“Metse a Botshelo” A A Phothosela kwa Cape Verde
“KOBAMELO ya Basupi ba Jehofa le tsela e ba obamelang ka yone di sale di bonala mo Cape Verde go tloga ka ngwaga wa 1958,” go ne ga tlhalosa jalo tona ya bosiamisi ya Repaboliki ya Cape Verde. O ne a bua le Basupi ba babedi ba ba neng ba bileditswe kwa ofising ya gagwe. “Re a ikwatlhaya go bo re tsere lobaka lo loleele jaana gore Basupi ba ga Jehofa ba kwadisiwe semolao,” o ne a oketsa jalo.
Go kopana jalo ga bone, goo e neng e le ka November 30, 1990, ke sengwe se se tla gakologelwang ka lobaka lo loleele ke Basupi ba ga Jehofa ba kwa Cape Verde. E ne e le sesupo sa gore ba dumeletswe semmuso jaaka mokgatlho wa bodumedi o o kafa molaong mo nageng eo. Lefa go ntse jalo, maikutlo a Basupi ba babedi ba ba neng ba le teng koo a ne a kgoberega tota, ka go bo ka 1958 mongwe wa bone—Luis Andrade—o ne a bona dibuka tsa Bibela tse di gatisiwang ke Mokgatlho wa Watch Tower. O ne a itse gore o bone boammaaruri fa a sena go bala dibuka tseo a bo a di fetsa. O ne a bolelela Francisco Tavares, tsala ya gagwe ya bogologolo, seo a neng a se ithutile a le tlhaga tota. Mo dingwageng di sekae tse di neng tsa latela, bobedi jwa bone bo ne jwa tswelela go nwa metsi a boammaaruri ka go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, tseo ba neng ba di amogela e le dipeleetso. Ba ne ba kolobediwa dingwaga di le lesome morago ga foo ka 1968 fa molebedi wa potologo a ne a etela kwa Cape Verde e le la ntlha.
Mokaulengwe Andrade le mokaulengwe Tavares ba ne ba lemoga fa ba na le boikarabelo jwa go itsise taletso eno: ‘Tla. O tseye metse a botshelo . . . o a tseye fela a sena theko.’ (Tshenolō 22:17) Ba ne ba iketleeditse gore ba tla lebana le kgwetlho ya tshimo ya bone e e gasagasameng ebile e se motlhofo. Cape Verde e dirwa ke ditlhaketlhake di le lesome tse dikgolo mmogo le ditlhaketlhakenyana dingwe mo Lewatleng la Atlantic, dikilometara di le 560 kafa bophirima jwa Dakar kwa Senegal. Leina Cape Verde, le le kayang “Cape E Tala,” la ntlha e ne e le la sekasetlhake se se leng mo lotshitshing lwa Afrika. Lefa go ntse jalo, ditlhaketlhake tseno ga di ditala le eseng gonne pula ga e ne thata, ebile baagi ba tsone ba ba 350 000 ba tshwanetse go leka go itshedisa mo nageng eno e e omileng.
Mo dingwageng tse 30 tse di fetileng, barongwa le babulatsela ba ba kgethegileng ba ile ba dira ka natla jaaka badihedi ba nako e e tletseng go lere metsi a botshelo mo bathong ba ditlhaketlhake tseno. Tiro e e ntseng jalo e ne ya felela jang? Bosheng jaana, molebedi mongwe yo o etang go tswa kwa Portugal o ne a etela diphuthego tsa kwa Cape Verde. Mma re mo letleng a re bolelele gore o ne a fitlhela eng koo.
São Vicente E Utlwa “Puo E E Itshekileng”
Re ne ra ema la ntlha mo Cape Verde mo motsengmogolo wa Porto Grande mo Setlhaketlhakeng sa São Vicente. Fa re tsena mo toropong re tswa kwa boemafofaneng, re ne ra bona mefapha ya dithaba e e khurumeditsweng ke motlhaba o o fokilweng ke phefo. Ditlhaketlhake tsa Cape Verde le tsone di setse di fetoga sekaka fela jaaka Afrika Bokone! Go tloga ka December go fitlha ka February, harmattan—phefo e e mogote e e phaphalatsang e e tswang ntlheng ya Sahara—e foka go ralala lewatle mme e khurumetsa ditlhaketlhake tseno ka motlhaba le lorole. Ka dinako tse dingwe maru a lorole a kitlana mo difofane di palelwang ke go fofa. Dijalonyana dipe fela tse di setseng di a omelela fa harmattan e foka.
Lefa go ntse jalo, fa re bua ka tsela ya semoya, metswedi ya metsi e teng. Basupi ba ga Jehofa ba na le diphuthego tse pedi kwa Porto Grande, ebile go na le baboledi ba Bogosi ba le 167 ba ba nayang baagi ba ba 47 000 ba Setlhaketlhake sa São Vicente metsi a a nayang botshelo a boammaaruri. Go tla batho ba ka nna 400 kwa dipokanong tse di thailweng mo Bibeleng kwa Holong ya Bogosi ka mafelobeke.
Mo maetong ao a a neng a tsaya beke, go ne ga felelediwa go baakanyetsa Kopano ya Kgaolo ya “Puo E E Itshekileng” e e neng e tlile go tshwarelwa kwa lefelong la metshameko le le a gaisang otlhe mo motsengmogolo oo. (Sefania 3:9) Batho ba lefelo leo le baeng ba ba tswang kwa ditlhaketlhakeng tsa Santo Antão le São Nicolau ba ne ba dira gore palo ya ba ba leng teng e nne 756. Go ne ga kolobediwa batho ba le masome a mabedi le bone. Thulaganyo e ne e akaretsa terama ya Bibela e e neng e tshamekiwa ke Basupi. Monna mongwe yo e kileng ya bo e le motsamaisi le mogakolodi wa fa go ithotloeletswa makgaolakgang a filimi nngwe o ne a le teng go tla go bona terama eno mme o ne a akgela jaana: “Re ile ra ikatisa ka lobaka lwa ngwaga mme lefa go ntse jalo re ne ra nna le mathata a mantsi tota. Batshameki ba terama ya lona ba dirile botoka thata le mororo ba ikatisitse ka dikgwedi tse pedi fela.” Ereka kopano e ne e fedile jalo ka katlego, jaanong e ne e le nako ya gore re fetele kwa motsengmogolo wa Praia, moshate wa Repaboliki ya Cape Verde, mo setlhaketlhakeng sa São Tiago.
Batho Ba Ba Phepafaditsweng
Mo dingwageng tsa bosheng baagi ba bantsi ba ditlhaketlhake tse dingwe ba ile ba oologela kwa moshateng go ya go batla ditiro. Go ne ga felela ka gore go agiwe diketekete tsa mekgoro ya segologolo kafa ntle ga motsemogolo, seo se neng se lere mathata ka go bo metsi a se mantsi le dilo tse di tsamaisang leswe di se dintsi. Malapa a mantsi a rua dipodi, dikolobe, le dikgogo go oketsa madi ao a a bonang. Go tlwaelegile go di bona di itsamaela fela mo ditseleng. Mme seno se oketsa tsela e malwetsi a anamang ka yone.
Lefa go ntse jalo, le mororo maemo a le bokete jaana, jaanong go na le diphuthego tse pedi tse di golang mo Praia, tse di nang le palogotlhe ya baboledi ba Bogosi ba le 130. Basupi bano ba ba itumetseng eleruri ba ile ba ‘solegelwa molemo’ ke go dirisa se ba neng ba se ithuta mo Bibeleng. Fa ba ntse ba leka go nna batho ba ba phepa le ba ba boitshepo, bakaulengwe le bana ba bone ba ile ba itumelela go nna le botsogo jo bo botoka, semoyeng le mo nameng. Le mororo ba tshela bokete, ba humile tota semoyeng.—Isaia 48:17; 1 Petere 1:15, 16.
Fa re goroga bakaulengwe ba ne ba tshwaragane le go baakanyetsa kopano ya bone ya kgaolo. Basupi le batho ba ba kgatlhegang go tswa mo São Tiago le mo ditlhaketlhakeng tsa Sal le Fogo ba ne ba tlile kopanong, mme Jehofa o ne a ba segofatsa ka gore ba nne le palo e e kwa godimo ya ba ba tlileng ba le 472. Mongwe le mongwe o ne a itumetse, go akaretsa le bontsi jwa ba babotlana ba difatlhego tsa bone di neng di phatsima! Fa re nna mo gare ga boidiidi jo bo neng bo reeditse ka kelotlhoko joo, go ne go bonala sentle gore ga re a tshwanela le ka motlha go nyatsa “motlha oa dilō tse di pōtlana.” (Sekaria 4:10) Batho botlhe bano ba nnile teng go tswa mo bathong ba babedi ba ba neng ba ithuta boammaaruri dingwaga tse 30 tse di fetileng!
Pele re tloga mo setlhaketlhakeng, re ne ra etela ditlhopha tse pedi tse dinnye tse di ka kwa ntle ga motsemogolo eleng sa kwa Vila Assomada le sa kwa Tarrafal. Setlhaketlhake seo se ne se tletse dithaba, se sena dijalo, ebile se omile. Mme re ne ra bona dijalo le ditlharenyana fale le fale—diakere tse dintsi tsa dipalema tsa kokonate, dipanana, dipapaya, dimenku, jalo le jalo. Seno se ne sa re gakolola boperofeti jwa ga Isaia jwa gore letsatsi lengwe le eleng dikaka di tla ungwa. (Isaia 35:1) Jaaka lefelonyana le le nonneng le letala, le eleng jaanong, jaaka go ne go ka buiwa, ditlhopha tse pedi tse dinnye tsa Basupi di abela diketekete tse di nnang koo dijo le dino tse dintsi tsa semoya mo nageng e e omileng semoyeng eo.
Botlhaga Jo Bo Tukang kwa Setlhaketlhakeng sa Fogo
Setlhaketlhake se se latelang e ne ya nna sa Fogo, e e kayang “molelo.” Cano Peak e santse e le lekgwamolelo le le santseng le a tle le thunye. Se runya mo lewatleng se bo se nna motsu kwa godimo bogodimo jwa dimetara di le 2 800. Setlhaketlhake seno se sa tswa go nna le pula e ntsi tota, e le la ntlha mo dingwageng tse dintsi. Go ne go rena moya wa boitumelo mo bathong mme ba ne ba tshwaregile thata ka dijalo tsa bone tsa dinawa le tsa manioc, tseo e leng tsone dijo tse dikgolo mo Cape Verde.
Lefa go ntse jalo, batho ba ba anaanelang thata bano ba ne ba kgona go ema le go nwa metsi a botshelo a a tswang mo Bibeleng le mororo ba ne ba na le tiro e ntsi. Re ne ra kgona go kopana le ditlhopha tse tharo tse di farologaneng, le mororo re ne ra nna le mathata go fitlha kwa go bone gonne dikoloi di se dintsi ebile di sa siama sentle. Re ne ra itumela tota fa go ne go tla batho ba le 162 kwa dipokanong, gonne go na le baboledi ba le 42 fela ba Bogosi mo setlhaketlhakeng seno. Seno se ne se supa gore setlhopha se sennye sa bakaulengwe le bokgaitsadi se se senyang palogare ya diura di le 15 kgwedi le kgwedi, se dira ka natla tota go naya baagi ba ba 32 000 ba Setlhaketlhake sa Fogo metsi a boammaaruri le a botshelo.
Maungo mo Nageng ya Bokatoliki
Re ne re santse re tshwanetse go etela bakaulengwe ba rona kwa ditlhaketlhakeng tsa Santo Antão le São Nicolau. Fela jaaka maina ano a bontsha, Kereke ya Roma Katoliki e ne e ile ya nna ya tlhotlheletsa batho thata ka makgolo a le mmalwa a dingwaga. Le mororo Bokatoliki e santse e le bodumedi jo bogolo thata mo Cape Verde, batho ba bantsi ba ba tlhoafetseng ba retologela mo Bibeleng go bona metsi a yone a a lapolosang a boammaaruri.
Baboledi ba ba 49 ba Bogosi ba ba mo diphuthegong tse pedi tse e nngwe e leng ka kwa bofelong jwa Santo Antão e nngwe e le kwa tshimologong ya yone ba dira ka natla go thusa baagi ba ba 44 000 ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Fa go ne go tla batho ba le 512 kwa puong ya Bibela ya phatlalatsa kwa Phuthegong ya Porto Novo, go ne ga phepafala sentle mo baboleding ba ba 32 ba Bogosi ba koo gore go na le batho ba bantsi ba sekadinku mo Santo Antão ba ba nyoretsweng metsi a boammaaruri.
Tiro e ne ya simolola dingwaga di sekae tse di fetileng mo Setlhaketlhakeng sa São Nicolau ka nako ya fa kgaitsadi mongwe wa mmulatsela a ne a ithuta Bibela le lelapa lengwe mo setlhaketlhakeng seno ka go kwalelana le lone go tswa kwa Portugal. Morago ga foo, ka 1978 mmulatsela mongwe kwa Portugal o ne a swetsa go boela kwa setlhaketlhakeng se a tsholetsweng kwa go sone sa São Nicolau go ya go bolelela baagi ba sone ba ba 15 000 boammaaruri jwa Bibela. Go ne go na le motho a le mongwe fela mo pokanong ya ntlha ya Bibela e a neng a e tshwara mo setlhaketlhakeng seno—ene fela a le esi! Mme Jehofa Modimo o ne a araba dithapelo tsa gagwe tse a neng a di rapela ka maikutlo a a gotetseng tota kwa pokanong eo. Fa re ne re etetse koo, baboledi ba ba 48 ba ba mo diphuthegong tse tharo ba ne ba itumelela go bona go na le palogotlhe ya batho ba le 335 ba ba neng ba tlile kwa dipokanong.
Go ne ga tshwarwa kopano ya ntlha ya potologo mo setlhaketlhakeng seno fa re ne re etetse koo, mme re ne ra letliwa go dirisa lefelo la metshameko mahala. Baokamedi ba toropo ba ne ba re naya digodisamantswe ba bo ba di re rwalela ka dikoloi mahala. Baboledi ba le 19 ba phuthego e e neng e rwele maikarabelo a kopano ba ne ba naya baeng ba le 100 marobalo ba bo ba baakanyetsa ba ba 208 ba ba neng ba tlile dijo. Le mororo bakaulengwe ba rona ba lebana le mathata a mantsi letsatsi le letsatsi, ba ne ba ntshetsa Letlole la Mokgatlho la Diholo tsa Bogosi meneelo.
Mongwe le mongwe yo o nnang fano o itse gore Basupi ba ga Jehofa ba itshola sentle, mme bahiri ba bantsi ba a ba batla fa ba tlhoka badiri. Ka sekai, motho mongwe yo o nang le lefelo le e leng lone fela le rekisang peterole mo setlhaketlhakeng seo o ne a kopa Mosupi gore a tle go mo direla, gonne a ne a tlhoka motho yo o ikanyegang. Mokaulengwe o ne a setse a na le tiro mme o ne a bolela gore o ne a tla leka go bona gore a o ka bona mongwe o sele. “Fela e nne Mosupi yo o kolobeditsweng!” motho yono o ne a gatelela jalo. Dikgwedi tse pedi moragonyana, o ne a raya mokaulengwe wa rona a re: “Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba tshwanetseng go tshola madi!”
Kwa Re Tseneng Teng Labofelo—Setlhaketlhake sa Sal
Lefelo leo re neng ra tsena kwa go lone labofelo mo loetong lono e ne e le setlhaketlhake sa Sal. Leina la sone le kaya “letswai,” mme seo se setse se re itsise fela gore feme e kgolo mo setlhaketlhakeng seno ke ya eng. Phuthego ya fano e potlana e na le baboledi ba le 22, ba ba dirang ka natla go tlisa molaetsa wa Bogosi mo baaging ba le 6 500. Go ne go itumedisa tota go abela batho bano ba ditlhaketlhake mafoko a a molemo, ka go bo re ne re memelwa go tsena mo teng mo e ka nnang mo ntlong nngwe le nngwe ebile re ne ra kgona go bua le maloko a le mmalwa a a nnang mo magaeng ao.
Loeto lwa rona lo ne lwa felela ka Setlhaketlhake sa Sal. Abo go ne go kgothatsa jang ne go dira le batlhanka ba ba ikanyegang bano ba ga Jehofa ba mo Cape Verde! Jaanong go na le baboledi ba Bogosi ba le 531 mo ditlhaketlhakeng tseno, mme palo eo eleruri e tla oketsega fa batho ba ba 2 567 ba ba neng ba tlile kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1991 ba tswelela go amogela dilo tse ba di newang tsa semoya. Le mororo bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang fano bo sena dilo tse dintsi tse di bonalang, ba humile ebile ba ja sentle semoyeng. Mme abo ba itumela thata jang ne go bo Jehofa a dira gore metsi a botshelo a phothosele a le mantsi mo ditlhaketlhakeng tseno gore Jehofa a galalediwe a bo a bakwe!
[Mmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication.)
CAPE VERDE
SANTO ANTÃO
SÃO VICENTE
SÃO NICOLAU
SANTA LUZIA
SAL
BOA VISTA
MAIO
SÃO TIAGO
FOGO
BRAVA
Praia
Lewatle la Atlantic