LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 2/1 ts. 13-18
  • ‘Mo Leineng la Moya O O Boitshepo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Mo Leineng la Moya O O Boitshepo’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Kolobediwa Ka Moya O O Boitshepo
  • Go Kolobediwa “mo Ineñ ya . . . Moea O O Boitshepō”
  • Leungo la Moya
  • Ba Tlhomiwa ka Moya O O Boitshepo
  • Lo Kaelwe Ke Moya
  • Moya le Tiro ya go Rera
  • Go Tshela Tumalanong le Kolobetso ya Rona
  • Tsamaya ka Moya Mme o Tshele go Dumalana le Boineelo Jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Kafa Moya wa Modimo O ka Go Tlhotlheletsang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Supa se Moya o o Boitshepo e Leng Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 2/1 ts. 13-18

‘Mo Leineng la Moya O O Boitshepo’

“Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya . . . Mōea o o Boitshèpō.”—MATHAIO 28:19.

1. Johane Mokolobetsi o ne a dirisa polelwana efe e ntšha fa a ne a bua ka moya o o boitshepo?

KA NGWAGA wa 29 wa Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, Johane Mokolobetsi o ne a tlhagafetse mo Iseraele a baakanyetsa Mesia tsela, mme mo bodiheding jwa gagwe, o ne a itsise sengwe se sesha kaga moya o o boitshepo. Gone ke boammaaruri, Bajuda ba ne ba setse ba itse gore Dikwalo tsa Sehebera di ne di reng kaga moya. Lefa go ntse jalo, ba ka tswa ba ile ba gakgamala fa Johane a ne a re: “Nna le galè, ke lo kolobeletsa boikwatlhaō ka metse: me eo o tlañ moragō ga me o . . . tla lo kolobetsa ka Mōea o o Boitshèpō.” (Mathaio 3:11) ‘Kolobetso ya Moya o o boitshepo’ e ne e le polelwana e ntšha.

2. Jesu o ne a itsise polelwana efe e ntšha malebana le moya o o boitshepo?

2 Yo o neng a tla e ne e le Jesu. Fa a ne a santse a tshela mo lefatsheng, Jesu ga a ise a ko a kolobetse ope ka moya o o boitshepo, lemororo gone a ne a bua kaga moya oo gantsi. Go feta moo, fa a sena go tsosiwa, o ne a bua kaga moya o o boitshepo ka tsela e nngwe gape. O ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō.” (Mathaio 28:19) Polelwana “mo ineñ ya” e kaya “go dumela go.” Kolobetso ya mo metsing eo e neng e dirwa go bontsha gore o dumela mo go Rara, Morwa, le moya o o boitshepo e ne e tla farologana le kolobetso ya moya o o boitshepo. Le yone e ne e le polelwana e ntšha e e amanang le moya o o boitshepo.

Ba Kolobediwa Ka Moya O O Boitshepo

3, 4. (a) Go kolobediwa ga batho ka moya o o boitshepo go ne ga dirwa leng la ntlha? (b) Kwantle ga go ba kolobetsa, moya o o boitshepo o ne wa dira jang mo barutweng ba ga Jesu ka Pentekosete ya 33 C.E.?

3 Fa e le ka kolobetso ya moya o o boitshepo, e ne ya re pelenyana fela ga gore a tlhatlogele legodimong Jesu o ne a solofetsa balatedi ba gagwe jaana: “E [tla] re malatsi a e se a nne mantsi, lona lo tla kolobediwa ka Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 1:5, 8) Tsholofetso eo e ne ya diragadiwa moragonyana fela ga foo. Moya o o boitshepo o ne wa fologela mo balateding ba ka nna 120 bao ba neng ba kopanetse mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema jaaka fa Jesu a ne a kolobetsa e le la ntlha ka moya o o boitshepo a le kwa legodimong. (Ditihō 2:1-4, 33) Seno se ne sa felela ka eng? Balatedi ba ne ba nna karolo ya mmele wa ga Keresete wa semoya. Jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa, “[botlhe ba] kolobeledicwe mmele o le moñwe hela mo Moeeñ o le moñwe hèla.” (1 Bakorintha 12:13) Ka nako e e tshwanang, ba ne ba tlolediwa go nna dikgosi le baperesiti ba nako e e tlang ba Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. (Baefesia 1:13, 14; 2 Timotheo 2:12; Tshenolō 20:6) Moya o o boitshepo gape o ne wa direla jaaka sekano sa ntlha le letshwao la boswa joo jo bo galalelang jwa nako e e tlang, mme moo e ne e se gone gotlhe.—2 Bakorintha 1:21, 22.

4 Dingwaganyana pelenyana, Jesu o ne a reile Nikodemo a re: “Ha motho a sa tsalwe sesha, ga a kake a bōna bogosi yoa Modimo. . . . Ha motho a sa tsalwe ke metse le Mōea, ga a kake a tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” (Yohane 3:3, 5) Jaanong batho ba le 120 ba ne ba tsetswe sesha. Ka moya o o boitshepo, ba ne jaanong ba tsewa jaaka barwa ba Modimo ba semoya, bonnake ba ga Keresete. (Yohane 1:11-13; Baroma 8:14, 15) Ditiro tseno tsotlhe tsa moya o o boitshepo di molemo go feta dikgakgamatso ka tsela e e kgethegileng. Ebile gape, go sa tshwane le dikgakgamatso tseo di neng di dirwa gangwe fela, moya o o boitshepo ga o a ka wa khutla morago ga loso lwa baaposetoloi mme o ile wa tswelela pele o dira fela jalo go fitlha le mo motlheng wa rona. Basupi ba ga Jehofa ba na le tshiamelo ya gore ba bo ba na le ba maloko a bofelo a a kolobeditsweng ka moya a mmele wa ga Keresete mo gare ga bone, mme ba direla jaaka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” go aba dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.—Mathaio 24:45-47.

Go Kolobediwa “mo Ineñ ya . . . Moea O O Boitshepō”

5, 6. Go kolobediwa ga batho ba ntlha ba ba kolobeditsweng ka moya go ne ga gogela jang kwa go kolobediweng ka metsi?

5 Mme go tweng ka kolobetso e e solofeditsweng ya metsi mo leineng la Rara, Morwa, le moya o o boitshepo? Barutwa bale ba ntlha bao ba neng ba kolobediwa ka moya ga ba a ka ba kolobediwa ka kolobetso e e ntseng jalo ya metsi. Ba ne ba setse ba kolobeditswe ka kolobetso ya ga Johane ya mo metsing, mme ereka Jehofa a ne a e amogela ka nako eo, go ne go sa tlhokege gore ba kolobediwe gape. Mme lefa go ntse jalo ka Pentekosete ya 33 C.E., meya e mentsintsi e ne ya kolobediwa ka kolobetso e ntšha ya metsi. Seno se ne sa direga jang?

6 Go kolobediwa ka moya o o boitshepo ga ba ba 120 go ne go patilwe ke modumo o mogolo o o neng wa oka boidiidi jwa batho. Ba ile ga gakgamala go utlwa barutwa ba bua ka diteme, ke gore, ka dipuo tse e seng tsa bone tseo di neng di tlhaloganngwa ke bao ba neng ba le teng. Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa gore kgakgamatso eno e ne e supa gore Jesu yo o neng a tsositswe mo baswing mme jaanong a dutse kwa legodimong kafa letsogong le legolo la Modimo o ne a ba tshololetse moya wa Modimo. Petere o ne a kgothatsa bareetsi ba gagwe jaana: “A botlhe ba ntlo ea Iseraela ba itsetse rure, ha Modimo o mo dihile Morèna le Keresete, eboñ èna Yesu eo lo mmapotseñ.” Go tswa foo o ne a konela ka go re: “Ikwatlhaeeñ, me a moñwe le moñwe oa lona a kolobelediwè boichwarèlō yoa dibe tsa lona mo ineñ ya ga Yesu Keresete; me lo tla amogèla nèō ea Mōea o o Boitshèpō.” Go ne ga arabela batho ba ka nna 3 000.—Ditihō 2:36, 38, 41.

7. Batho ba ba 3 000 ba ba kolobeditsweng ka Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ba kolobediwa mo leineng la Rara, la Morwa, le la moya o o boitshepo ka tsela efe?

7 A go ka twe bano ba ne ba kolobediwa mo leineng la (ba dumela mo go) Rara, Morwa, le moya o o boitshepo? Ee. Lemororo Petere a ne a se ka a ba bolelela gore ba kolobediwe mo leineng la Rara, ba ne ba setse ba amogetse Jehofa jaaka Morena wa Lobopo, ereka e ne e le Bajuda ba tlholego, maloko a morafe o o ineetseng mo go Ene. Gone Petere o ne a re: ‘Kolobediwang mo leineng la Morwa.’ Ka jalo kolobetso ya bone e ne e bontsha gore ba dumela gore Jesu ke Morena le Keresete. Jaanong e ne e le barutwa ba gagwe ebile ba amogela gore jaanong ba ne ba tlile go itshwarelwa dibe ka ene. Sa bofelo, kolobetso eo e ne e bontsha go dumela mo moyeng o o boitshepo, mme e ne e dirwa go arabela tsholofetso ya gore ba ne ba tla amogela moya jaaka neo ya mahala.

8. (a) Mo godimo ga go kolobediwa ka metsi, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba kolobediwa ka kolobetso efe gape? (b) Kwantle ga ba ba 144 000 ke bomang gape bao ba kolobediwang ka metsi mo leineng la moya o o boitshepo?

8 Bao ba kolobeditsweng ka metsi ka letsatsi la Pentekosete 33 C.E. le bone ba ne ba kolobediwa ka moya, ba tlodiwa jaaka dikgosi le baperesiti ba nako e e tlang ba Bogosi jwa selegodimo. Go ya ka buka ya Tshenolō, ke ba le 144 000 fela ba ba ntseng jalo. Ka jalo bao ba kolobediwang ka moya o o boitshepo ba bo ba ‘kanelwa labofelo’ go nna baruaboswa ba Bogosi ke ba palo ya 144 000 fela. (Tshenolō 7:4; 14:1) Lefa go ntse jalo, balatedi botlhe ba basha—go sa kgathalesege gore tsholofelo ya bone ke efe—ba kolobediwa ka metsi mo leineng la Rara, la Morwa, le moya o o boitshepo. (Mathaio 28:19, 20) Jalo he, go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo go kaya eng mo Bakereseteng botlhe, e ka tswa e le ba “lecomanyane” kana e le ba “dinku di sele”? (Luke 12:32; Yohane 10:16) Pele re araba potso eo, a re eleng tlhoko dingwe tsa ditiro tsa moya mo motlheng wa Bokeresete.

Leungo la Moya

9. Ke tiro efe e e dirwang ke moya o o boitshepo eo e leng botlhokwa mo Bakereseteng botlhe?

9 Tiro nngwe ya botlhokwa ya moya o o boitshepo ke go re thusa go tlhagolela botho jwa Bokeresete. Ke boammaaruri gore ga re kake ra tila go leofa gonne ga re a itekanela. (Baroma 7:21-23) Mme lefa go ntse jalo fa re ikwatlhaya ka bopeloephepa, Jehofa o a re itshwarela ka ntlha ya setlhabelo sa ga Keresete. (Mathaio 12:31, 32; Baroma 7:24, 25; 1 Yohane 2:1, 2) Mo godimo ga moo, Jehofa o batla gore re lwe kgatlhanong le ditshekamelo tsa rona tsa boleo, mme moya o o boitshepo o re thusa go dira jalo. “Sepelañ ka Mōea,” o ne a rialo Paulo, “me ga lo ketla lo dihatsa thatō ea nama.” (Bagalatia 5:16) Paulo o ne a tswelela pele go bontsha gore moya o ka tlhagisa dinonofo tse di molemo tota mo go rona. O ne a kwala jaana: “Louñō loa Mōea ke loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō.”—Bagalatia 5:22, 23.

10. Leungo la moya le tlhagolelwa jang mo Mokereseteng?

10 Moya o dira jang gore leungo le le ntseng jalo le nne teng mo Mokereseteng? Ga go itiragalele fela ka go bo re le Bakeresete ba ba ineetseng ebile ba kolobeditswe. Re tshwanetse ra go berekela. Mme lefa go ntse jalo fa re tsalana le Bakeresete ba bangwe bao ba bontshang dinonofo tseno, fa re rapela Modimo gore moya wa gagwe o re thuse go tlhagolela dinonofo tse di rileng, fa re tila go kopana le ba ba bosula re bo re ithuta Bibela gore re bone kgakololo le dikao tse di molemo, he leungo la moya le tla gola mo go rona.—Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33; Bagalatia 5:24-26; Bahebera 10:24, 25.

Ba Tlhomiwa ka Moya O O Boitshepo

11. Bagolwane ba tlhomiwa ke moya o o boitshepo ka tsela efe?

11 Fa Paulo a ne a bua le bagolwane ba kwa Efeso, o ne a bua ka tiro e nngwe gape ya moya o o boitshepo fa a ne a re: “Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a [Morwa] ōna.” (Ditihō 20:28) Ee, balebedi ba phuthego, kana bagolwane, ba tlhomiwa ka moya o o boitshepo. Ka tsela efe? Ka gonne bagolwane ba ba tlhomiwang ba tshwanetse ba nna le dinonofo tse di thadisitsweng mo Bibeleng e e tlhotlheleditsweng. (1 Timotheo 3:1-13; Tito 1:5-9) Ba ka tlhagolela dinonofo tseo ka thuso ya moya o o boitshepo fela. Mo godimo ga moo, setlhopha sa bagolwane seo se hakang mogolwane yo mosha se rapelela gore se kaelwe ke moya o o boitshepo go lemoga gore a o a tshwanelega kana nnyaa. Gape go tlhoma ka bogone go dirwa kafa tlase ga kaelo ya motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale yo o tloditsweng ka moya.

Lo Kaelwe Ke Moya

12. Moya o ka re tlhotlheletsa jang ka Bibela?

12 Bakeresete ba lemoga gore Dikwalo tse di Boitshepo di kwadilwe kafa tlase ga tlhotlheletso ya moya o o boitshepo. Ka jalo, ba fata mo go tsone gore ba bone botlhale jo bo tlhotlheleditsweng ka moya, fela jaaka basupi ba ga Jehofa ba pele ga metlha ya Bokeresete ba ne ba dira. (Diane 2:1-9) Ba a di bala, ba tlhatlhanya ka tsone, ba bo ba di letla gore di kaele matshelo a bone. (Pesalema 1:1-3; 2 Timotheo 3:16) Ka jalo moya o ba thusa gore ba ‘hukutse dilo tse di boteng tsa Modimo.’ (1 Bakorintha 2:10, 13; 3:19) Go kaela batlhanka ba Modimo ka tsela eno ke tiro ya botlhokwa ya moya wa Modimo mo nakong ya rona.

13, 14. Jesu o ne a rarabolola mathata a a mo phuthegong jang, mme o dira se se tshwanang jang gompieno?

13 Gape, mo bukeng ya Tshenolō, Jesu yo o tsositsweng o ne a romela melaetsa kwa diphuthegong tse supa tsa Asia Minor. (Tshenolō, kgaolo 2 le 3) Mo go yone o ne a senola gore o ne a sekasekile diphuthego tseno mme a lemogile boemo jwa tsone jwa semoya. O ne a fitlhetse gore dingwe di ne di tlhoma sekao se se molemo sa tumelo. Mo go tse dingwe, bagolwane ba ne ba letlile makoko, boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, le go nna motlha gore di kgotlele letsomane. Kwantle ga batho ba ba ikanyegang ba sekae, phuthego ya kwa Saradisa e ne e sule semoyeng. (Tshenolō 3:1, 4) Jesu o ne a rarabolola mathata ano jang? Ka moya o o boitshepo. Fa a ne a gakolola diphuthego tseno tse supa, melaetsa ya ga Jesu yotlhe e ne e felela ka mafoko ano: “Eo o nañ le tsèbè a a utlwè se Mōea o se buañ le diphuthègō.”—Tshenolō 2:7, 11, 17, 29; 3:6, 13, 22.

14 Le gompieno Jesu o sekaseka diphuthego. Mme fa a lemoga mathata, o ntse o dirisana le one ka moya o o boitshepo. Moya o ka re thusa go lemoga le go fenya mathata ka tlhamalalo ka go nna re bala Bibela. Gape thuso e ka tswa mo dibukeng tsa Bibela tseo di gatisitsweng ke motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale yo o tloditsweng ka moya. Kana e ka tswa mo bagolwaneng ba ba tlhomilweng ka moya ba ba mo phuthegong. Go sa kgathalesege gore boemo ke bofe, e ka tswa kgakololo e lebagane le batho ba ba rileng kana le phuthego yotlhe, a re utlwa mafoko ano a ga Jesu: “Eo o nañ le tsèbè, a a utlwè se Mōea o se buañ”?

Moya le Tiro ya go Rera

15. Moya o ne wa dira jang mo go Jesu malebana le tiro ya go rera?

15 Nako nngwe fa Jesu a ne a ruta mo sinagogeng kwa Nasaretha, o ne a bontsha tiro e nngwe gape ya moya. Pego e re bolelela jaana: “Me a re a sena go menolola lokwalō, a bōna golō ha go kwadilweñ gōna, ga twe, Mōea oa ga Yehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rèrèla bahumanegi Mahoko a a Molemō; o nthomile (go hodisa ba ba pelo di phatlogileñ), go rèrèla bagolegwi kgololō, le phouhologō ea ba ba houhetseñ, go golola ba ba teketilweñ. . . . Me a simolola go ba raea, a re, Gompiyeno, lokwalō lo, lo dihahetse mo ditsebeñ tsa lona.” (Luke 4:17, 18, 21; Isaia 61:1, 2) Ee, Jesu o ne a tloditswe ka moya o o boitshepo gore a rere mafoko a a molemo.

16. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moya o o boitshepo o ne o na le seabe se segolo jang mo go rerweng ga mafoko a a molemo?

16 Erile lobaka lo lokhutshwanyane fela pele a swa, Jesu o ne a bolelela pele ka namane e tona ya tiro ya go rera e e neng e tla dirwa ke balatedi ba gagwe. O ne a re: “Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe.” (Mareko 13:10) Mafoko ano a ne a diragadiwa pele mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme moya o o boitshepo o ne wa nna le seabe se segolo. Moya o o boitshepo ke one o ileng wa kaela Filipo go rerela moopahadiwa wa Moithiopia. Moya o o boitshepo o ne wa kaela Petere kwa go Korenelio, gape moya o o boitshepo o ne wa kaela gore Paulo le Barenabase ba romelwe jaaka baaposetoloi go tswa kwa Antioka. Moragonyana, fa Paulo a ne a batla go rera kwa Asia le kwa Bithunia, ka mokgwa mongwe moya o o boitshepo o ne wa mo kganela. Modimo o ne o batla gore tiro ya go neela bosupi e fetele kwa Yuropa.—Ditihō 8:29; 10:19; 13:2; 16:6, 7.

17. Gompieno, moya o o boitshepo o na le seabe sefe mo tirong ya go rera?

17 Gompieno le gone moya o o boitshepo o na le seabe se segolo thata mo tirong ya go rera. E le go diragatsa Isaia 61:1, 2 ka mo go oketsegileng, moya wa ga Jehofa o tloditse bonnake ba ga Jesu gore ba rere. Mo tiragatsong ya bofelo ya Mareko 13:10, batlodiwa bano, ba ile ba thusiwa ke boidiidi jo bogolo go rera mafoko a a molemo go “morahe moñwe le moñwe” tota. (Tshenolō 7:9) Mme moya o ba tshegetsa botlhe mo tirong eno. Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, o bula mafelo ao go ka rerwang mo go one o bo o kaela go gatela pele ga tiro ka kakaretso. O nonotsha batho, o ba thusa go fenya ditlhong le go tlhagolela botswerere jwa bone jwa go ruta. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Lo tla isiwa ha pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ea me, go tla lo nna chupō mo go bōnè le mo go Badichaba. Me e re mogañ ba lo neèlañ mo ditshekoñ, lo se ka loa tlhobaèlèla, go re, lo tla bua yañ, lo tla bua eñ . . . Gonne e be e se lona ba lo buañ, e le Mōea oa ga Rra eno o o buañ mo go lona.”—Mathaio 10:18-20.

18, 19. Moya o kopanela jang le monyadwi mo go laletseng ba ba dipelo di siameng gore ba ‘tseye metsi a botshelo, ba a tseye fela ba sa a reke’?

18 Mo bukeng ya Tshenolō, Bibela e boa gape e gatelela seabe se moya o o boitshepo o nang le sone mo tirong ya go rera. Mo go yone moaposetoloi Johane o bega jaana: “Mōea le monyadwi ba re, Tla. Le eo o utlwañ, a a kè a re, Tla. Le eo o nyorilweñ a a tlè: eo o ratañ, a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.” (Tshenolō 22:17) Monyadwi, yo o emelwang ke masalela a ba ba 144 000 bao ba santseng ba le mo lefatsheng, o laletsa botlhe gore ba tseye metsi a botshelo kwantle ga theko. Mme ela tlhoko, moya o o boitshepo le one wa re “Tla.” O dira seno ka tsela efe?

19 Ka tsela ya gore molaetsa o o rerwang ke setlhopha sa monyadwi—se gompieno se thusiwang ke boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele—o tswa mo Bibeleng, eo e kwadilweng ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo ka tlhamalalo. Mme one moya oo o ile wa bula dipelo le megopolo ya ba setlhopha sa monyadwi gore ba tlhaloganye Lefoko le le tlhotlheleditsweng ba bo ba le tlhalosetse ba bangwe. Bao ba kolobediwang go nna barutwa ba basha ba ga Jesu Keresete ba itumelela go nwa metsi a botshelo ba sa a reke. Gape ba itumelela go dirisana le moya le monyadwi ka go raya ba bangwe gape ba re “Tla.” Gompieno, batho ba ba fetang dimilione tse nne ba kopanela le moya mo tirong eno.

Go Tshela Tumalanong le Kolobetso ya Rona

20, 21. Re ka tshela jang tumalanong le kolobetso ya rona ya mo leineng la moya o o boitshepo, mme re tshwanetse ra leba kolobetso eno jang?

20 Go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo ke go bolela phatlalatsa gore re dumela mo moyeng o o boitshepo ebile re amogela seabe seo o nang le sone mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa. Go kaya gore re tla dirisana le moya, re sa dire sepe go kgoreletsa go dira ga one mo bathong ba ga Jehofa. Ka jalo, re amogela re bo re dirisana le motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale. Re dirisana le thulaganyo ya phuthego ya bagolwane. (Bahebera 13:7, 17; 1 Petere 5:1-4) Re tshela ka botlhale jwa semoya, eseng jwa senama, re bile re letla moya gore o bope botho jwa rona, o dira gore bo tshwane thata le jwa ga Keresete. (Baroma 13:14) Mme re kopanela ka bopeloephepa le moya le monyadwi ka go raya batho ba ba dimilione ba ba santseng ba ka arabela re re “Tla.”

21 Abo e le selo se se masisi jang ne go kolobediwa ‘mo leineng la moya o o boitshepo’! Mme abo go ka felela ka masego a magolo jang ne! Ekete palo ya bao ba kolobediwang jalo e ka tswelela pele e oketsega. Mme ekete rotlhe re ka tswelela pele re tshela tumalanong le bokao jwa kolobetso eo, jaaka fa re ntse re direla Jehofa le go tswelela re ‘tuka mo moeng.’—Baroma 12:11.

O Gakologelwa Eng Kaga Moya O O Boitshepo?

◻ Moya o o boitshepo o ne wa dira ka ditsela dife ka Pentekosete ya 33 C.E.?

◻ Re ka tlhagisa maungo a moya jang?

◻ Bagolwane ba tlhomiwa ke moya o o boitshepo ka ditsela dife?

◻ Jesu o rarabolola mathata a a mo phuthegong jang ka moya o o boitshepo?

◻ Moya o na le seabe sefe se segolo mo tirong ya go rera?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kolobetso eo e neng ya rerwa ke Petere le yone e ne e le mo leineng la Rara le la moya o o boitshepo

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Moya o na le seabe se segolo mo go rerweng ga mafoko a a molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela