Kokelo E E Itsegeng Thata mo Hisitoring E Nna Holo ya Bogosi E E Sa Tshwaneng le Epe
KA 1770 motlhotlhomisi mongwe yo o itsegeng thata wa Moesemane Lefothenente James Cook o ne a pagame sekepe sa disaile sa ditone tse 369 eleng Endeavour mo lobopong lo lo neng lo ise lo tlhotlhomisiwe ke ope lo lo kafa botlhaba jwa Australia. Mo maitsiboeng a June 11, sekepe seno se ne sa thula lentswe la metsing kwa karolong e e kwa kgakala go ya kwa bokone jwa kontinente eno. Mmele wa sekepe o o dirilweng ka moakere o ne o senyegile thata. Bapagami ba sekepe ba ne ba tshwanetse go se baakanya ka bonako fa ba ne ba sa batle go nyelela. Lefelo leo noka e e neng e le gaufi le foo e tshelang metsi a yone mo lewatleng teng le ne le siame sentle gore ba ka se baakanyetsa fa go lone, mme seo se ne ne sa tsaya dibeke di le thataro. Morago ga dingwaga di le lekgolo, go ne ga fitlhelwa gore lefelo leno le na le gouta. Batho ba ne ba oologela koo go ya go batla gouta! Diketekete tse di makgolokgolo di ne tsa tla go iteka lesego. Cooktown e ne ya nna teng jalo.
Ka 1879 puso e ne ya letla gore go agiwe kokelo e e neng e tla nnela ruri e e neng e tla alafa ba ba lwalang le bao ba gobetseng mo dikotsing tsa moepo. Mo go one ngwaga oo, kafa ntlheng e nngwe ya lefatshe, go ne ga gololwa tokololo ya ntlha ya Zion’s Watch Tower ka July 1. Fa esale go tloga ka nako eo, makasine ono o ile wa fepa batho ba ba boifang Modimo ka thulaganyo ya kafa ba ka nnang ba itekanetse sentle semoyeng ka gone. Ka nako eo go ne go sa itsiwe gore letsatsi lengwe kokelo ya Cooktown e ne e tla bo e amana thata le makasine ono.
Morago ga dingwaga tse di fetang lekgolo, go ne go tlhokega kokelo e nngwe mo boemong jwa Kokelo ya Cooktown. Puso e ne ya ntsha madi a gore go agiwe kago e ntšha, ka jalo go ne ga bidiwa batho ba ba ka e agang gore ba bolele gore ba tla batla bokae fa ba fudusa kago ya bogologolo ya kokelo. National Trust of Queensland e ne e kgatlhegela kago eno e e itsegeng thata mo hisitoring. Lefa go ntse jalo, madi a go e fudusetsa kwa lefelong le lengwe mmogo le go e tlhabolola a ne a le mantsi thata. Ga go ope yo a neng a tla go bolela gore a ka dira seno ka bokae.
Mo e ka nnang ka yone nako eo, phuthego e nnye ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Cooktown e ne e batla lefelo le le tla nnelang ruri la go tshwarela dipokano tsa Bokeresete. Ba ne ba sena lefelo lepe ebile ba na le R1 700 fela. Ba ne ba ka kgona go aga Holo ya Bogosi jang? Baemedi ba phuthego ya mo lefelong leo ba ne ba ithaopa gore ba tla e fudusetsa kwa lefelong lengwe ba sa ba duedise. Jehofa o ne a tla kaela dilo jang? Dikgang tse di kgatlhang tota! Ba ne ba dumelelwa!
Jaanong kgang e e latelang—go bonela kago eno setsha. Ee, ba ne ba bolelelwa gore go lebega ba tla newa setsha se e leng sa puso mahala, fa e le gore ba tla tshola kago eo e ntse fela jalo ebile ba ntse ba e baakanya. Lefa go ntse jalo ka nako eno, batho bangwe ba ba seng botsalano ba lefelo leno ba ne ba le kgatlhanong thata le tiro eno. Ba ne ba kwala lenaane la dingongorego le le neng le diretswe go thibela dithulaganyo tsa Basupi. Go ne ga anamisiwa magatwe a gore Basupi ba ga Jehofa ba batla go gapa Cooktown, ba tswala dihotele tsotlhe le mafelo a go betšha le go thibela batho go rekisa motsoko. Legale, seno ga se a ka sa direga mme lefa go ntse jalo go fetola tetla ya boikaelelo joo kago eo e neng e dirisediwa jone le go bona tetla mo dilong dingwe mabapi le go aga go ne ga nnela bokete kwa pele. Nako e ba neng ba e beetswe ya go fudusa kago eo e ne e atamela ka bonako. Ba ne ba kopa gore Puso ya Naga ya Queensland e tsereganye. (Bapisa Baroma 13:2.) Tetla ya go dirisa lebala la puso e ne ya ntshiwa ka bonako, le tetla ya go aga le yone e ne ya ntshiwa. Ereka jaanong ba ne ba na le naga le kago, ba ne ba tlile go dira eng jaanong?
Go ne ga goroga setlhopha sa makgolokgolo a Basupi ba ba itseng ditiro tota le bathusi go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa Naga ya Queensland, bao ba neng ba dirisa nako ya bone ebile ba setse ba na le botswerere jwa go aga Diholo tsa Bogosi ka bonako tota. Tiro eno e ne e gwetlha tota: go fudusetsa dikarolo tsa kokelo ya matlhatlaganyane a le mabedi kwa lefelong le lesha morago ba di baya sentle gape. Setlha sa diphefo se ne se atamela ka bonako, ebile go ka nna ga na dipula tsa matsorotsoro. A tiro eno e ne e tla wediwa ka nako? Bangwe ba batho ba ba nnang mo toropong eo ba ne ba belaela. Lefa go ntse jalo, seo bangwe ba neng ba akanya gore se ka se ka sa kgonwa go dirwa se ne sa wediwa ka bonako. Ka April 1986 kago eo e ne e batletswe lefelo le lengwe mme e kgologolo e ne ya tlhabololwa gore e nne ntle jaaka e ne e ntse kwa tshimologong.
Tiro yotlhe eno e ne ya lemogiwa ke batho, jaaka seo se supiwa ke kafa go neng ga akgelwa ka teng mo go Anglican Newsletter ya Cooktown. Karolwana ya lone e ne e bolela jaana: “Ga go na pelaelo ya gore ke tlile go tshwaiwa phoso, mme lefa go ntse jalo . . . leba fela mo Kerekeng mme o bone fela gore ga e a tlala mme o lebe setlhopha se sengwe [Basupi ba ga Jehofa] mme o bone gore sone se a tlala . . . se tlala ka Ba-Anglican le Baroma Katoliki. . . . A lo a itse gore phuthego nngwe . . . e [ile] ya reka Kokelo e kgologolo ya e tlhabolola gore e nne seo ba ka se bitsang kago ya kereke gonne Sekolo se ba neng ba tsenna kwa go sone se sennye go ba tshola botlhe? . . . Abo re le bokoa jang, go bo re letlile selo seno gore se diragale.”
Diketekete tsa bajanala di etela Cooktown ngwaga le ngwaga. Ba tla go ipela mo dikgweng tse dintle tse di nnang di ntse di le ditala le go bona Great Barrier Reef le go ithuta hisitori ya lefelo leno. Musiamo wa Captain Cook ke lefelo le le ratiwang thata le le kgatlhang baeti ba bantsi. Fa esale go tloga ka 1989 Kokelo ya Cooktown e e itsegeng thata mo hisitoring e jaanong e dirisediwang sengwe se sesha eleng jaaka Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya gapa bajanala thata. Mabenkele a a rekisang dilwana tse di rekwang go ikgopotsa dilo dingwe tsa botlhokwa a rekisa matsela a go tlhatswa dijana le dihempe tseo di nang le setshwantsho sa Kokelo-Holo ya Bogosi ya Cooktown. Ka nako ya fa go na le bajanala ba bantsi, go na le batho ba ba fa gare ga makgolo a le marataro le sekete ba ba etelang kago eno beke le beke go iponna ka matlho manontlhotlho a a sa tshwaneng le ape a e neng ya agiwa ka one ka 1879.
Baeng ba fiwa makasine o jaanong o itsiweng jaaka Tora ya Tebelo mahala. Fa esale go tloga ka 1879 go ne ga abiwa dikopi tse di fetang dimilione tse 15 gabedi ka kgwedi ka dipuo di le 111. O dira gore batho ba ele tlhoko tsholofetso ya Bibela ya gore bangwe ba kokomana ya 1914 ba tla bo ba santse ba tshela mme ba tla bona fa batho ba dirwa gore ba itekanele gape mo mmeleng le semoyeng. (Isaia 33:24) Dimilione tsa baithaopi ba ba dirang ka boiketleetso di tla fetola lefatshe lotlhe paradaise. (Pesalema 37:29) Ke ka ntlha yang fa o sa etele kwa Holong ya Bogosi e e mo lefelong la lona? O tla fitlhela sengwe se se molemo thata go gaisa gouta se se iseng se ko se epiwe mo kgaolong ya Cooktown.—Diane 16:16.