Go Bua ka Diteme—Sengwe Se Se Gakgamatsang Se Se Ntseng Se Gola
“LOLEME lwa me lo ne lo laolwa ke maatla mangwe le mafoko a ne a elela fela jaaka metsi. Abo go ne go itumedisa jang ne! Ke ne ke ikutlwa ke le phepaphepa tota. Ga ke ise ke ikutlwe ka mokgwa o o tshwanang le oo fa esale ka nako eo,” go ne ga tlhaeletsa jalo motho mongwe yo o neng a diragalelwa ke sengwe se se gakgamatsang fela thata sa go bua ka “puo e e sa itseweng.”
Seo ke kafa motho mongwe a neng a tlhalosa ka teng ka nako ya fa a ne a simolola go bua ka “puo e e sa itseweng.” ‘Gone mme seo ke eng?’ go a tshwanela gore bangwe ba ka botsa jalo. Seno ke mokgwa kana ke seo dikereke tse dingwe di se dumelang koo o tla fitlhelang banna le basadi ba teng ba bolela gore ba tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo gore ba bue ka dipuo tsa seeng kana tse di sa tlwaelegang tse ba sa di itseng.
Ke sengwe sa bodumedi se se gakgamatsang se se ntseng se gola. Selo seo se kile sa bo se tsewa jaaka seo se diragalelang fela batho ba tumelo ya Pentekosete, gone jaanong go bua ka diteme go setse go tlola melelwane ya kafa ditlhopha tsa bodumedi di neng di dira dilo ka teng mme go akaretsa Ba-Baptist, Ba-Episcopal, Balutere, Ba-Methodist, ba Kereke ya Presbyterian, le Baroma Katoliki. Boemo jwa motho fa a le mo maemong a a ntseng jalo bo ne jwa tlhalosiwa jaaka go tseega maikutlo, go tlhakatlhakana maikutlo, go nna mo maibing, le go rarega. Ebile ba bangwe ba re motho o a bo a sa kgone go laola maikutlo a gagwe. Go na le tsela nngwe e batho ba e kgatlhegelang e motho a ikutlwang ka yone fa a bua ka diteme. A go oketsega ga gone go amana le seo.
Ke ka Ntlha Yang Fa Batho Gompieno Ba Eletsa go Nna le Dineo tsa go Bua ka Diteme?
Mo bukeng ya gagwe Tongues of the Spirit, Cyril G. Williams o akantsha gore “go ikutlwa o palelwa ke go dira dilo dingwe le go eletsa go bua ka ‘diteme’ go a amana.” O go tlhalosa gore ke tsela ya go ntsha se se tletseng mo mafatlheng e e kgonang “go alafa jaaka molemo o o alafang go tshwenyega thata mo maikutlong” le “sengwe se se ritibatsang maikutlo a a ganetsanang.” Go kgobega marapo mo ditirong tsa kereke, go tshwenyega mo maikutlong, go palelwa mo selong se o se ithutang, go swelwa ke mongwe yo o mo ratang, mathata a lelapa, kana go lwala ga mongwe mo lelapeng ke dilo tse di umakilweng jaaka mabaka a a dirang gore motho a bue ka go tseega maikutlo.
Ka tsela e e tshwanang, John P. Kildahl o bolela mo go The Psychology of Speaking in Tongues gore “go tlhobaela ke sengwe se se dirang gore motho a iphitlhele a kgona go bua ka diteme.” Fa go ntse go batlisisiwa lefa batho ba ntse ba botsolodiwa ka kelotlhoko, go fitlhetswe e le gore “batho ba ba fetang 85% ba ba buang ka diteme ba ne ba ile ba tlhobaediwa ke sengwe fela thata pele ba bua ka diteme.” Ka sekai, mmè mongwe o ne a batla go bua ka diteme e le gore a tle a kgone go rapelela morwawe yo o neng a lwala a tshwerwe ke kankere. Monna mongwe o ne a simolola go bua ka diteme ka nako ya fa a ne a akabetse a ise a dire tshwetso fa a sena go bolelelwa ka go tlhatlosiwa maemo mo tirong go a neng a ka nna a go bona. Mosadi mongwe o ne a simolola go bua ka diteme mo lobakeng lwa beke morago ga gore monna wa gagwe a tsene mo mokgatlhong o o neng o thusa batho ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa gore ba kgone go bo tlogela.
Motho O Ikutlwa Jang?
Mongwe gape yo e neng e le lwa ntlha a bua ka diteme o ne a bega jaana: “Ke ne ka utlwa mmele wa me otlhe ekete o a gotela, gape ke ne ka sitwa mme ke ne ke tshologa marothodi a makima a sethitho, ke roroma ebile ke utlwa ekete ke nyera maoto.” Go na le tsela nngwe e e sa tlwaelegang e ebileng e tshosa ba bangwe e batho ba itshwarang ka yone ka nako ya fa go buiwa ka diteme. Ka sekai, “mosetsana mongwe o ne a batla a kgangwa ke mathe a gagwe fa a ne a gagamala mo setulong, molala wa gagwe o itsheegile ka sone, direthe tsa gagwe di tlhomile fa fatshe, maoto a gagwe a gagamaetse.” Ka nako nngwe fa go ne go na le kokoano ya phuthego “monna mongwe o ne a menoga a tlhoma ka tlhogo a etla a isa maoto kwa godimo, a menoga jalo go tswa sekhutlong se sengwe sa kereke go ya kwa go se sengwe.”
“Mo bathong ba bangwe,” go kwala jalo Porofesa William J. Samarin “go bua ka diteme ke boemo jo motho a tsenang mo go jone fa a kolobediwa ka Moya O O Boitshepo.” Fa ba sa dire jalo “ba bangwe ba ba dira gore ba ikutlwe ekete ba tlhaela sengwenyana.” Gape go tsewa “jaaka go arabiwa ga thapelo le go tlhomamisediwa gore Modimo o a go rata ebile o go amogetse.” Ba bangwe ba kile ba re go ba dira gore ba utlwe go rena kutlwano mo teng ga bone, ba itumetse ebile ba na le kagiso “ba ikutlwa ba na le maatla ka tsela e kgolwane” le “go ikutlwa ba ikitse gore ke bomang.”
A mokgwa wa go bua ka go tseega maikutlo tota o supa gore moya o o boitshepo o a bo o dira mo go wena? A go nna le maitemogelo a a ntseng jalo go tlhaola motho jaaka Mokeresete wa boammaaruri? A go bua ka diteme ke karolo nngwe ya kobamelo e e amogelwang gompieno? Dipotso tseno ga se tse di ka arabiwang bonolonyana fela. Ka ntlha yang? Ka gonne re batla gore Modimo o amogele kobamelo ya rona o bo o e segofatse.