A Neo ya go Bua ka Diteme Ke Karolo ya Bokeresete jwa Boammaaruri?
“FA KE ntse ke mo reeditse a rapela ka diteme, ke ne ka ikutlwa ke tseega maikutlo tota,” go ne ga bolela jalo Bill morago ga fa ene le ba bangwe ba barataro ba ne ba kokoane fa pele ga moruti gaufi le aletare ya kereke. A dilo tse di ntseng jalo tse di diragalelang batho di tshwana le tse di neng di dirwa ke moya o o boitshepo mo lekgolong la ntlha la dingwaga? A di tlhaola gore bodumedi jwa Bibela ke bofe? Re ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang ka go tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko.
Pego ya Bibela e supa gore fa go ne go abiwa neo nngwe ya moya ya go dira dikgakgamatso mo e ka nnang a le mongwe wa baaposetoloi ba ba 12 kana moaposetoloi Paulo o ne a le teng. Tiragalo ya ntlha mo go tse tharo tse di begilweng ya go bua ka diteme e ne ya diragala mo barutweng ba ga Jesu ba ba 120 ba ba neng ba kokoane kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E. (Ditihō 2:1-4) Dingwaga di le tharo le sephatlo moragonyana, fa setlhopha sa Baitale bangwe ba ba sa rupang ba ne ba reeditse Petere a rera, ba ne ba amogela moya mme ba ne ba simolola go “bua ka dipuō di sele, ba baka Modimo.” (Ditihō 10:44-48) Mme dingwaga di le 19 morago ga Pentekosete, mo e ka nnang ka 52 C.E., Paulo o ne a bua le setlhopha sengwe kwa Efeso mme a baya barutwa ba le 12 diatla. Le bone ka tsela e e tshwanang ba ne ba simolola “go bua ka dipuō di sele, ba ba ba perofesa.”—Ditihō 19:6.
Ke ka Ntlha Yang Fa go Ne go Na le Dineo tsa go Bua ka Diteme?
Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana pele fela fa a tla tlhatlogela kwa legodimong: “E tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Ka lebaka leo, ela tlhoko gore o ne a bolela kafa tiro eno e kgolo ya go neela bosupi e tla kgonang go wediwa ka teng—ka go thusiwa ke moya o o boitshepo.
Ditsela tsa boranyane tsa go tlhaeletsana tsa segompieno tse ka tsone re kgonang go romela melaetsa mo lefatsheng lotlhe ka dipuo tse dintsi di ne di seo ka nako eo ya bogologolo. Mafoko a a molemo a ne a tshwanetse gore a anamisiwe segolobogolo ka go a bolela ka molomo, mme mo kgannyeng eno neo eno ya kgakgamatso ya go bua ka diteme di sele e ne e tla itshupa e thusa thata. Go ne go ntse fela jalo ka nako ya fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rerela Bajuda le ba ba neng ba sokologela mo kobamelong ya Sejuda kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E. Baparathia, Bameda, Baelama, Bakereta, Baarabia, baagi ba Mesopotamia, Judea, Kapadokia, Ponto, le tikologo ya Asia, mmogo le baeng ba ba tswang kwa Roma, ba ne ba utlwa “ditihō tse dikgolo tsa Modimo” di bolelwa ka dipuo tsa bone mme ba tlhaloganya se se neng se bolelwa. Ba le dikete di le tharo ba ne ba nna badumedi ka bonako fela.—Ditihō 2:5-11, 41.
Kgang e gantsi e sa elweng tlhoko ke ya gore go bua ka diteme e ne e le nngwe ya ditsela tse robonngwe tse moya o o boitshepo o dirang ka tsone tse moaposetoloi Paulo a neng a di umaka fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha. Lefa gone Paulo a ne a tsaya go bua ka diteme jaaka neo e potlana mo go tsone e ne e le botlhokwa thata mo phuthegong ya bogologolo mo go anamiseng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. E ne e le nngwe ya “dinèo” tse di neng tsa dira gore phuthego e e neng e santse e simologa ya Bokeresete e gole e bo e nonofe.—1 Bakorintha 12:7-11; 14:24-26.
Mekgwa e e farologaneng eo moya o o boitshepo o neng o dira ka yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go akaretsa le go bua ka diteme, gape e ne e le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Modimo o ne o sa tlhole o dirisa phuthego ya Iseraela e e neng e na le dingwaga di le 1 500 jaaka batho ba gagwe ba ba kgethegileng. Go bonala sentle gore jaanong o ne a amogela phuthego e ntšha ya Bokeresete, e e neng ya tlhongwa ke Morwawe yo o tsetsweng a le esi.—Bapisa Bahebera 2:2-4.
Dilo tseno tse di neng di supa maatla a moya e ne e le dilo tse di botlhokwa tse di neng di aga phuthego e ntšha ya Bokeresete le go e dira gore e gole. Paulo o ne a tlhalosa jaana gore dineo tseno tsa go dira dikgakgamatso di ne di tlile go khutla fa di sena go diragatsa maikaelelo a tsone: “Leha go na le diperofeshō, di tla khutlisiwa; leha go le dipuō, di tla hèla.”—1 Bakorintha 13:8.
Ee, Bibela e bontsha ka phepafalo gore neo ya go bua ka diteme e ne e tla khutla. Mme lefa go ntse jalo leng? Ditihō 8:18 e senola gore dineo tsa moya di ne di amogelwa “ka pèō ea diatla tsa baaposetoloi.” Ka jalo, go phepafetse gore go abiwa ga dineo tseno tsa moya go ne go tla khutla fa moaposetoloi wa bofelo a ne a swa—go akaretsa le go bua ka diteme. Ka jalo, fa ba ba amogetseng dineo tseno mo baaposetoloing le bone ba ne ba ntse ba swa ka bongwe ka bongwe, dineo tsa go dira dikgakgamatso di ne di tla khutla. Ka nako eo phuthego ya Bokeresete e ne e tla bo e nnile le nako ya go tlhomama sentle ebile e ne e tla bo e anametse mo dinageng di le dintsi.
“Dipuo Tse Di Sa Itsegeng” le go Ranolwa ga Tsone
Go tsoga gape ga go bua ka diteme ga motlha wa segompieno go ile “ga lejwa ke bangwe jaaka sengwe se batho ba ba sa ritibalang mo maikutlong ba se dirang gore batho ba ba ele tlhoko, fa ba bangwe ba go tsaya gore go tshwana fela le go bua ka diteme go go neng go sa tlwaelega ga metlha ya baaposetoloi.” Mo dikokoanong tsa dikereke tsa motlha wa segompieno koo go bua ka “diteme tse di sa itseweng” go diragalang gone gantsi go akaretsa go tseega maikutlo motho a bua dilo tse di sa tlhaloganngweng ke ope. Go dumalana le seo, motho mongwe o ne a bolela jaana: “Gantsi ke dirisa neo ya me ya go bua ka diteme mo sephiring fela fa ke batla go tlhatlhanya ka sengwe . . . Ke ikutlwa ke sa gololesega fa ke dira jalo fa pele ga batho ba bangwe.” Monna yo mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Ke utlwa mafoko a me, ga ke a tlhaloganye, mme lefa go ntse jalo ke ntse ke utlwa loleme lwa me lo ntse lo kgarameletsega go bua.”
Ke tshedimosetso efe e e botlhokwa thata e diteme tse di sa itseweng di e nayang, ebile go tweng ka go ranolwa ga yone? Bao ba iphakang gore ba kgona go ranola puo eno ba ile ba tlhalosa puo eno e e thata go tlhaloganngwa ka ditsela tse di farologaneng. Ke ka ntlha yang fa e tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng? Ba leka go tlhofofatsa go farologana goo ka go bolela gore, “Modimo o neile motho a le mongwe thanolo e le nngwe ya puo a bo a naya yo mongwe thanolo e nngwe.” Motho mongwe o ne a dumela jaana: “Ke lemogile makgetlo mangwe a mo go one go ranola go neng go sa tlhomama.” Mo bukeng ya gagwe The Gift of Tongues, D. A. Hayes o ne a tlhalosa ka tiragalo nngwe e mo go yone monna mongwe a neng a ganelela go ranola puo ya mosadi yo o neng a bua ka diteme tse di sa itseweng ka gonne o ne a re “puo eo e ne e tlhabisa ditlhong e tletse matlhapa.” Abo seo se farologana thata jang ne le go bua ka diteme ga lekgolo la ntlha la dingwaga go tota boikaelelo jwa gone e neng e le go aga phuthego!—1 Bakorintha 14:4-6, 12, 18.
Gompieno go na le bangwe ba ba bolelang fa ba utlwile go ranolwa ka tsela e e molemo tota, mme ba ka nna ba dumela go tswa mo botennye jwa pelo gore Modimo o dirisa neo eno fa a “batla go naya batho molaetsa ka tlhamalalo.” Gone ke molaetsa ofe o o tswang kwa Modimong o re o tlhokang o Jesu Keresete le baaposetoloi ba sa o re nayang? Paulo, yo le ene a neng a na le moya o o boitshepo, o ne a bolela jaana: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō; Gore Motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.”—2 Timotheo 3:16, 17.
Lebaka ke gore phuthego ya Bokeresete ga e tlhole e tshwana jaaka le fa e ne e santse e simologa, mme ka jalo dilo tse Modimo o neng o di senola kana dineo tsa moya tsa go dira dikgakgamatso ga di tlhole di tlhokega go supa seabe seo e tshwanetseng go se dira. Bibela e tlhagisa jaana: “Leha e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele eo o cwañ legodimoñ, ha a ka lo rèrèla mahoko a a molemō a sele [“a a farologaneng le,” The New English Bible] kwa ntlè ga a re a lo reretseñ, a a hutsègè.”—Bagalatia 1:8.
Go bua ka diteme ka kgakgamatso ga go tlhole go tlhokega, ebile ga go na sepe mo Bibeleng se se supang gore ke karolo ya Bokeresete jwa boammaaruri gompieno. Ereka jaanong Bibela e feletse ebile e bonwa mo mafelong a mantsi, re na le sepe fela se re se tlhokang mo Lefokong la Modimo. E re letla gore re bone kitso e e tlhomameng e e ka dirang gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng e e bolelang kaga Jehofa le Morwawe.—Yohane 17:3; Tshenolō 22:18, 19.
Le eleng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a patelesega go kwalela phuthego ya Korintha e le gore a tle a baakanye mokgwa o ba neng ba leba dilo ka one malebana le lebaka la go bo dineo tsa go bua ka diteme di ne di neilwe Bakeresete ba pele. Go bonala ekete ba bangwe ba ne ba kgatlhegela thata dineo tsa go bua ka diteme, mme ba ne ba itshwara jaaka bana ba bannye, ba sa gola semoyeng. “Diteme” di ne di tsewa di le botlhokwa thata. (1 Bakorintha 14:1-39) Paulo o ne a gatelela gore e ne e se Bakeresete botlhe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba neng ba bua ka diteme e le ka kgakgamatso. Seno se ne se se botlhokwa gore ba tle ba bolokiwe. Le eleng bogologolo ka nako eo fa go bua ka diteme go ne go santse go dirwa, go perofesa ka kgakgamatso go ne go tla pele. Go bua ka diteme e ne se selo se se tlhokegang gore Bakeresete ba bone botshelo jo bo sa khutleng ebile le jaanong go santse go se botlhokwa.—1 Bakorintha 12:29, 30; 14:4, 5.
Selo Se Se Tlhotlheletsang Batho go Bua ka Diteme Gompieno
Bangwe ba dumela gore selo se se tlhotlheletsang batho gore ba bue ka diteme gompieno ke baeteledipele ba dikereke tse di dumelang gore motho a ka tsenwa ke moya o o boitshepo a bo a fodisa kana a perofesa, ba ba tlhotlheletsang maloko a matsomane a bone gore a dire gore a kgone go dira jalo. Mo mabakeng a mangwe go dirwa ke go tseega maikutlo le go etsaetsega. Cyril G. Williams, mo go Tongues of the Spirit o bolela gore go ile ga nna “selo se gantsi se supang gore motho o na le maemo a a kwa godimo mo setlhopheng” ebile go dira motho gore a “ikutlwe a tlotlometse ebile a na le thata mo matlhong a setlhopha.” Ka gone, selo se se tlhotlheletsang motho go dira jalo e ka tswa e le go eletsa go nna mongwe wa setlhopha sa maemo a a kwa godimo sa ba ba buang ka diteme.
Ka nako ya fa e ne e le poresidente wa Yunibesithi ya Loyola, Donald P. Merrifield o ne a akgela ka gore “go bua ka diteme e ka tswa e le go tseega maikutlo kana go ya ka ba bangwe ke go tsenwa ke bodiabolo.” Moruti Todd H. Fast o ne a bolela jaana: “Go bua ka diteme go tsosa dikgang tse mo go tsone go ganetsanwang thata. Diabolo o na le ditsela tse dintsi tsa go leka go dira ka rona.” Bibela ka boyone e tlhagisa gore Satane le badimona ba gagwe ba kgona go tlhotlheletsa batho le go laola mokgwa o ba buang ka one. (Ditihō 16:17, 18) Jesu o ne a leleka moya wa badimona o o neng o dira gore monna mongwe a goe le go wela fa fatshe. (Luke 4:33-35) Paulo o ne a tlhagisa ka go re ‘Satane o ne a tla itshwantsha le moengele wa lesedi.’ (2 Bakorintha 11:14) Bao gompieno ba batlang dineo tsa go bua ka diteme tse Modimo o sa tlholeng o di naya batho ba gagwe tota ba ipaya mo kotsing ya gore ba tsiediwe ke Satane, yoo re tlhagisiwang ka ene gore o ne a tla dirisa ‘thata yotlhe le ditshupo, le dikgakgamatso tsa maaka.’—2 Bathesalonia 2:9, 10.
Go Bua ka Diteme—le Bokeresete jwa Boammaaruri
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba amogela neo ya go bua ka diteme ba ne ba e dirisetsa go tlhalosa dilo tse dikgolo tsa Modimo. Go ne go gatelelwa thata gore go botlhokwa gore molaetsa o o neng o buiwa ka diteme o ranolwe sentle gore o tle o kgone go tlhaloganngwa ke batho botlhe le gore o felele o agile ba bantsi. (1 Bakorintha 14:26-33) Paulo o ne a gakolola jaana: “Ha lo sa bue ka loleme puō e e boheho go utlwiwa, go tla itsiwe yañ se se buiwañ? gonne lo tla bo lo buèla mo sebakeñ hèla.”—1 Bakorintha 14:9.
Le mororo moya wa Modimo o ne wa naya Bakeresete ba pele neo ya go bua ka diteme, ga o a ka wa ba dira gore ba bue puo ya boeleele e e sa kgoneng go tlhaloganngwa kana e e sa kgoneng go ranolwa. Go dumalana le kgakololo ya ga Paulo, moya o o boitshepo o ne wa dira gore go nne le puo e e neng ya dira gore mafoko a a molemo a ‘rerelwe lobopo lotlhe lo lo fa tlase ga legodimo’ ka bonako tota.—Bakolosa 1:23.
Jesu Keresete o ne a laela jaana mabapi le metlha eno ya bofelo ya tsamaiso ya jaanong: “Mahoko a a Molemō [a Bogosi jo bo tlhomilweng] a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.” (Mareko 13:10) Fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, dibopiwa tsotlhe di tshwanetse go utlwa molaetsa wa Bogosi. Seno se a kgonega gonne Bibela jaanong e setse e ranotswe e feletse kana go ranotswe bontlhanngwe jwa yone ka dipuo tse di ka nnang 2 000. One moya o o neng wa tlhotlheletsa Bakeresete ba pele gore ba bue ba nonofile le ka bopelokgale jaanong o tshegetsa tiro e kgolo le e e gakgamatsang ya go rera e e dirwang ke phuthego ya jaanong ya Basupi ba ga Jehofa. Ba bua “puō e e itshekileñ” ka melomo ya bone le ka go dirisa boranyane jwa segompieno jwa go gatisa gore boammaaruri jwa Dikwalo bo bonwe go gatisitswe mo dibukeng. Molaetsa ono o rerwa mo dinageng tse 200 le mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle. Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba emeng jaaka batho ba ba tlhotlhelediwang ke moya wa Modimo gore ba itsise batho botlhe dilo tse dikgolo tsa Modimo.—Sefania 3:9; 2 Timotheo 1:13.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Go neela bosupi ka ntlo le ntlo kwa Japane
Go neela bosupi go tswa mo sekepeng se sengwe go ya kwa go se sengwe kwa Colombia
Fa tlase: Go ithutiwa Bibela kwa Guatemala
Kwa tlasetlase: Go neela bosupi kwa magaeng kwa Netherlands