Boitumelo jwa Boammaaruri Jo Bo Bonwang ka go Direla Jehofa
“Go segō èna eo Modimo oa ga Yakoba e leñ thushō ea gagwè; eo cholohèlō ea gagwe e leñ mo go Yehofa, Modimo oa gagwè.”—PESALEMA 146:5.
1, 2. Ke eng se se ileng sa bolelwa mabapi le tsela ya go tlhalosa boitumelo, mme boitumelo bo kaya eng mo bathong ba bantsi gompieno?
BOITUMELO ke eng? Bakwadi ba dibuka tse di tlhalosang mafoko, batlhalefi, le baithutabodumedi ba ile ba leka go bo tlhalosa ka makgolokgolo a dingwaga. Mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba bo tlhalosa ka tsela e e amogelwang ke batho botlhe. Encyclopædia Britannica e dumela e bolela jaana: “‘Boitumelo’ ke lengwe la mafoko a a thata tota go tlhaloganngwa.” Go lebega boitumelo bo kaya dilo tse di farologaneng mo bathong ba ba farologaneng, go ikaegile ka gore ba leba botshelo jang.
2 Mo bathong ba bantsi go itumela go ikaegile thata ka gore a o itekanetse sentle mo mmeleng, a o na le dilo tse di bonalang, le gore a o na le ditsala tse di go itumedisang. Lefa go ntse jalo, go na le batho ba bangwe ba ba nang le dilo tseno tsotlhe mme ba sa itumela. Mo banneng le mo basading bao ba ineetseng mo go Jehofa Modimo, bone Bibela e ba naya kgopolo e e farologaneng thata le ya batho ka kakaretso kaga boitumelo.
Kgopolo E E Farologaneng Kaga Boitumelo
3, 4. (a) Jesu o ne a bolela gore ke bomang ba ba itumetseng? (b) Ke eng se re ka se tshwayang kaga dilo tse di lereng boitumelo tseo Jesu a neng a di umaka?
3 Mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu Keresete ga a ka a bolela gore motho a ka itumela fela fa a itekanetse sentle mo mmeleng, a na le dilo tse di bonalang, jalo le jalo. O ne a bolela gore ba ba “humanegileñ semoyeñ” le bao ba “bolaecweñ tshiamō ke tlala le lenyōra” ke bone bao ba itumetseng ka boammaaruri. Dikarolo tse pedi tseno tse di tlhokegang gore motho a itumele di amana thata le polelo eno ya ga Jesu e o ka nnang wa re e a ikganetsa: “Go segō [itumela, NW] ba ba lelañ: gonne ba tla gomodiwa.” (Mathaio 5:3-6) Go phepafetse gore Jesu o ne a sa bolele gore batho ba ne ba tla itumela fa ba swelwa ke mongwe yo ba mo ratang. Go na le moo, o ne a bua ka bao ba hutsafalelang go bo e le baleofi le seo go nna moleofi go felelang ka sone.
4 Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore batho ba a fegelwa ka ntlha ya boleo ka tsholofelo ya gore ba tla “gololwa mo botlhankeñ yoa go bōla.” (Baroma 8:21, 22) Batho bao ba amogelang setlhabelo se se letlanyang maleo sa thekololo sa ga Keresete se se ntshitsweng ke Jehofa le bao ba dirang go rata ga Modimo eleruri ba gomotsegile ebile ba thusitswe gore ba itumele. (Baroma 4:6-8) Mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bolela gape gore go itumela “ba ba pelonomi,” “ba ba kutlwèlō botlhoko,” “ba ba pelo di itshekileñ,” le “ba ba letlanyañ.” O ne a tlhomamisetsa batho ba ba boikokobetso bao gore lefa ba ne ba ka bogisiwa ba ne ba tla nna ba ntse ba itumetse. (Mathaio 5:5-11) Go kgatlha tota go bona gore dikarolo tseno tse di lereng boitumelo di baya bahumi le bahumanegi mo maemong a a lekanang.
Motheo wa Boitumelo jwa Mmatota
5. Ke selo sefe sa konokono se se dirang gore batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo ba itumele?
5 Go huma dilo tse di bonalang ga go lere boitumelo jwa mmatota. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bolela jaana: “Tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa, me ga a ke a e oketsa ka bohutsana.” (Diane 10:22) Mo dibopiweng tse di tsayang Jehofa jaaka molaodi wa lobopo, boitumelo bo amana thata le masego a Modimo o a ba nayang. Motho yo o ineetseng yo o bonang masego a ga Jehofa le ebile a utlwa gore o a mo segofatsa o nna a itumetse tota. Fa bo lejwa go ya ka Bibela, boitumelo bo akaretsa go nna le moya o o ritibetseng, go kgotsofala, le go ikutlwa o sa tlhoke sepe fa o ntse o direla Jehofa.
6. Ke eng se batho ba ga Jehofa ba tshwanetseng go se dira gore ba itumele tota?
6 Boitumelo jwa boammaaruri bo ikaegile thata ka go nna le kamano e e siameng le Jehofa. Bo thailwe mo go rateng Modimo le go ikanyega mo go ene. Batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba dirisa mafoko ano a ga Paulo ka pelo yotlhe: “Gonne ga go opè oa rona eo o itshelèlañ hèla . . . Re tshelèla Morèna . . . Re nntse re le ba Morèna hèla.” (Baroma 14:7, 8) Ka gone, motho ga a kake a itumela ka boammaaruri fa a sa ikobele Jehofa le go dira thato ya gagwe ka boene fela a itumetse. Jesu o ne a bolela jaana: “Go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka!”—Luke 11:28.
Dilo Tse Di Sa Lereng Boitumelo ka Metlha
7, 8. (a) Dilo tse di lereng boitumelo di ka kgaoganngwa ka dikarolo dife? (b) Ke eng se se ka bolelwang kaga lenyalo le go tshola bana?
7 Dilo tse di setseng di umakilwe tse di lereng boitumelo di ka bidiwa dilo tsa “motheo,” kana tsa “konokono,” gonne di boammaaruri ka metlha mo batlhankeng ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Mo godimo ga moo, go na le tse di ka bidiwang go twe ke tse di fetofetogang, dilo tse di ka itumedisang ka nako nngwe mme tsa itumedisa go le gonnye kana tsa se ka tsa itumedisa gotlhelele ka nako e nngwe gape. Mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso le mo metlheng ya pele ga Bokeresete, lenyalo le go tshola bana di ne di lejwa jaaka dilo tse o neng o ka se ka wa itumela fa o sena tsone. Seno se bonala fa Ragele a ne a kopa Jakobe jaana ka pelo e e botlhoko: “Nnaea bana: ha go sa nna yalo nka shwa.” (Genesise 30:1) Go ikutlwa ka tsela eno ka go tshola bana go ne go dumalana le boikaelelo jwa ga Jehofa ka nako eo.—Genesise 13:14-16; 22:17.
8 Batho ba ga Jehofa ba metlha ya bogologolo ba ne ba leba lenyalo le go tshola bana e le masego a a tswang mo Modimong. Lefa go ntse jalo, dilo tseno di ne di ba leretse matshwenyego le maemo mangwe a a utlwisang botlhoko mo dinakong tsa fa ba ne ba na le mathata mo matshelong a bone. (Bapisa Pesalema 127, 128 le Yeremia 6:12; 11:22; Dikhutsahalō 2:19; 4:4, 5.) Ka gone, go bonala sentle gore lenyalo le go tshola bana ga se dilo tse ka metlha yotlhe di lereng boitumelo.
Go Itumela O Se mo Lenyalong mo Nakong E E Fetileng
9. Ke ka ntlha yang fa morwadia Jafethe a ne a akgolwa ngwaga le ngwaga?
9 Batlhanka ba bantsi ba Modimo ba ile ba itumela tota mme ba se mo lenyalong. Morwadia Jafethe o ne a nna a sa nyalwa gonne a ne a batla go dira go ya kafa rraagwe a neng a ikanne ka teng. Ene le ditsala tsa gagwe tsa basetsana ba ne ba tsaya lobaka ba lelela bokgarebane jwa gagwe. Mme abo a ne a itumelela jang ne go dira ka nako e e tletseng kwa ntlong ya ga Jehofa gongwe ebile a na le “basadi ba ba dihèlañ, ba ba nnetseñ tihèlō ha moyakoñ oa mogope oa bophuthègèlō”! (Ekesodo 38:8) O ne a akgolelwa seno ngwaga le ngwaga.—Baatlhodi 11:37-40.
10. Jehofa o ne a batla gore Jeremia a dire eng, mme a go lebega a ne a tshela a sa itumela?
10 Modimo o ne wa laela moperofeti Jeremia gore a se ka a nyala ebile a se ka a nna le bana gonne a ne a tshela mo metlheng e e neng e na le matshwenyego. (Yeremia 16:1-4) Mme lefa go ntse jalo Jeremia o ne a itemogela fa mafoko ano a Modimo a le boammaaruri: “Go segō monna eo o ikanyañ Yehofa, le eo Yehofa e leñ cholohèlō ea gagwè.” (Yeremia 17:7) Jeremia o ne a direla Modimo ka boikanyegi jaaka moperofeti ka dingwaga tse di fetang 40 e le monna yo o sa nyalang. Jaaka re itse ga a ise a ko a nyale a nne le bana. Lefa go ntse jalo, ke mang yo a ka belaelang gore Jeremia o ne a itumetse, fela jaaka masalela a a ikanyegang a Bajuda ‘a a neng a saila mmogo ka ntlha ya bomolemo jwa ga Jehofa’?—Yeremia 31:12.
11. Ke batlhanka bafe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba e leng dikao mo Dikwalong ba ba neng ba itumetse ntswa ba ne ba sena ope yo ba nyalaneng nae?
11 Batho ba bangwe ba bantsi ba ile ba direla Jehofa ka boitumelo ba sena mongwe yo ba nyalaneng nae. E ne e le batho ba ba iseng ba ko ba tsene mo lenyalong, e le batlholagadi, kana baswagadi. Mongwe wa bone e ne e le moperofeti wa mosadi ebong Ana; mongwe e le yo e neng e le Dorekase kana Tabitha; moaposetoloi Paulo, le sekao se segolo sa botlhe—Jesu Keresete.
Go Se Nne mo Lenyalong mme O Itumetse
12. Bangwe ba batlhanka ba ba itumetseng ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba gompieno ba ile ba swetsa go dira jang, mme ka ntlha yang?
12 Gompieno, go na le diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa bao ba direlang Modimo ba sena ope yo ba nyalaneng nae. Bangwe ba ile ba kgona go amogela taletso eno ya ga Jesu: “Eo o nonohileñ go go chola [neo ya go nna a se mo lenyalong] a a go chole.” Ba dirile seno “ka ntlha ea bogosi yoa legodimo.” (Mathaio 19:11, 12) Ke gore, ba ile ba dirisa kgololesego ya bone e ba e filweng ke Modimo sentle ka go dirisa nako e e oketsegileng le maatla mo go direng dilo tse di solegelang Bogosi molemo. Bontsi jwa bone bo dira jaaka babulatsela, barongwa, kana maloko a lelapa la Bethele kwa ntlongkgolo ya lefatshe ya Mokgatlho wa Watch Tower kana kwa go lengwe la makala a one.
13. Ke dikao dife tse di bontshang gore Mokeresete a ka nna a se mo lenyalong mme a itumetse?
13 Kgaitsadi mongwe yo o rategang yo o setseng a godile o ne a naya kgang ya botshelo jwa gagwe setlhogo se se jaaka lotshwao se se reng “Ke Itumetse Jaaka Mmulatsela yo o sa Nyalwang.” (Tora ya Tebelo, May 1, 1985, ditsebe 23-6) Kgaitsadi yo mongwe gape yo a neng a nna dingwaga di le 50 a le mo Bethele o ne a bolela jaana: “Ke kgotsofetse tota ka botshelo jwa me le tiro ya me. Ke dira thata go feta pele mo tirong eno e ke e ratang thata. Ga ke ikwatlhae. Ke ne ke tla dira tshwetso e e tshwanang gape.”—Tora ya Tebelo, December 1, 1982, tsebe 8.
14, 15. (a) Go ya ka moaposetoloi Paulo ke eng se se tlhokegang gore motho a nne a se mo lenyalong? (b) Ke ka ntlha yang fa Paulo a bolela gore motho yo o seng mo lenyalong o “diha sentlè bogolo” ebile “o tla bōna boitumèlō bogolo”?
14 Ela tlhoko lefoko le le dirisitsweng foo eleng “tshwetso.” Paulo o ne a kwala jaana: “Mme yo o tlhomamameng mo pelong ya gagwe, a sa pitlaganngwe ke sepe, mme a na le boitaolo kaga go rata ga gagwe, mme fa a dirile tshwetso eno mo pelong ya gagwe, gore, o tla ikganelela mo bokaung [kana bokgarebeng] jwa gagwe, o tla bo a dira sentle. Me jalo, go le yo o neelang bokau [kana bokgarebe] jwa gagwe mo nyalong, o dira sentle; mme yo o sa bo neeleng mo nyalong, o tla bo a dira sentle bogolo.” (1 Bakorintha 7:37, 38, NW) Ke ka ntlha yang fa a re “o tla bo a diha sentlè bogolo”? Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Ke rata loa bo lo sena ditlhodiègō. Eo o sa nyalañ o tlhokometse dilō tsa Morèna, kaha o ka kgatlhañ Morèna ka gōna: . . . Eo o sa nyalwañ o tlhokometse dilō tsa Morèna . . . Me ke bua yalo go lo thusa: . . . e le gore ke lo gopodisè se se chwanetseñ, le gore lo dihèlè Morèna ka mo go sa akgaakgegeñ.”—1 Bakorintha 7:32-35.
15 A go ‘direla Morena o sa akgaakgege’ ka boikaelelo jwa go ‘kgatlha Morena’ go ka dira gore o itumele? Go lebega Paulo a ne a akanya jalo. O ne a bolela jaana ka motlholagadi wa Mokeresete: “O golocwe, o ka nyalwa ke eo o mo ratañ: me e be e le mo Moreneñ hèla. Me kaha tshekatshekoñ ea me, o tla bōna boitumèlō bogolo ha a nna yaka a nntse: me kea gopola, go re, Mōea oa Modimo le ōna o na le nna.”—1 Bakorintha 7:39, 40.
Melemo ya go Nna O Se mo Lenyalong
16. Ke melemo efe e e bonwang ke Basupi ba ga Jehofa ba ba seng mo lenyalong?
16 Le mororo Mokeresete a ka tswa a se mo lenyalong ka ntlha ya go bo a dirile tshwetso eo ka boene kana a patelediwa ke maemo, go na le melemo e mentsi e a tla e amogelang ka go nna a se mo lenyalong. Batho ba ba seng mo lenyalong ka kakaretso fela ba na le nako ya go ithuta Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone. Fa ba dirisa boemo jono sentle ka tshwanelo, semoya sa bone se nna sa maemo a a kwa godimo. Ereka ba se na ope yo ba nyalaneng nae yo ba ka mmolelelang mathata a bone, bontsi jwa bone bo ikaega thata ka Jehofa gore a ba kaele mo dilong tsotlhe. (Pesalema 37:5) Seno se dira gore ba atamalane thata le Jehofa.
17, 18. (a) Batlhanka ba ga Jehofa ba ba seng mo lenyalong ba na le ditshono dife tsa tirelo tse ba ka di bonang? (b) Batlhanka bangwe ba ba seng mo lenyalong ba ga Jehofa ba ile ba tlhalosa tsela e ba itumetseng ka yone jang?
17 Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba na le ditshono tsa go direla Jehofa tirelo e kgolo tota ba mmaka. Katiso e e kgethegileng e jaanong e newang kwa Sekolong sa Katiso sa Bodihedi e newa fela bakaulengwe ba ba sa nyalang kana ba baswagadi. Bokgaitsadi ba ba sa nyalwang le bone ba gololesegile go dira gore ba tshwanelegele go bona ditshiamelo mo tirelong ya Modimo. Kgaitsadi yo o godileng yo a neng a umakiwa kwa tshimologong o ne a ithaopela go ya go dira kwa nageng nngwe ya Afrika, fa re tsopola se a se boletseng, ka nako ya fa e ne e le “mosadimogolwana wa dingwaga tse di fetang 50.” Mme o ne a nna koo, le eleng ka nako ya fa tiro e ne e thibetswe, fa barongwa botlhe ba ne ba kobiwa. O santse a dira jaaka mmulatsela teng koo le mororo jaanong a setse a na le dingwaga tse di fetang 80. A o itumetse? O ne a kwala jaana mo kgannyeng ya botshelo jwa gagwe: “Ke ne ka kgona go dirisa kgololesego e e oketsegileng ebile ke ne ka kgona go fuduga motlhofo gonne ke ne ke sa nyalwa gore ke nne ke tshwaregile mo bodiheding, mme seno se ile sa dira gore ke itumele tota. . . . Kamano ya me le Jehofa e ne ya nonofa tota fa dingwaga di ntse di tsamaya. Ke ne ka bona gore ke Mosireletsi tota ereka ke ne ke le mosadi yo o sa nyalwang mo nageng e e mo Afrika.”
18 Mafoko a mangwe gape a a kgatlhang ke a mokaulengwe yo o sa bolong go direla kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower ka masomesome a dingwaga. O ne a itumetse, le mororo a ne a ise a ko a nyale mme a dira jalo a na le tsholofelo ya go ya kwa legodimong ka gone a sa lebelela gore a ka nyala ka gope. O ne a kwala jaana fa a ne a na le dingwaga di le 79: “Ke kopa Rraarona yo o rategang wa selegodimo ka thapelo letsatsi le letsatsi gore a nthuse a bo a mphe botlhale jwa go ipoloka ke itekanetse sentle semoyeng le mo mmeleng ebile ke nonofile gore ke kgone go dira thato ya gagwe e e boitshepo. Mo dingwageng tseno tse di fetileng tse di masome a mane le robong ke ntse ke le mo tirelong ya ga Jehofa ke ile ka tshela botshelo jwa me ke itumetse, ke duelwa le go segofadiwa. Mme gonne Jehofa a re bontsha bopelotlhomogi jo bo sa re tshwanelang ke lebile pele go tswelela ke dira tirelo eno e e mo tlotlang le go mo galaletsa le e e leretseng batho ba gagwe masego. . . . Boitumelo jo bo tswang mo go Jehofa bo nthusa go nna ke lwa ntwa e e siameng ya tumelo, ke lebile pele kwa nakong ya fa baba ba ga Jehofa ba tla bo ba se yo le ya fa lefatshe lotlhe le tla bo le tletse ka kgalalelo ya gagwe.”—Dipalō 14:21; Nehemia 8:10, The Watchtower, November 15, 1968, ditsebe 699-702.
Boitumelo jwa Boammaaruri Bo Ikaegile ka Eng?
19. Boitumelo jwa rona bo tla ikaega ka eng ka metlha?
19 Kamano ya rona e e botlhokwa thata le Jehofa, go amogelwa ke ene, le go segofadiwa ke ene—tseno ke dilo tse di tla re leretseng boitumelo jwa boammaaruri ka bosakhutleng. Ereka re lemoga ka tsela eno e e siameng gore boitumelo jwa mmatota bo leriwa ke eng, le eleng batlhanka ba ga Jehofa ba ba leng mo lenyalong ba lemoga gore manyalo a bone ga se sone selo se se botlhokwa go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa bone. Ba reetsa kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Me ke bua lehoko ye, ba ga echo, ka re, lobaka lo khutshahetse, gore e tle e re mo lobakeñ lo lo tlañ, go le ba ba nañ le basadi ba nnè yaka ha ba ka bo ba sena nabō.” (1 Bakorintha 7:29) Seno ga se reye gore ba tlhokomologe basadi ba bone. Banna ba Bakeresete ba ba nyetseng ba ba godileng sentle ba baya tirelo ya ga Jehofa kwa pele, fela jaaka basadi ba bone ba bomodimo ba ba lorato, le bao ba ba tshegetsang ba dira, ebile bangwe ba bone ba dira jaaka balekane ba banna ba bone mo tirelong ya nako e e tletseng.—Diane 31:10-12, 28; Mathaio 6:33.
20. Bakeresete ba bantsi ba na le boikutlo bofe jo bo siameng ka ditshiamelo tsa bone tsa lenyalo?
20 Bakaulengwe ba ba nyetseng bao e leng balebedi ba ba etang, baithaopi ba Bethele, bagolwane ba phuthego—eleruri, Bakeresete botlhe ba ba nyetseng bao ba bayang dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele—ga ba bapale mo lefatsheng ‘go fetisa selekanyo’; ba dira gore tirelo ya ga Jehofa yo ba neetseng matshelo a bone mo go ene gore ba tla mo direla e tle pele ga ditshiamelo tsa bone tsa lenyalo. (1 Bakorintha 7:31) Lefa go ntse jalo, ba itumetse. Ka ntlha yang? Gonne selo sa konokono se se ba leretseng boitumelo ga se lenyalo la bone mme ke tirelo ya bone e ba e direlang Jehofa. Mme banna le basadi ba bantsi ba ba ikanyegang—ee, le bana ba bone—ba itumelela go bo dilo di ntse ka tsela eno.
21, 22. (a) Go ya ka Yeremia 9:23, 24, ke eng se se tshwanetseng go re tlatsa boitumelo? (b) Ke dilo dife tse di lereng boitumelo tse di umakiwang mo go Diane 3:13-18?
21 Moperofeti Jeremia o ne a kwala jaana: “Yehofa o bua yana, a re, A motho eo o botlhale a se ipelahatse ka botlhale yoa gagwè, le motho eo o thata a se ipelahatse ka thata ea gagwè, a mohumi a se ipelahatse ka khumō ea gagwè: Me eo o ipelahatsañ a a ipelahatsè ka go re, oa ntlhaloganya, oa nkitse, ha ke le Yehofa eo ke dihañ bopelonomi yoa loratō, le katlholō, le tshiamō, mo lehatshiñ: gonne ke natehèlwa ke dilō tseuō, go bua Yehofa.”—Yeremia 9:23, 24.
22 Fa re le mo lenyalong kana re se mo go lone, selo se se tshwanetseng go re itumedisa thata ke go bo re itse Jehofa, le go bo re tlhatswegile pelo gore o re segofatsa gonne re dira se a se ratang. Re itumelela gape go bo re lemoga gore dilo tse ka boammaaruri di leng botlhokwa di botlhokwa go le kana kang eleng dilo tse di kgatlhang Jehofa. Kgosi Solomone yo a neng a nyetse basadi ba bantsi ga a ka a leba lenyalo e le lone fela le le lereng boitumelo. O ne a bolela jaana: “Go tlhōgōnōlō motho eo o bōnañ botlhale, le motho eo o bapalañ tlhaloganyō. Gonne tlhōtlhwa ea yōna e gaisa tlhōtlhwa ea selefera, le papadi ea yōna e gaisa papadi ea gouda e e itshekileñ. O tlhōkèga bogolo go diperela: me mo diloñ cotlhe tse u ka di eletsañ ga go na sepè se se ka chwantshiwañ naè. Bolele yoa malatsi bo mo seatleñ sa gagwè se se siameñ; mo seatleñ sa gagwè sa molèma go dikhumō le tlotlō.”—Diane 3:13-18.
23, 24. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba tlile go itumela mo tsamaisong e ntšha ya dilo?
23 A botlhe ba rona ba ba leng mo lenyalong ba bone boitumelo ka bosakhutleng ka go dira thato ya Modimo. Mme a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba seng mo lenyalong e le ka gonne ba itlhophetse jalo ka bobone kana ba patelediwa ke maemo ba itshokele diteko tsa bone mme ba bone boitumelo le kgotsofalo mo go direleng Jehofa jaanong le ka bosakhutleng. (Luke 18:29, 30; 2 Petere 3:11-13) Mo tsamaisong ya Modimo ya dilo e e tlang, “lokwalō” lo tla bulwa. (Tshenolō 20:12) Lone lo tla bo lo na le melao le ditaolo tse disha tse di tla dirang gore batho ba ba kutlo ba itumele.
24 Eleruri re ka tlhomamisega gore “Modimo o o itumetseng” wa rona o re boloketse dilo tse di molemolemo tseo di tlileng go felela ka boitumelo jo bo tletseng. (1 Timotheo 1:11, NW) Modimo o tla tswelela o ‘huporolola seatla sa one o kgorisa keletso ya ditshedi tsotlhe fela.’ (Pesalema 145:16) Ga go gakgamatse go bo go itumedisa go direla Jehofa ebile go tla nna go ntse fela jalo ka metlha.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke selo sefe sa konokono seo se dirang gore batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba itumele?
◻ Mo metlheng ya Bibela, bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba ba neng ba itumetse ba ba neng ba se mo lenyalong ke bomang?
◻ Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a buelela go se tsene mo lenyalong, mme Bakeresete ba bangwe ba ile ba fitlhela botshelo jono bo itumedisa ka tsela efe?
◻ Boitumelo jwa rona bo tla ikaega ka eng ka metlha?
◻ Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore botlhe ba ba ikanyegang ba tlile go itumela mo tsamaisong e ntšha ya dilo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Bokgaitsadi ba bantsi ba ba sa nyalwang ba direla Jehofa ba itumetse jaaka badihedi ba nako e e tletseng
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go dira dilo tse di kgatlhang Jehofa ke selo se segolo se se lereng boitumelo