela jaaka Jesu a ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba tla nna jalo. Bao ba rutang gore Bogosi jwa Modimo bo tla leriwa ke dipolotiki ke baperofeti ba maaka. Ba utswa mafoko a Modimo mo bathong.

Fa e le gore baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba ne ba ruta tota seo Bibela e se bolelang, matsomane a bone a ne a tla itse eleruri gore Bogosi jwa Modimo bo tla rarabolola mathata a a ntseng jaaka khumanego, bolwetsi, go lebelwa kwa tlase ga ditso tse dingwe, le go gatelelwa. Mme lefa go ntse jalo go tla diragala ka nako e Modimo o e tlhomileng le ka tsela ya Modimo. Ga go kake ga diragala ka phetogo nngwe e e ka diragalang mo ditsamaisong tsa dipolotiki, tseo di tlileng go khutla fa Bogosi bo tla. Fa e le gore baruti bano e ne e le baperofeti ba boammaaruri, ba ka bo ba rutile matsomane a bone gore fa ba santse ba letile Bogosi jwa Modimo go tsaya kgato, ba ka bona thuso e e dirang ya mmatota e e tswang kwa Modimong ya go rarabolola mathata ano a go sa direng dilo ka tshwanelo ga lefatshe leno go a dirang.

Sa bofelo, ba ka bo ba ile ba ruta matsomane a bone gore maemo a a ntseng a nnela maswe kwa pele mo lefatsheng ao a bakang kgatelelo e e kanakana a sa le a perofesiwa ke Bibela ebile ke sesupo sa gore Bogosi jono bo setse bo le gaufi thata le go tla. Ee, Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tsereganya mme bo nna mo maemong a dipolotiki tsa gompieno. Abo seo e tla bo e le lesego jang ne!—Mathaio 24:21, 22, 36-39; 2 Petere 3:7; Tshenolō 19:11-21.

Batho Kafa Tlase ga Bogosi jwa Modimo

Go tla ga Bogosi jwa Modimo go tlile go ama batho jang? Ebu, a o kgona go ikakanya o tsoga moso mongwe le mongwe o le matlhagatlhaga? Go se na motho ope yo o mo itseng yo o lwalang kana yo o swang. O na le batho ba o ba ratang ba ba neng ba sule ba tsositswe mo baswing. (Isaia 35:5, 6; Yohane 5:28, 29) Go se na matshwenyego a itsholelo a a bakiwang ke bagwebi ba ba pelotshetlha kana ditsamaiso tsa itsholelo tse di tlhaolang batho. O na le legae la gago le le siameng sentle ebile o na le naga e e lekaneng go ka lema sepe fela se o se tlhokang go fepa lelapa la gago. (Isaia 65:21-23) O kgona go tsamaela gongwe le gongwe ka nako nngwe le nngwe motshegare kana bosigo o sa boife gore o ka tlhaselwa. Dintwa ga di tlhole di le teng—ga go na sepe se se go dirang gore o ikutlwe o sa babalesega. Mongwe le mongwe o batla fa o ka bona dilo tse di molemo. Ga go na baikepi. Go rena lorato le tshiamo. A o kgona go akanya ka nako e e ntseng jalo? Ono ke one mofuta wa lefatshe je Bogosi jono bo tla le lereng.—Pesalema 37:10, 11; 85:10-13; Mika 4:3, 4.

A seno ke polelo e e seng boammaaruri? Nnyaa. Bala dikwalo tse di umakilweng mo serapeng se se fetileng, mme o tla fitlhela gore sengwe le sengwe se se builweng mo go tsone se bontsha maikaelelo a Modimo a a tlhomameng. Fa e le gore le jaanong ga o ise o bolelelwe dilo tseno tsa boammaaruri ka seo Bogosi jwa Modimo bo kgonang go se dira le se bo tla se direlang batho, he mongwe o ile a utswa mafoko a Modimo mo go wena.

Se se itumedisang ke gore ga go tlhokege gore dilo di tswelelee di ntse jalo. Jesu o ne a bolela gore mo motlheng wa rona “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Makasine ono o o o balang ke tsela nngwe e tiro eo ya go rera e dirwang ka yone. Re go kgothaletsa gore o tile go tsiediwa ke baperofeti ba maaka. Sekaseka Lefoko la Modimo ka botlalo gore o bone boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo. Go tswa foo, ikokobetse kafa tlase ga Bogosi joo, joo re bo neilweng ke Modisa yo Mogolo, Jehofa Modimo. Ka boammaaruri, ke tsholofelo e le yosi ya batho, mme e tla diragala.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Luther o ne a ruta gore puso ya motho e ne e ka lebiwa jaaka Bogosi jwa Modimo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of the Trustees of the British Museum

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jaaka Modisa yo o lorato, Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go lere maemo a go seng motho ope yo a ka a lereng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela