Dipilara Tse Di Kgatlhang Tota
Baeti ba kgatlhiwa ke dipilara tse di kwa Caesarea tse di mo Lewatleng la Mediterranean, kwa boemakepeng jwa bogologolo jo bo mo lotshitshing lwa Iseraele. Herode yo Mogolo o ne a aga boemakepe jono a bo a raya motsemogolo oo leina leo a tlotla Caesar Augustus.
Baithutamarope ba ile ba epolola motse oo, go akaretsa le lefelo la one le legolo la metshameko. Ba ile ba tsena le kwa tlase mo metsing go bona gore dikago tsa boemakepe jono di ne di agilwe jang mo lotshitshing lo lo motlhaba loo.
The New York Times (January 8, 1991) e ne ya bega gore go ne ga bonwa dipilara mo masaleleng a ntlo ya segosi e pele e neng e tsenelela mo lewatleng. Di kgethegile ka gonne di kwadilwe maina a babusi bangwe ba Baroma bao ba neng ba sa itsiwe pele. Go umakiwa gape le “moeteledipele” wa dikepe, mme seo ke “mokwalo wa ntlha o o kileng wa bonwa o o buang ka boemakepe joo.”
Baithuti ba Bibela ba itse gore moaposetoloi Paulo o ne a tloga ka sekepe go tswa mo boemakepeng jono kwa bokhutlong jwa maeto a gagwe a mabedi a borongwa. O ne a nna fano le Filipi wa moefangele, mme boitemogelo jwa gagwe bo tshwanetse jwa bo bo ne jwa kgothatsa barutwa thata. (Ditihō 18:21, 22; 21:7, 8, 16) Re ka bala maitemogelo a mantsi a a kgatlhang ano mo bukeng ya Bibela ya Ditihō tsa Baaposetoloi.
Ka jalo dipilara tseno tse di leng mo lotshitshing ga se masalela fela a a senang mosola ope a dilo tsa bogologolo. Di gakolola Bakeresete ka bakaulengwe ba bone ba bogologolo, bao ba neng ba anamisa mafoko a a molemo ka botlhaga mo boemakepeng le kwantle “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”—Ditihō 1:8.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
Garo Nalbandian