LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 2/15 ts. 30-31
  • Ke Eng Se Se Kaiwang Ke “Magodimo A Masha le Lefatshe Je Lesha”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Se Se Kaiwang Ke “Magodimo A Masha le Lefatshe Je Lesha”?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tiragatso E Kgolwane
  • Go feta ga magodimo a ntlha le lefatshe la ntlha
  • Go Nnela Ruri ga Magodimo A Mmatota
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 2/15 ts. 30-31

Ke Eng Se Se Kaiwang Ke “Magodimo A Masha le Lefatshe Je Lesha”?

“MAGODIMO” a ka nna a kaya Jehofa Modimo mo boemong jwa gagwe jaaka molaodi. Ka gone, fa Daniele a ne a bolelela Nebukadenesare gore seo se neng se tlile go mo diragalela jaaka mmusi wa Babelona se ne se tlile go mo dira gore a itse gore “magodimo aa busa,” go ne go kaya fela go itse fa “Mogodimodimo a busa mo bogosiñ yoa batho.”—Daniele 4:25, 26.

Lefa go ntse jalo, kwantle ga go bo e bua ka Molaodi yo Mogolo, lereo “magodimo” le ka nna la raya babusi ba bangwe ba ba kwa godimo kana ba ba fetang batho ba ba ba busang. Dikgosi tse di neng di latelana tsa Babelona tseo Nebukadenesare a neng a di emela di tlhalosiwa mo go Isaia 14:12 gore di tshwana le dinaledi, “naledi ea masa! morwa phèpahalō ea bosa.” Mmuso wa Babelona o ne wa godisa setulo sa one sa bogosi “godimo ga dinaledi tsa Modimo” fa o ne o thopa Jerusalema ka 607 B.C.E., mme “dinaledi” tseno go lebega di kaya dikgosi tsa losika lwa ga Dafide tsa Juda.

Go amanngwa ga “magodimo” le babusi go thusa go tlhaloganya polelo “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” e e fitlhelwang mo go Isaia 65:17 le 66:22 le eo moaposetoloi Petere a neng a e tsopola mo go 2 Petere 3:13. Cyclopædia e e kwadilweng ke McClintock le Strong (1891, Vol. IV, tsebe 122) e akgela jaana e bolela ka kamano eo: “Mo go Isa. 1xv, 17, legodimo le lesha le lefatshe le lesha di tshwantshetsa puso e ntsha, bogosi jo bosha, batho ba basha.”

Fela jaaka “lehatshe” le ka kaya mokgatlho wa batho, fela jalo, “magodimo” le one a ka kaya puso e e nang le maatla kana goromente o o busang “lehatshe” le le ntseng jalo. (Pesalema 96:1) Boperofeti jo bo buang ka tsholofetso ya “lehatshe ye lesha le magodimo a masha,” joo bo neelwang ka Isaia, ke joo kwa tshimologong bo neng bo bolela kaga go tsosolosiwa ga Iseraele a ntshiwa mo botshwarong kwa Babelona. Baiseraele ba ne ba simolola go dira dilo ka thulaganyo e ntšha fa ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone. Kurose yo Mogolo o ne a dirisiwa ke Modimo thata mo go ba busetseng kwa morago. Fa ba setse ba le kwa Jerusalema, Serubabele (setlogolwana sa ga Dafide) o ne a nna ene mmusi, mme Joshua o ne a direla jaaka moperesiti yo mogolo. Go dumalana le boikaelelo jwa ga Jehofa, thulaganyo e ntšha eno ya puso, kana “magodimo a masha,” a ne a kaela le go okamela batho bao ba gagwe. (2 Ditihalō 36:23; Hagai 1:1, 14) Ka go dira jalo, jaaka temana ya 18 ya Isaia kgaolo 65 e ne ya bolelela pele, Jerusalema e ne ya fetoga go nna “boipelō, le batho ba gagwè go nna boitumèlō.”

Tiragatso E Kgolwane

Lefa go ntse jalo, tsopolo ya ga Petere, e bontsha gore go ne go tshwanetse ga lebelelwa gore seno se ne se tla diragadiwa gape mo isagweng, ka ntlha ya tsholofetso ya Modimo. (2 Petere 3:13) Ereka tsholofetso ya Modimo mo kgannyeng eno e amana le nako ya fa Keresete a tla bo a setse a le teng, jaaka go supiwa mo temaneng ya 4, “magodimo a masha le lehatshe ye lesha” a tshwanetse a bo a amana le Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia le puso ya jone e e tlileng go busa batho ba ba mo utlwang. Fa a ne a tsosiwa mo baswing le fa a ne a tlhatlogela kwa letsogong la moja la Modimo, Keresete Jesu o ne a nna “godimo ga magodimo” ka tlhaloganyo ya gore o ne a beilwe jalo “kwa godimodimo ga pushō eotlhe, le taolō, le thata, le bogosi . . . e señ mo hatshiñ yeno yeosi, e leñ le mo go ye le tlañ.”—Bahebera 7:26; Baefesia 1:19-21; Mathaio 28:18.

Balatedi ba ga Jesu ba Bakeresete, jaaka “baabedwi ba picō ea selegodimo,” ba tlhophiwa ke Modimo go nna “baruaboswa” mmogo le Keresete. (Bahebera 3:1) Ba bopa “Yerusalema o mosha” o o bonwang mo ponatshegelong ya ga Johane o “hologa mo legodimoñ o cwa kwa Modimoñ.” (Tshenolō 21:2, 9, 10; bapisa Baefesia 5:24-27.) Ereka kwa tshimologong ponatshegelo eno e bolelwa fa e le ya “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha,” ka gone botlhe ba a emelwa mo go se se tlhalosiwang morago ga foo. (Tshenolō 21:1) Ka jalo, “legodimo ye lesha” le tshwanetse la bo le kaya Keresete le “monyadwi” wa gagwe, “Yerusalema o mosha,” mme “lehatshe ye lesha” le bonwa e le “batho” bao ba ba busang bao ba amogelang masego a puso ya bone, jaaka a bolelwa jaana mo temaneng ya 3 le ya 4: “Me ka utlwa lencwe ye legolo le cwa mo setuloñ sa bogosi, le re, Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”

Go feta ga magodimo a ntlha le lefatshe la ntlha

Ponatshegelo ya ga Johane e umaka go feta ga ‘legodimo la ntlha le lefatshe la pele.’ (Tshenolō 21:1; bapisa 20:11.) Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, dipuso tsa selefatshe le batho ba tsone go bolelwa gore di busiwa ke Satane. (Mathaio 4:8, 9; Yohane 12:31; 2 Bakorintha 4:3, 4; Tshenolō 12:9; 16:13, 14) Moaposetoloi Paulo o ne a umaka “mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo,” le mebuso, bathata, le babusi ba yone ba lefatshe. (Baefesia 6:12) Ka jalo go feta ga “legodimo ya pele” go supa bokhutlo jwa dipuso tsa bopolotiki mmogo le Satane le badimona ba gagwe. Go supiwa jaana ga gore “legodimo ya pele” ke bomang go dumalana sentle le ntlha ya go bo pele fela go ka bolelwa gore ‘legodimo la pele le ne la feta,’ Johane o ne a bone ponatshegelo ya fa masole a ga Satane a ne a fenngwa le Satane a tsenngwa mo “moletiñ.” (Tshenolō 19:19–20:3) Batho ba ba busiwang ke Satane ba ba mo lefatsheng ba senngwa pele a tsenngwa mo moleting, jaaka go bontshiwa mo go Tshenolō 19:17, 18. (Bapisa 1 Yohane 2:15-17.) Tsela e go senngwa ga legodimo le lefatshe ka molelo go tlhalosiwang ka yone mo go 2 Petere 3:7-12 e dumalana sentle le diponatshegelo tsa Tshenolō.

Go Nnela Ruri ga Magodimo A Mmatota

Elifase wa Motemana o ne a bolela jaana ka Modimo: “Bōna, ga o ikanye baitshepi ba ōna; E, le magodimo ga a mantlè mo ponoñ ea ōna.” Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a bolelela Elifase gore ene le ditsala tsa gagwe tse pedi ba ne ba ba sa ‘bua se se siameng ka ene fela jaaka motlhanka wa gagwe Jobe a ne a buile.’ (Yobe 15:1, 15; 42:7) Go farologana le seo, Ekesodo 24:10 e bontsha gore legodimo le emela go itsheka. Ka gone ga go na lebaka lepe le le kwadilweng mo Bibeleng le Modimo a ka senyang magodimo a mmatota ka lone.

Selo se se bontshang gore magodimo a mmatota a nnetse ruri se supiwa ke ntlha ya gore a dirisiwa mo ditshwantshisong tse di amanang le dilo tse e leng tsa bosakhutleng, jaaka matswela a kagiso, le a tshiamo ya bogosi jwa ga Dafide jaaka bo ruiwa ke Morwa Modimo. (Pesalema 72:5-7; Luke 1:32, 33) Ke gone ka moo, ditemana tse di jaaka Pesalema 102:25, 26 tseo di bolelang gore magodimo a a “nyèlèla” le gore o ‘tla a fetola jaaka seaparo se se onetseng’ di sa tshwanelang go tsewa gore di kaya se se di buang ka mmatota.

Jesu mo go Luke 21:33 o bolela gore “go tla heta legodimo le lehatshe, me mahoko a me ga a ketla a heta.” Polelo eno e lebega e tshwana le e e mo go Mathaio 5:18 e e reng: “Go tsamaea legodimo le heta le lehatshe [kana, “go ka nna boheho legodimo go heta, le lehatshe”; Luke 16:17] ga go ketla go heta yoda ñwe hèla, leha e le lonakanyana loñwe hèla mo molaoñ gopè, dilō cotlhe di tle di tsamaee di dihale pele.”

Pesalema 102:25-27 e gatelela gore Modimo ke wa bosakhutleng le gore ga a kake a swa, fa magodimo le lefatshe tsa mmatota tse di bopilweng tsone di ka nna tsa senyega, ke gore di ka nna tsa senngwa—fa Modimo o ne o batla jalo. Go farologana le Modimo o o nnetseng ruri, dilo tse dingwe tsa gagwe ga di kake tsa nna teng ka bosakhutleng ka go ithatela ga tsone fela. Jaaka go bonwe ka lefatshe, dilo tse di bonalang tse a di bopileng tsotlhe di tshwanetse go nna di ntse di shafadiwa gore di kgone go nnela ruri kana gore di nne di le teng. Se se bontshang gore magodimo a mmatota a ikaegile ka thata ya Modimo le maatla a gagwe ao a a bolokang a ntse a le teng se bonwa mo go Pesalema 148, eo fa e sena go umaka letsatsi, ngwedi, le dinaledi, mmogo le dikarolo tse dingwe tsa popo ya Modimo, temana ya yone ya bo 6 e bolelang gore Modimo “o di tlhōmamiseditse bosakhutleñ le bosaeeñkae: o tlhomile molaō o o se ketlañ o heta.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela